Kgaolo 35

1 Modimo a raya Jakoba a re, ''Emelela, tsamaya o ye Bethele, mme o nne go ne koo. 2 O agele Modimo aletara teng, yo o goiponagaditseng fa o ne o tshabile morwaarago Esau.'' Jalo Jakobe a bolelela ba ntlo ya gagwe botlhe ba ba neng ba na le ene, "Kgaogana le medimo ya seeng e e mo go lona, iphepafatse, mme o fetole le diaparo tsa gago. 3 Jalo a re emeleleng re ye Bethele. Ke tla agela Modimo aletara teng koo, ene yo o nkarabileng mo letsatsing la khuduego, mme o sale a nna le nna gongwe le gongwe kwa ke teng.'' 4 Mme ba neela Jakobe medimo ya seeng yotlhe e e neng e le mo diatleng tsa bone, le manyena e a neng a le mo ditsebeng tsa bone. Jakobe a a epela kafa tlase ga setlhare sa mooka se se gaufi le Shekeme. 5 Ya re ba tsamaya, Modimo wa dira go re ketsaetsego e fologele mo ditoropong tse di mo tikologong ya bone, ka jalo batho bao ba seka ba latela barwa ba ga Jakobe. 6 Mme Jakobe a goroga kwa Lusa (ke go re, Bethele), yo o leng mo lefatsheng la Kanana, ene le batho botlhe ba a neng a na le bone. 7 A aga aletare gone foo mme a e bitsa leina a re El Bethele, ka gonne Modimo o ne wa mo itshenolela teng foo fa a ne a tshabile morwarraagwe. 8 Debora, mmelegi wa ga Rebeka a swa. O ne a fitlhwa ka fa tlase ga setlhare sa mooka kwa borwa ja Bethele, mme lefelo la bitswa Alone Bakuthe. 9 E rile fa Jakobe a goroga go tswa Patane Arame, Modimo wa iponagatsa kwa go ene gape mme a mo segofatsa. 10 Modimo a mo raya a re, ''Leina la gago ke Jakobe, mme ga o na go tlhola o bidiwa Jakobe. Leina la gago e tla nna Iseraele.'' Jalo Modimo wa bitsa leina la gagwe Iseraele. 11 Modimo wa mo raya wa re, ''Ke Modimo Mothatayotlhe. Ungwa mme o oketsege. Tshaba le ditshaba di tla tswa mo go wena, mme bangwe ba ditshika tsa gago e tla nna dikgosi. 12 Lefatshe le ke le fileng Aborahame le Isake, ke tla le go fa. Le ditshika tse di tla tlang morago ga gago le tsone ke tla di fa lefatshe." 13 Modimo wa katoga mo go ene o sena go bua le ene. 14 Jakoba a tlhoma pilara mo lefelong le Modimo o neng o buile le ene teng, pilara ya letlapa. A tshela tshupelo ya seno mo go yone le leokwane mo godimo ga yone. 15 Jakobe a bitsa lefelo le Modimo o buileng le ene teng, a re Bethele 16 Ba tsamaya ba tswa mo Bethele. Ya re ba santse ba le kgakajana le Ephirathe, Ragele a tsena mo ditlhabing. A nna le ditlhabi tse di tseneletseng. 17 Ya re a le mo ditlhabing tse di tseneletseng, mmelegisi a mo raya a re, ''Se boife, ka jaanong o tla tshola ngwana o mongwe wa mosimane''. 18 Ya re a le mo motsotsong wa bofelo wa loso a raya ngwana leina a re Bene-Oni, mme rraagwe a mmitsa Benjamine. 19 Ragele a swa mme a fitlhwa mo tseleng e e yang Ephirathe (ke go re, Bethelehema). 20 Jakobe a tlhoma sehikantswe mo phuphung ya gagwe. Ke yone e supang phuphu ya ga Ragele le jaanong. 21 Iseraele a tsamaela kwa pele mme a tlhoma tante ya gagwe kgakala le kago ya tebelo ya letsomane. 22 Erile fa Iseraele a santse a agile mo lefatsheng leo, Rubene a robala le Beliha yo o iphatlhang le rragwe, mme Iseraele aultwa kgang eo. Jaanong Jakobe o ne a na le barwa ba le lesome le bobedi. 23 Bomorwawe ba a ba tshotseng le Leya e ne e le Rubene, morwa Jakoba wa ntlha, le Simeyone, Lefi, Juta, Isakare, le Sebulone. 24 Bomorwawe ba a ba tshotseng le Ragele e ne e le Josefa le Benjamine. 25 Ba a ba tshotseng le Bileha, motlhankagadi wa ga Ragele, ya bo e le Dan le Nafitale. 26 Bomorwawe Silepa, motlhankagadi wa ga Laya, e ne e le Gade le Ashere. Bao botlhe e ne e le bomorwawe Jakobe ba a ba tsholetseng kwa Padane Arame. 27 Jakobe a tla kwa go Isake, rragwe, ba le kwa Mamere kwa Kiriathe Areba (ke gore Heberone), kwa Aberahame le Isake ba kileng ba bo agile teng. 28 Isake a tshela dingwaga tse di lekgolo le masome a ferang bobedi. 29 Isake a neela mowa a swa, mme a robatswa le borraagwe, a le monnamogolo yo o tshidileng dingwaga tse di tletseng. Esau le Jakobe, bomorwaawe, ba mo fitlha.