Kgaolo 34

1 Jaanong Daena, morwadie Leya yo a mo tsholetseng Jakoba, a ya go kopana le makgarejwana a motse. 2 Shekeme morwaa Hamore wa Mohite, kgosana ya motse, a mmona. A mo tsaya mme a robala le ene, a mo itshekolola. 3 O ne a kgatlhegetse Daena, morwadia Jakoba. A rata morweetsana mme bua le ene ka matsetseleko. 4 Shekeme a bua le rraagwe Hamore, a re, ''Mpatlele morweetsana yo go nna mosadi wa me.'' 5 Jaanong Jakoba a utlwa fa a itshekolotse Daena yo e leng morwadie. Bomorwaawe ba bo ba disitse letsomane mo nageng, mme Jakoba a itshwara go fitlhelela ba goroga. 6 Hamore rraagwe Shekeme a ya kwa go Jakoba go bua le ene. 7 Bomorwaa Jakoba ba goroga batswa kwa nageng mme ba utlwa ka kgang e. Banna ba kgopisega. Ba ne ba tenega fela thata ka go ba a tlhabisitse Iseraele ditlhong ka go robala le morwadie Jakoba, ka gonne selo sa go nna jalo se ne se sa tshwanela go ka diragala. 8 Hamore a bua le bone a re, ''Morwake Shekeme o rata morwadio. Ke a kopa, mo mo rebolele go nna mosadi wa gagwe. 9 Nyalang le rona, lo re rebolele bomorwaloa, mme le lona lo tsee bomorwaarona. 10 Le tla tshela le rona, le lefatshe le tla lo bulegela go go aga le go gweba mo go lone, le go rua dithoto. 11 Shekeme a raya rraagwe a re le bokgaitsedie a re, ''Ake bone thekegelo mo matlhong a lona, mme sengwe le sengwe se lo se ntopang ke tla se ntsha. 12 Ntopeng bogadi jwa tlhwatlhwa kgolo le dimpho tse lo ka di batlang, mme ke tla lo neela sengwele sengwe se lo se batlang mogo nna, mme fela lo nthebolele morweetsana go nna mosadi wa me.'' 13 Bomorwa Jakoba ba araba Shekeme le Hamore ke bofitlha, ka go nne Shekeme o ne a itshekolotse kgaitsadiabone. 14 Ba mo raya ba re, ''Ga re kake ra dira selo seo, go neela kgaitsadiarona ope fela yo o sa rupang go nne seo e ka nna matlhabisaditlong mo go rona. 15 Re ka dumela fela fa go ka nna jaana: fa fela lo ka rupa jaaka rona, fa monna mongwe le mongwe mo go lona a ka rupa. 16 Ke gone fela jalo re ka lo neelang kgaitsadiarona, mme gape ke gone re ka itseelang barwadialona, le go tshela le lona go nna batho ba le bangwefela. 17 Mme fela fa lo sa re reetse lwa rupisiwa, re tla tsaya kgaitsadiarona re bo re tsamaya.'' 18 Mafoko a bone a itumedisa Hamore le morwawe Shekeme. 19 Lekolwane la seka la dia nako go dira se ba se le se lopilweng, ka gonne o ne a itumelela Morwadia Jakoba, le go bo e ne e le ene yo ratilweng thata mo lelwapeng la ga rraagwe. 20 Hamore le Shekeme morwawe ba ya kwa kgorong ya motse mme ba bua le banna ba motse wa bone, ba re, 21 ''Banna ba ba mo kagisong le rona, mme ba tlogeleng ba nne mo lefatsheng mme gape ba dire dikgwebo mo go lone, ka ruri, lefatshe le ba bulegeletse fela thata. A re nyaleng barwadiabone, mme le bone re ba rebolele go nyala barwadiarona. 22 Ke fela fa re ka diragatse se go re ba nne le rona mme ra nna batho ba le bangwe fela: fa monna mongwe le mongwe mo go rona a ka rupisiwa, ka le bone ba rupisitswe. 23 A leruo la bone le dithoto - le diphologolo tsa bone tsotlhe le ka se nne la rona? Ka jalo a re dumalaneng le bone, mme ba tla nna mo gare ga rona.'' 24 Banna botlhe ba motse ba reetsa Hamore le Shekeme, morwawe. Monna mongwe le mongwe a rupisiwa. 25 Mo letsatsing la boraro, ba santseba le mo botlhokong, bomorwaaJakoba ba babedi (Simeyone le Lefi), mongwe le mongwe tsaya tshaka ya gagwe a tlhasela motse o neng o sena basireletse, mme ba bolaya banna botlhe fela. 26 Ba bolaya Hamore le morwawe Shekeme ka tshaka. Ba ntsha Daena mo go ba ntlo ya ga Shekeme mme ba tsamaya. 27 Bomorwa Jakoba ba bangwe ba goroga kwa direpeng mme ba itseela sengwe le sengwe mo motseng, ka gonne batho ba ne ba itshekolotse kgaitsadiabone. 28 Ba itseela letsomane, dikgomo, ditonki tsa bone, le sengwe le sengwe mo motseng le masimong a a mabape 29 le dikhumo tsotlhe. Bana ba bone le basadi ba bone ba ba gapa. Ba gapa sengwe le sengwe se se mo mantlung. 30 Jakoba a raya Simeyone le Lefi a re, ''Le ntsiseditse mathata, le ntirile go re ke nkgele baagisanye, Bakanana le Baperise. Ke mmotlana ka palo. Fa ba ka ikopanya kgatlhanong le nna mme ba ntlhasela, ke tla nyelediwa, nna le ba ntlo ya me.'' 31 Mme Simeyone le Lefi ba mo fetola ba re, ''A Shekeme o ne a tshwanetse go dira kgaitsadiarona go nna jaaka ekete ke seaka?''