Kgaolo 33

1 Yare Jakobe a tsholetsa matlho, mme bonang Esau one a tla ka banna bale 400. Jakobe a kgaoganya bana ba gagwe ka Lea, Ragele le batlhanka ba babedi ba basadi. 2 Mme a baya batlhanka ba basadi le bana ba bone kwa pele, ba salwa morago ke Lea le bana ba gagwe, Ragele le Josefa ba le ko morago ga bone. 3 Ene ka nosi a tsamaya ko pele ga bone botlhe. A obama ga supa fa fatshe, go fitlhela a le gaufi le morwa rraagwe. 4 Esau a mo tabogela go mo kopantsha, a mo tlamparela, a atla thamo ya gagwe mme ba lela. 5 Fa Esau a tsholetsa matlho a bona basadi le bana. A re,''batho ba ke bomang ba o nang le bone? Jakobe a re,'' ke bana ba Modimo a segofaditseng motlhanka wa gago ka bone''. 6 Jaanong batlhanka ba basadi le bana ba bone, ba atamela ba obama. 7 Ga latela Lea le bana ba gagwe ba atamela ba obama. Labofelo Ragele le Josefa ba atamela ba obama. 8 Esau a botsa a re,''o raa eng ka mephato e ke kopaneng le yone? Jakobe a re,''gore ke bone botsalano fa pele ga mong me.'' 9 Esau a re,''morwarre, ke na le mo go lekanyeng, a se onang naso e nne sa gago''. 10 Jakobe a re,''nnyaa fa ke bone botsalano mo matlhong a gago, amogela mpho e e tswang mo lebogong lame, ka gore ke bone sefatlhego sa gago jaaka ekare ke bone sefatlhego sa Modimo, mme gape o nkamogetse. 11 Tswee tswee amogela mpho e kego e tsiseditseng, ka gore Modimo o ntshegofaditse, ke na le mo go lekaneng.'' Jakobe a mo kopa, mme Esau a amogela mpho. 12 Mme Esau a re,''a re tsamaeng, ketla le etelela pele''. 13 Jakobe a mo raa a re,''mong wame o a itse fa bana ba santse ba le bannye, le dinku le dikgomo di santse di amusa bana ba tsone. Fa di ka gatelelwa thata letsatsi le le lengwe fela, tsotlhe diruiwa di ka swa. 14 Tswee tswee a mong wame a tsamaele ko pele ga montlhanka wa gagwe. Nna ke tla a tla ke iketlile, ka fa diruiwa di tsamayang ka teng, le ka fa bana ba tsamayang ka teng go fitlhela ke goroga ko go mong wame ko Seire''. 15 Esau a re, ''mma ke tlogele bangwe banna ba kenang le bone''. Mme Jakobe a re, ''ke eng o dira se, ke setse ke bone tshegofatso fa pele ga mong wame''. 16 Lone letsatsi leo Esau a simolola mosepele wa go boela ko Siere. 17 Jakobe a tsamaela ko Sukothe, a ikagela ntlo, a agela diruiwa tsa gagwe masaka. Ke sone se lefelo le bidiwang Sukothe. 18 Fa Jakobe a tswa ko Phathana Arame, a goroga ka tshireletsego mo toropong ya Sekeme, e e mo lefatsheng la Kanana. A thibelela gaufi le toropo. 19 A reka lefatshe le a neng a tlhomile motlaagana mo go lone mo go bo morwa Hamore rraagwe Segema, ka dipapetlana tse di lekgolo tsa selefera. 20 Ka jalo a aga sebeso a se bitsa El Elone Iseraele.