Kgaolo 48

1 Go ne ga diragala morago ga dilo tse, gore mongwe a reye Josefa a re, ''Bona, rraago o a lwala.'' Jalo a tsaya barwae ba babedi, Manase le Iforeimi. 2 Fa Jakoba a bolelelwa gotwe, ''Bona, morwao Josefa o gorogile go go bona,'' Iseraele a tlelwa ke maatla a nna ka marago mo bolaong. 3 Jakoba a raya Josefa a re, ''Modimo Mothatayotlhe o ne a imponagaletsa kwa Luse kwa lefatsheng la Kanana. O ne a ntshegofatsa 4 mme a nthaya a re, 'Bona, ke tla go ungwisa ke bo ke go ntsifatsa. Ke tla go dira kokoano ya merafe. Ke tla neela bana ba gago lefatshe le go nna la bone ka bosakhutleng.' 5 Mme jaanong barwao ba babedi, ba o ba tsholetsweng mo lefatsheng la Egepeto pele ke tla kwa go wena mo Egepeto, ke ba me. Iforeimi le Manase e tla nna ba me, fela jaaka Rubene le Simeone e le ba me. 6 Bana ba o tla nnang le bone fa morago ga bone e tla nna ba gago; ba tla balwa le barwarraabone mo bosweng jwa bone. 7 Mme fa e le nna, fa ke ne ke tswa Patane, ka kutlobotlhoko Ragele o ne a swela mo lefatsheng la Kanana mo tseleng, go santse go setse sekgala go ya kwa Eforatha. Ke ne ka mmoloka koo mo tseleng go ya Eforatha''(ke gore, Bethelehema). 8 Fa Iseraele a bona barwa Josefa, a re, ''Ke ba ga mang ba?'' 9 Josefa a raya rraagwe a re, ''Ke barwaake, ba Modimo a ba nneetseng fa.'' Iseraele a re, ''Ba tsise kwa go nna, ke tle ke ba segofatse.'' 10 Jaanong matlho a ga Iseraele a ne a fifetse ka lebaka la botsofe jwa gagwe, jalo o ne a sa kgone go bona. Jalo Josefa a ba tsisa gaufi le ene, a ba atla a bo a ba tlamparela. 11 Iseraele a raya Josefa a re, ''Ke ne ke sa solofele go ka bona sefatlhego sa gago gape, mme Modimo o ntetleletse le gone go bona bana ba gago tota.'' 12 Josefa a ba ntsha mo gare ga mangole a ga Iseraele, mme a obega a inamiseditse sefatlhego sa gagwe fa fatshe. 13 Josefa a ba tsaya ka bobedi, Iforeimi ka seatla sa gagwe sa moja a mo isa kwa seatleng sa molema sa ga Iseraele, le Manase ka seatla sa gagwe sa molema go mo isa kwa seatleng sa moja sa ga Iseraele, a ba atametsa fa go ene. 14 Iseraele a otlolola seatla sa gagwe sa moja mme a se baya mo tlhogong ya ga Iforeimi, yo monnye, mme seatla sa gagwe sa molema a se baya mo tlhogong ya ga Manase. O ne a fapaanya matsogo a gagwe, gonne Manase e ne e le motsalwapele. 15 Iseraele a segofatsa Josefa, a re, ''Modimo yo borre Aborahamo le Isaka ba tsamaileng fa pele ga gagwe, Modimo yo o ntlhokometseng go fitlha mo letsatsing le, 16 moengele yo o ntshireleditseng mo tshenyegong yotlhe, a a segofatse basimane ba. A leina la me le umakwe mo go bone, le leina la borre Aborahamo le Isaka. A ba gole go nna matshwititshwiti a batho mo lefatsheng.'' 17 Fa Josefa a bona rraagwe a baya seatla sa gagwe sa moja mo tlhogong ya ga Iforeimi, ga se ka ga mo itumedisa. A tsaya seatla sa ga rraagwe go se tlosa mo tlhogong ya ga Iforeimi go se isa kwa tlhogong ya ga Manase. 18 Josefa a raya rraagwe a re, ''E seng jalo, rre; gonne yo ke motsalwapele. Baya seatla sa gago sa moja mo tlhogong ya gagwe.'' 19 Rraagwe a gana, a re, ''Ke a itse, morwaaka, ke a itse. Le ene o tla nna batho, gape o tla nna mogolo. Le fa go ntse jalo monnawe o tla nna mogolo go mo feta, le bana ba gagwe ba tla nna matshwititshwiti a merafe.'' 20 Iseraele a ba segofatsa mo letsatsing leo ka mafoko a, ''Batho ba Iseraele ba tla bua ditshegofatso ka maina a lona ba re, 'A Modimo a go dire jaaka Iforeimi, le jaaka Manase.''' Ka tsela e, Iseraele a baya Iforeimi kwa pele ga ga Manase. 21 Iseraele a raya Josefa a re, ''Bona, ke gaufi le go swa, mme Modimo o tla nna le lona, ebile o tla le busetsa kwa lefatsheng la borraeno. 22 Wena ka gore o kwa godimo ga barwarraago, ke go neela mhapha wa thaba o ke o tsereng mo Baamoring ka tshaka ya me le bora jwa me.''