Kgaolo 31

1 Jaanong Jakoba o ne a utlwa mafoko barwa Labane, ba re, ''Jakoba o tsere tsotlhe tse e neng e le tsa ga rraarona, ebile o nnile le khumo ka dithoto tsa ga rraarona.'' 2 Jakoba a leba sefatlhego sa ga Labane. A bona gore maitsholo a gagwe mo go ene a fetogile. 3 Foo Modimo a raya Jakoba a re, ''Boela kwa lefatsheng la borraago le kwa masikeng a gago, mme ke tla nna le wena.'' 4 Jakoba a roma mongwe a biletsa Ragele le Lea kwa tshimong ya letsomane la gagwe 5 mme a ba raya a re, ''Ke bona gore maitsholo a ga rraalona mo go nna a fetogile, mme Modimo wa ga rre o ntse a na le nna. 6 Le a itse gore ke diretse rraalona ka thata ya me yotlhe. 7 Rraalona o ntsieditse mo a fetotseng dituelo tsa me ga lesome, mme Modimo ga a a ka a mo letlelela go nkutlwisa botlhoko. 8 Fa a rile, 'Diphologolo tse dithamaga e tla nna dituelo tsa gago,' foo letsomane lotlhe la tsala tse dithamaga. Mme fa a re, 'Tse ditilodi di tla nna dituelo tsa gago,' letsomane la tsala tse ditilodi. 9 Ka tsela eModimo o tsere diruiwa tsa ga rraalona a di nneela. 10 Nako nngwe ka paka e diphologolo di tsalang ka yone, ka bona mo torong diphoko tse di neng di gwela letsomane. Diphoko e ne e le tse ditilodi, tse dithamaga, le tse dikgweba. 11 Moengele wa Modimo a nthaya mo torong a re, 'Jakoba.' Ka re, 'Ke fano.' 12 A re, 'Tsholetsa matlho a gago o bone diphoko tse di palamang letsomane. Di dithamaga, ditilodi le bokgweba, gonne ke bone sengwe le sengwe se Labane a se go dirang. 13 Ke Modimo wa Bethele, kwa o tloditseng pilara teng, kwa o inkanetseng teng. Jaanong emelela o tswe mo lefatsheng le, o boele kwa lefatsheng le o tsaletsweng mo go lone.''' 14 Ragele le Lea ba araba ba mo raya ba re, ''A go na le kabelo epe kgotsa boswa jwa rona mo ntlong ya ga rraarona? 15 A ga a re tseye jaaka batswakwa? Gonne o re rekisitse a bo a ja madi a rona gotlhegotlhe. 16 Ka jalo dikhumo tsotlhe tse Modimo a di tsereng mo go rraarona jaanong ke tsa rona le bana ba rona. Jaanong , sepe se Modimo a se go boleleltseng, se dire.'' 17 Foo Jakoba a emelela a pega barwae le basadi ba gagwe mo dikameleng. 18 A gatelela leruo la gagwe go tsamaya kwa pele ga gagwe, mmogo le dithoto tsotlhe tsa gagwe, a akaretsa leruo le a le bapetseng mo Patane Aramo. Foo a bothologa go ya kwa go Isaka rraagwe kwa lefatsheng la Kanana. 19 Fa Labane a santse a ile go beola dinku, Ragele a utswa medimo ya gae ya ga rraagwe. 20 Jakoba le ene o ne a tsietsa Labane wa Moaramo, ka go sa mmoleleleng gore o a tsamaya. 21 Jalo a tshaba ka tsotlhe tse a nang le tsone mme ka bofefo a kgabaganya noka, mme a tsamaela ntlheng ya lefatshe la dithaba la Gileate. 22 Ka letsatsi la boraro Labane a bolelelwa gore Jakoba o tshabile. 23 Jalo a tsaya ba lesika la gagwe a mo latela mo moepeleng wa matsatsi a supa. A mo tshwara mo lefatsheng la dithaba la Gileate. 24 Jaanong Modimo a tla kwa go Labane wa Moaramena mo torong bosigo a mo raya a re, ''Ela tlhoko gore o bua le Jakoba molemo kgotsa bosula.'' 25 Labane a tshwara Jakoba. Jaanong Jakoba o ne a tlhomile tente mo lefatsheng la dithaba. Labane le ene a kampa le ba lesika la gagwe mo lefatsheng la dithaba la Gileate. 26 Labane a raya Jakoba a re, ''O dirileng, mo o ntsieditseng wa bo wa tsaya barwadiake jaaka magolegwa a ntwa? 27 Ke eng o tshabile mo sephiring mme wa se ka wa mpolelela? Ke ka bo ke go laetse ka boipelo le dipina, ka meropana le diharepa. 28 Ga o a ntetlelela go atla bana banake le barwadiake ke ba laela. Jaanong o dirile boeleele. 29 Go mo thateng ya me gore ke go utlwise botlhoko, mme Modimo wa ga rraago o buile le nna bosigo jo bo fetileng a re, 'Ela tlhoko gore o bua le Jakoba molemo kgotsa bosula.' 30 Jaanong o tsamaile ka gore o tlhoafaletse ntlo ya ga rraago mo go golo. Mme ke eng o utswitse medimo ya me?'' 31 Jakoba a araba a raya Labane a re, ''Ka gore ke ne ke boifa ke ne ka akanya gore o tla tsaya barwadio mo go nna ka dikgoka ke ne ka tsamaya mo sephiring. 32 Ope yo o utswitseng medimo ya gago ga a na go tswelela a tshela. Mo bolengteng jwa ba masika a rona, kaya sepe se se mo go nna se e leng sa gago mme o se tsee.'' Gonne Jakoba o ne a sa itse gore Ragele o e utswitse. 33 Labane a tsena mo tenteng ya ga Jakoba, mo tenteng ya ga Lea, le mo tenteng ya batlhanka ba basadi, mme a se ka a e bona. A tswa mo tenteng ya ga Lea mme a tsena mo tenteng ya ga Ragele. 34 Jaanong Ragele o ne a tsere medimo ya gae, a e tsenya mo saleng ya kamela, mme a nna mo godimo ga yone. Labane a batla mo tenteng yotlhe, mme a se ka a e bona. 35 A raya rraagwe a re, ''O se ka wa tenega, mong wa me, fa ke sa kgone go ema ka dinao fa pele ga gago, gonne ke mo setswalong.'' Jalo o ne a batla mme a se ka a bona medimo ya gae ya gagwe. 36 Jakoba o ne a tenega a bo a nganga le Labane. A mo raya a re, ''Molato wa me ke eng? Boleo jwa me ke eng, mo o ntshetseng morago go le kana? 37 Gonne o batlile mo dithotong tsotlhe tsa me. O bone eng se e leng sa dithoto tsa ntlo ya gago? Se beye fa pele ga ba lesika la rona, gore ba tle ba atlhole fa gare ga bobedi jwa rona. 38 Ke nnile le wena dingwaga tse 20. Dinku tse di namagadi tsa gago le dipodi tsa gago ga di a folotsa, ga ke a ja dikonyana dipe mo matsomaneng. 39 Se se neng se gagotswe ke dibatana ga ke a se tsisa kwa go wena. Boemong jwa moo, ke dirile tatlhegelo ya me. O ne o tlhola o ntlama go duelela seruiwa sengwe le sengwe se timelang, a se utswitswego le bosigo kgotsa se utswitswe motshegare. 40 Ke ne ke le foo; mo letsatsing mogote o nja, le serame bosigo; ke tlhoka boroko. 41 Dingwaga tse 20 tse ke ne ke le mo ntlong ya gago. Ke go bereketse dingwaga tse 14 ke berekela barwadio, le dingwaga tse 6 ke berekela letsomane. O fetotse dituelo tsa me ga lesome. 42 Fa e ne e se gore Modimo wa ga rre, Modimo wa ga Aborahama, ene yo Isaka a mmoifang, o ne a na le nna, e le ruri jaanong o ka bo o nthometse gae ke sa tshola sepe. Modimo o bone kgatelelo ya me le ka fa ke berekileng ka thata ka teng, mme a go kgalema bosigo jo bo fetileng.'' 43 Labane a araba a raya Jakoba a re, ''Brwadi ba ke barwadiake, bana ba bana ke bana ba bongwanake, mme matsomane ke matsomane a me. Tsotlhe tse o di bonang ke tsa me. Mme letsatsi leno ke ka direla barwadiake ba eng, kgotsa bana ba ba bone ba ba ba tshotseng? 44 Jalo, a re dire kgolagano, wena le nna, mme a e nne bosupi fa gare ga gago le nna.'' 45 Jalo Jakoba a tsaya letlapa a le tlhoma go nna pilara. 46 Jakoba a raya ba lesika la gagwe a re, ''Kgobokanyang matlapa.'' Jalo ba tsaya matlapa ba dira mokoa. 47 Labane a o bitsa Jegara Saha Dutha, mme Jakoba a o bitsa Galeete. 48 Labane a re, ''Mokoa o ke mosupi fa gare ga me le wena letsatsi leno.'' Jalo he leina la one ya nna Galeete. 49 Gape o bidiwa Misepha, ka gore Labane o ne a re, ''A Modimo a ntebe a bo a go lebe, fa re sa bonane ka matlho. 50 Fa o sotla barwadiake, kgotsa o fa o tsaya basadi bape ntleng le barwadiake, ntswa go sena ope yo o nang le rona, bona, Modimo ke mosupi fa gare ga me le wena.'' 51 Labane a raya Jakoba a re, ''Leba mokoa o, gape leba pilara, e ke e tlhomileng fa gare ga gago le nna. 52 Mokoa o ke mosupi, le pilara ke mosupi, wa gore ga ke na go tlolela mokoa o kwa go wena, le gore ga o na gotlolela mokoa o le pilara e kwa go nna, go nkutlwisa botlhoko. 53 A Modimo wa ga Aborahamo, le modimo wa ga Nahore, medimo ya ga rraabone, e atlhole fa gare ga rona.'' Jakoba a ikana ka Poifo ya ga Isaka rraagwe. 54 Jakoba a ntsha setlhabelo mo godimo ga thaba mme a bitsa ba lesika la gagwe go ja dijo. Ba ja ba bo ba nna bosigo jotlhe kwa godimo ga thaba. 55 Makuku mo mosong Labane a tsoga, a atla bana ba bana ba gagwe le barwadie a bo a ba segofatsa. Foo Labane tsamaya a boela gae.