Kgaolo 30

1 Fa Ragele a bona gore ga a kgona go tsholela Jakoba bana, Ragele a fufegela mogolowe. A raya Jakoba a re,'' ntshodise bana, e seng jalo ke tla a swa.'' 2 Jakoba a galefela Ragele.A re,'' A ke Modimo nna, yo o go dirileng gore o seka wa nna le bana?'' 3 A re,'' Beliha motlhanka wame ke yo, tsena ko go ene gore a tle a ntsholele bana, mme e tla a nna bongwanake.'' 4 Jalo a mo neela motlhanka wa gagwe Beliha jaaka mosadi, Jakoba a robala le ene. 5 Beliha a ima a tsholela Jakoba ngwana wa mosimane. 6 Jalo Ragele a re,'' Modimo o mpueleletse o utlwile lentswe lame, a nneela ngwana wa mosimane.'' Ka lebaka leo a bitsa ngwana leina a re Tane. 7 Beliha, motlhanka wa ga Ragele, a ima gape, a tsholela Jakoba ngwana wa mosimane wa bobedi. 8 Ragele a re,'' ke lole thata le mogolole mme ka fenya.'' A raya ngwana leina a re Nafetale. 9 Fa Lea a lemoga fa a setse a feditse tsholo, a tsaya 10 Selipa, motlhanka wa gagwe a mo neela Jakoba jaaka mosadi. Selipa, motlhanka wa ga Lea, a tsholela Jakoba morwa. 11 Lea a re ,'' se ke lesego!'' mme a bitsa ngwana Gate. 12 Selipa motlhanka wa ga Lea, a tsholela 13 Jakoba ngwana wa bobedi. Lea a re,'' ke itumetse! ka gore bomorwadiake ba tla mpitsa boitumelo. Jalo a mmitsa a re,'' Ashere.'' 14 E rile ka nako ya thobo ya mabele Rubene a fitlhela maungo a moratiso mo tshimong.A a tlisa kwa go Lea mmagwe. Ragele a raya Lea a re,'' mpha bontlha bongwe jwa maungo a moratiso a ngwana wa gago.'' 15 Lea a mo raya a re,'' A ke selo se se nnye mo go wena, gore o tsere monna wame? a jaanong o batla go tsaya moratiso wa ngwanake gape?'' Ragele a re,''mpha bontlha bongwe jwa moratiso wa ngwana wa gago,nna ketla go letlelela go lala le ene bosigo jono''. 16 Mo maitseboeng fa Jakoba a tswa kwa tshimong, Lea a ya go kopana le ene a mo raya a re,'' o tshwanetse go tla go lala le nna, ka gore ke go thapile ka maungo a moratiso a ngwanake.'' Jakoba a robala le Lea bosigo joo. 17 Modimo a utlwa Lea, mme a ima a tshola ngwana wa botlhano. 18 Lea a re,'' Modimo o nneetse tuelo yame, ka gore ke neetse motlhanka wame wa mosadi monna wame. A mmitsa leina a re,'' Isaka'' 19 Lea a ima gape ngwana wa mosimane wa borataro wa ga Jakoba. 20 Lea a re,'' Modimo o nneetse mpho e e molemo. Jaanong monna wame o tla mpha tlotla, ka lebaka la gore ke mo tsholetse barwa ba le barataro.A mmitsa leina a re Selulane. 21 Morago ga foo a tshola ngwana wa mosetsana a mmitsa leina a re Dina. 22 Modimo a gakologelwa Ragele, a mo utlwa. A dira gore a ime. 23 A ima mme a tshola ngwana wa mosimane. A re,'' Modimo o tlositse matlhabisa ditlhong a me.'' 24 A mmitsa leina a re Josefa, go raya gore, ''Modimo o nkokeleditse ka ngwana wa mosimane.'' 25 Morago ga go tsholwa ga ga Josefa ke Ragele, Jakobe a kopa Labane a re, ''nkgolole gore ke tle ke kgone go ya kwa ntlong yame le kwa lefatsheng lame. 26 Nneela basadi bame le bo ngwanake ba ka bone ke neng ke go direla, ntetlelela ke tsamaye gonne o itse ka fa ke go diretseng ka teng.'' 27 Labane a mo raya a re, ''fa e le gore ke bone letlhogonolo mo go wena, ke dirisitse bola go bona gore letlhogonolo le o le boneng le ke ka ntlha yame.'' 28 Mme a mo raya a re, ''o batla ke go duela bokae ke tla go duela.'' 29 Jakoba a mo raya a re, ''o itse ka fa ke go diretseng ka teng, le ka fa letsomane la gago le ntsifetseng ka teng. 30 O ne o na le go le gonnye pele ga ke tla, mme go oketsegile thata. Modimo o go segofaditse mo go sengwe le sengwe se ke se go diretseng. Jaanong nna ke tla direla ba ntlo yame leng?'' 31 Labane a botsa a re, ''ke tla go duela ka eng?'' Jakoba a re, ''se ntuele ka sepe. Ka jaana fa o ntuela ke tla boa gape ke tswelela ka go jesa le go tlhokomela letsomane la gago. 32 Mpha tetla ya go ralala letsomane la gago gompieko, mme ke tseye mo go lone dinku tse di dibatabata le tse dintsho le dipodi tse di dibatabata. Moo e tla nna yone tuelo yame. 33 Jalo seriti same se tla ntshupela mo lebakeng le le tlang, fa o tla go lekola dituelo tsame. Letsomane le le senang dibatabata le le senang mebalabala, le dinku tse di ntsho, fa o di fitlhela mo go nna go tla supafala fa ke di utswile. 34 Labane a re, ''ke a dumela, a gonne fela jaaka o buile.'' 35 Ka letsatsi leo Labane a ntsha dipodi tsa diphoko tse di ngolo le tse di kgweba, le tse di namagadi tse di ngolwana le tse di kgwebana le tsotlhe tse di nang le bosweu, dinku tse di ntsho, mme a di neela barwa wa gagwe. 36 Labane a baya selekanyo sa loeto sa malatsi a le mararo fa gare ga gagwe le Jakobe. Jakobe a fudisa letsomane le le setseng la ga Labane. 37 Jakoba a tsaya dikala tse di sa omelelang tsa mopopelara le tsa alemonte le tsa setlhare sa morolwana, a di betla gore di bonatse bosweu mo go tsone. 38 A tlhoma dithupa tse a di betlileng fa pele ga letsomane, le fa pele ga mekoro ya metsi fa letsomane le nwang teng. Mme letsomane la dusa fa le tla go nwa metsi. 39 Letsomane la tsala fa pele ga dithupa tse, mme la tsala dipotsane le dikonyana tse di ntsho le tse di ngolwana. 40 Jakoba a tlhaola dikonyana tse, mme a dira gore tse dingwe di lebe kwa letsomaneng le le ngolo mme tse di ntsho tsotlhe kwa go Labane. A tlhaola letsomane la gagwe a seka a le tlhakanya le la ga Labane 41 Ene e tle e re fa letsomane le dusa, tse di nonofileng go feta tse dingwe mo letsomaneng, Jakoba a baya dithupa tse di betlilweng fa pele ga matlho a tsone le fa mekorong ya metsi, gore ditle di dusetse mo dithupeng tse. 42 Mme fa letsomane le le sa nonofang sentle le tla, a seke a beye dithupa. Jalo tse di sa nonofang sentle, e nne tsa ga Labane. Tse di nonofileng e nne tsa ga Jakoba. 43 Monna yo, a huma thata. A nna le letsomane le legolo thata, le malata a basadi le a banna, dikammela le ditonki.