Kgaolo 27

1 Fa Isake a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa botsofe matlho a gagwe a ne a hihala mme a seka a bona, a bitsa Esau, ngwana wa a gagwe wa mosimane wa ntlha a mo raya a re,''morwa wame.'' ke nna yo,'' 2 mme Isake a re,''bona fa, nna ke tsofetse. Ga ke itse letsatsi la leso lame. 3 Mme ka jalo tsaya dibetsa tsa gago, bora le motswi, a bo o ya go ntsomela phologolo. 4 O ntirele dijo tse di monate, tsa mefuta o ke o ratang, o bo o di tisa kwa go nna gore ke dije ke bo ke go segofatsa pele le tlhokafala.'' 5 Mme ka jalo Rabeka a utlwa Isake fa a bua le morwa wa gagwe Esau. Esau a tsamaya a ya go mo tsomela nama ya phologolo a bo a e tisa. 6 Rabeka a bua le morwa wa gagwe Jakoba a re,'' bona fa, ke utlwile rre rrago a bua le Esau morwa rrago. A re, 7 Ntisetsa nama ya phologolo o bo o ntirela dijo tse di monate, gore ke je ke be ke go segofatsa mo boleng teng jwa morena pele ke tlhokafala.'' 8 Mme le fa go ntse jalo, ngwanaka, obamela taelo yame. 9 Tsamaya kwa letsomaneng, o ntlele dipotsane tse pedi tse di nonneng, mme go tsweng mo go tsone.ke tlaa direla rre rrago dijo tse di monate, fela jaaka a di rata. 10 O tlaa di isa kwa go rrago, gore a je, gore a tle a go segofatsepele ga loso la gagwe.'' 11 Jakobe a ra ya Rabeka e bong mme mmaagwe,'' Esau nkgonne ke motho yo o moriri mme nna ke borethe. 12 Gongwe ntate o tlaa nkama, gape ke tlaa lebega mo go ene ke le motsietsi. Ke tla a itisetsa photso mo botshelong jwame eseng tshegofatso. 13 Mme mmaagwe a mo raya a re,''Morwa wame a phutso ngwe le ngwe e wele nna. Wena obamela lentswe lame, mme o tsamae , ba tise kwa go nna. 14 Ka jalo Jakobe a tsamaya a ya go tsaya dipotsane a di tisa kwa go mme mmaagwe, mme a apaya dijo tse di monate, fela jaaka rraagwe a di rata. 15 Rabeka a tsaya diaparo tsa ga Esau tsa manobonobo, ebong morwa wa gagwe wa ntlha, tse a neng a na le tsone mo ntlong, a bo a di apesa Jakobe, morwa wa gagwe yo o mmotlana. 16 A baya matlalo a dipotsane mo diatleng le mo letlhakoreng le le borethe la molala wa gagwe. 17 A tsaya dijo tse di monate a di baya le borotho jo a neng a bo apeile mo diatleng tsa morwa wa gagwe Jakoba. 18 Jakoba a ya kwa go rraagwe a mo yara a re,''Ntate. ''Rraagwe a re, ''Ke nna yo ke hano, o mang, a a o morwa a ke?'' 19 Jakoba a raya rraagwe a re , ''ke Esau morwa wa gago wa ntlha. Ke dirile jaaka o ne o ntaetse. Jaanong nna oje mo bontheng jwa nama yame, gore o tle o ntshegofatse. 20 Isake a raya morwa wa gagwe a re, Ga tla jang gore o bo o e bone ka bofefo jaana, ngwanaka? A fetola ka gore, ke ka gore Modimo wa gago o e tisitse kwa go nna.'' 21 Isake a raya Jakoba,'' Nkatumela, gore ke go tshware, ngwanaka gore ke itse gore a naa o ene morwa wame Esau wa mma nnete kana nnyaa.'' 22 Jakoba a atumela kwa go rre raagwe ebong Isake; Isake a mo kgoma a mo raya a re,'' Lentswe le ke la ga Jakoba,mme diatla ke tsa ga Esau. 23 Isake o ne a sa mo lemoge, kagore a bo a tetse ka meriri, Jaaka diatla tsa ga Esau, Isake a mo segofatsa. 24 A mo raya a re, '' Aa mme tota o ene ngwanake Esau? A fetola ka gore ,'' ke nna.'' 25 Isake are, Tisa dijo kwa go nna mme ke tlaa ja nama ya gago ke tle ke go segofatse.''Jakoba a tisa dijo kwa go ene. Isake a ja,mme Jakoba a tisa le mofine a nwa. 26 Go le foo rraagwe ebong Isake amo raya a re,''Tlaya gaufi jaanong o ntshune, morwaake. 27 Jakoba a tla gaufi le ene a mo suna, mme a tsaya lenko la diaparo tsa gagwe a bo a mo segofatsa. A re,'' Bona, monko wa morwa wame o nkga jaaka tshimo e morena a e segofaditseng. 28 A modimo a go fe bontlha bongwe jwa mmu wame kwa legodimong, bontlha jo bo nonneng ja lefatshe, le go roba mo gontsi le mofine o mosha. 29 A batho ba go direle le dichaba di go obamele. o nne morena wa batsalwa le wena,mme le bo monnao ba go obamele. A mongwe le mongwe yo o tla a go hutsang a hutsege; le go ntse jalo a mongwe le mongwe yo o go segofatsang a segofale. 30 E rile fela fa Isake a fetsa go segofatsa Jakoba, mme Jakoba a ngwangwaela a tswa mo boleng teng jwa ga rraagwe Isake, Esau mogolowe a goroga go tswa letsomaneng. 31 A dira le dijo tse di monate a di isa kwa go rraagwe. A ra ya rraaagwe a re,''Ntate, tsoga o je bontlha bongwe jwa nama ya morwa wa gago, gore o tle o ntshegofatse. 32 Isake a mo raya a re,'' O mang?'' A botsa, ''ke morwa wa gago, ngwana wa gago wa ntlha. Esau.'' 33 Isake a tshoga thata a re, '' ke mang yo o tswang letsomong la seshabo se a bo a se tisa kwa go nna?Ke di jele tsotlhe pele ga o tla, ka bo ka mo segafatsa. Ruri o tla a segofala. 34 Fa Esau a utlwa mafoko a go tswa mo go rraagwe, A lela ka lentswe le le tetseng chakgalo, a bo a raya rraagwe a re,''Ntshegofatse, le nna,Ntate. 35 Isake a re, monnao o tsile fa ka tsietso mme o tsere tshegofatso ya gago.'' 36 Esau a re,'' Aa gaa bidiwa sentle leina Jakoba? Ka gore o ntsieditse go ka nna gabedi. O ntshitse seriti sa go tsalwa game, mme, bona, jaanong o tsere le tshegofatso ya me. ''A bo a re,'' A ga oa mpeela kwa tlhoko tshegofatso yame? 37 Isake a araba a bo a raya Esau a re,'' Bona, ke mo dirile morena mo go wena, ka ba ka mo fa botlhale bo monnawe e le batlhanka ba gagwe, ka mo fa le thobo yotlhe le mofine o mosha. Ke eng gape se nka se go direlang gape,morwa wame?'' 38 Esau a ra ya rraagwe a re,'' A ga o a mpeela lefa ele tshegofatso e le ngwe, Ntate?Ntshegofatsa, le nna, Ntate.'' Esau a lelela kwa godimo. 39 Isake ebong rraagwe a araba a mo raya a re, ''Bona, lefelo le o tla a nnang mo go lone le tla a nna kgakala le dikhumo tsa lefatshe, gotswa mo muwaneng wa loapi kwa godimo. 40 Ka chaka ya gago o tla a tshela, gape o tla a direla morwa rrago. Mme fa o ingaola, o tla a tlosa joko mo molaleng wa gago.'' 41 Esau a thoa Jakoba ka lebaka la tshegofatso e rraagwe a mo e fileng. Esau a bolela mo pelong ya gagwe,'' Malatsi a go lelela rre a gaufi; go tsweng foo ke tla a bolaya nnake ebong Jakoba''. 42 Mafoko a ga Esau yo mogolwane o ne a a bolelela Rabeka. Ka jalo a roma le go mmiletsa Jakoba wa mmotlana a mo ra ya a re,'' Bona,Esau o a ikgomotsa ka go loga segwene gwene sa go go bolaya. 43 Jaana ka jalo, morwaake, Nkobamela mme o siele kwa go Labane, nkgonne, kwa Harane. 44 Nna le ene ka nakwana,Go fitlhela meriri ya ga mogoloo e thothorega, 45 go fitlhela chakgalo ya ga mogoloo e fokotsega kgathanong le wena, a bo a lebala se o se mo dirileng. Ka moo ke tla a go busetsa gae gore o boe kwa. Ke eng le tshwanetse go ntathegela bobeding jwa lona mo letsatsing le le lengwe? 46 Rabeka a ra ya Isake, ''ke lapile ke botshelo ke barwadia Hete. Fa Jakoba a ka tsaya mongwe wa barwadia Hete go nna mosadi, wa gagwe, jaaka bo mme ba, bangwe ba basetsana ba mo motseng, botshelo jwame bo tla a ntswela mosola jang?''