Kgaolo 28

1 Isake a bitsa Jakobe, a mo segofatsa, mme a mo laela a re, "O seka wa tsaya mosadi gotswa mo basading ba Bakanana. 2 Emelela, ya kwa Padane Arame, kwa ntlong ya ga Bethuele mmagwe rrago, mme o batle mosadi gone koo, mongwe wa bomorwadie Labane, kgaitsadie mmago. 3 A Modimo Mothatayotlhe o go segofatshe, o go ungwise, o go oketse, go re o nne boidiidi jwa batho. 4 A o go fe ditshegofatso tsa ga Aberahame, mo go wena, le mo dikokomaneng tse di tla tlang kwa morago ga gago, go re o tle o rue lefatshe le o neng o agile mo go lone, le Modimo o le fileng Aberahame.'' 5 Jalo Isake a tsamaisa Jakobe. Jakobe a ya kwa Padame Arame, kwa go Labane morwa Bethuele wa Arameana, kgaitsadia Rabeka, mmaagwe Jakoba le Esau. 6 7 Jaanong Esau a bona fa Isake a segofaditse Jakobe mme a mo rometse kwa Padame Arame, go ya go batla mosadi gone koo. Abona gape fa Isake a mo segofaditse a mo laetse a re, "O seka wa tsaya mosadi mo basading ba Bakanana. Esau a lemoga gape fa Jakobe le ene a nnile le kutlo mo go rragwe le mmagwe, mme a ile Padame Arame. 8 Esau a bona fa basadi ba Bakanana ba ne ba sa kgatlha Isake rraagwe. 9 Mme a ya kwa go Ishimaele, mo godimo ga basadi ba a neng a na le bone, a tsaya Mahalathe morwadie Ishmaele, morwa Aberahame, kgaitsadie Nebaiothe, go nna mosadi wa gagwe. 10 Jakoba a tswa mo Beresheba mme a leba kwa Harane. 11 A tla mo lefelong lengwe mme a lala foo bosigo jotlhe, ka go bo a ne a phirimetswe. A tsaya lengwe la majwe mo lefelong leo, a le sama, a rapama mo lefelong leo mme robala. 12 A lora mme a bona mapalamelo a a tlhomilweng fa fatshe. Mafelelo a one a bo a goroga kwa legodimong mme baengele ba Modimo ba bo ba palamelela ba fologelela mo go one. 13 Bona, Jehofa a bo a eme mo godimo ga one mme a bo a re, ''Ke nna Jehofa, Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake. Lefelo le o robetseng mo go lone, ke tla le go le go naya le dikokomana tsa gago. 14 Dikokomana tsa gago di tla tshwana le lerole la lefatshe, mme gape a tla atlologa o yakwa botlhabatsatsi, le kwa bokone, le kwa borwa, Ka wena le ka dikokomana tsa gago malwapa otlhe a lefatshe a segofetse. 15 Bona, ke na nao, ke tla go tshegetsa gongwe le gongwe kwa o go yang. Ke tla go busetsa mo lefelong le gape; mme ga ke kilta ke go tlogela. Ke tla dira tsotlhe tse ke di go solofeditseng.'' 16 Jakobe a tsoga mo borokong jwa gagwe,mme a re, E le ruri Jehofa o mo lefelong le, mme ke ntse ke sa itse."' 17 A boifa mme a bo a re, "'Lefolo le le boifisa jang! Mo ga se sepe fela fa ise ntlo ya Modimo. E ke kgoro ya legodimo.'' 18 Jakobe a tsogo go le mo mosong mme a tsaya lone lejwe leo le a neng a le samile. A le tlhoma ale dira pilara mme a le tshela leokwane mo godimo. 19 A bitsa lefelo leo a re Bethele, mme leina la lefelo leo le tlholegile e le Luse. 20 Jakoba a dira maikano, a re, ''Fa ruri Modimo o tla nna o na le nna mme a ntshireleditse mo tseleng e ke e tsamayang e, mme a ntlamela ka dijo go ja, a mpha le diaparo go apara, 21 go re ke boele kwa ntlong ya ga ntate ka pabalesego, jalo Jehofa e tla nna Modimo wa me. 22 Jaanong lejwe le le ke le tlhomileng e le pilara e nna lejwe le le boitshepo. Go tswa mo go sengwe le sengwe se o tla se mphang, e le ruri sa bosome se tla boela gape kwa go wena.''