Kgaolo 26

1 Jaanong go nne ga nna leuba mo lefatsheng, kwa ntle ga leuba la pele ga malatsi a ga Aberahame. Isake a ya kwa go Abimeleke, kgosi ya Bafilistia kwa Gerare. 2 Jalo Jehofa a bonala kwago ene mme a re, ''O seka wa boela kwa Egepeto; nna mo lefatsheng le ke le go laetseng go nna mo go lone. 3 Nna mo lefatsheng le, mme ke tla bo ke na le wena gape ke tla go segofatsa, wena le dikokomana tsa gago, ke tla le fa lefatshe le, mme ke tla diragatsa maikano a ke ikanetseng Aberahame rrago. 4 Ke tla ntsifatsa dikokomana tsa gago go nna jaaka dinaledi tsa legodimo, mme ke tla fa dikokomana tsa gago mafatshe a. Go tswa mo dikokomaneng tsa gago ditshaba tsotlhe tsa lefatshe di tla segofala. 5 Ke tla dira se ka go bo Aberahame a ile a reetsa lentswe la me mme a boloka ditaelo tsa me, le ditaolo tsa me, le melawana ya me, le melao ya me.'' 6 Jalo Isake a thibelela mo Gerare. 7 E rile banna ba lefelo leo ba mmotsa ka mosadi wa gagwe, a re ''Ke kgaitsadiake.'' A tshaba go re, ''Ke mosadi wa me,'' ka gonne o ne a akanya go re, ''Banna ba lefelo le ba tla mpolaya go re ba tseye Rebeka, ka go bo a le montlenyane.'' 8 Morago ga Isake a sena go nna koo lebaka le le leele, Abimelele kgosi ya Bafilistia a bo a okametse ka setlhabphefo. A bona, bonang, Isake a bo a sedila-sedila Rebeka, mosadi wa gagwe. 9 Abimeleke a biletsa Isake kwa go ene mme a re, ''Bona, ka nnete ke mosadi wa gago. Jaanong ke ka go reng fa o ne o re, ''Ke kgaitsediaka?'' Isake a mo araba a re, ''Ka gonne ke ne ke akantse go re mongwe o ka mpolaya go mo tsaya.'' 10 Abimeleke a re, ''Ke eng selo seo se o se re diretseng? Mongwe wa banna o ka nne a ile a robala le mosadi wa gago, mme o ka bo o ile wa re bakela molato.'' 11 Jalo Abimeleke a tlhagisa batho botlhe a re, ''Ope fela yo o ka tshwarang monna yo kana mosadi wa gagwe ruri o tla bolawa.'' 12 Isake a lema mabele mo lefatsheng leo mme a roba go menagane ga lekgolo mo go one ngwaga oo, ka gonne Jehofa o ne a mo segofaditshe. 13 Monna a huma, a atla go fitlhelela a nna mogolo fela thata. 14 A nna le dinku tse dintse, le dikgomo, le lelwapa le letona. Bafilistia ba mo fufahalela. 15 Jannong didiba tsotlhe tse nne batlhanka ba ga raagwe ba di epile ka malatsi a ga rragwe Aberahame, Bafilistia ba di katela ka mmu. 16 Abimeleke a raya Isaka a re, ''Tloga mo go rona, ka gonne o mogolo mo go rona.'' 17 Mme Isake a fuduga mo lefatsheng leo a ya go thibelela mo Mokatsheng wa Gerare, mme a nna foo. 18 Gape gape Isake a epa didiba tsa metsi, tse di neng di epilwe ka dinako tsa ga Aberahame rragwe. Bafilistia ba ne ba di emisitse morago ga loso la ga Aberahame. Isake a bitsa didiba tseo ka maina a rragwe a neng a di biditse ka one. 19 Ya re fa batlhanka ba ga Isake ba epa mo mokgatsheng, ba fitlhela sediba sa metsi a nneng a elela. 20 Badisa ba Gerare ba omana le badisa ba ga Isake, ba re, ''Metsi a ke a rona.'' Jalo Isaka a bitsa sediba seo a re ''Eseke,'' ka go nne ba ne ba omane le ene. 21 Ba epa sediba se sengwe, mme ba se omanela, gape, mme a se raya leina la ''Sitina.'' 22 A tlogela foo a ya go epa se sengwe gape, mme seo ba se ka ba se omanela. Jalo a se bitsa Rehobothe, a re, ''Jaanong Jehofa o re file bonno, mme re tla tlhogonolofala mo lefatsheng le. 23 Mme Isake a emelela a ya Beresheba. 24 Jehofa a bonagala ga pele ga gagwe mo bosigong joo a re ''Ke Modimo wa ga Aberahame rrago. Se boife, go nne ke na le wena mme ke tla go segofatsa ke oketsa dikokomana tsa gago, ka ntlha ya ga Aberahame motlhanka wa me.'' 25 Isake a aga aletare foo mme a bitsa leina la ga Jehofa. Teng foo a bapola tante ya gagwe, mme batlhanka ba gagwe ba epa sediba. 26 Jalo Abimeleke a ya kwa go ene kwa Gerare, a na le Ahusathe, wa tsala ya gagwe, le Phikolo, moeteledipele wa batlhabani ba gagwe. 27 Isake a ba raya a re, ''Le tletse eng kwa go nna ka go bo le nkila ebile le nkobile kwa go lona?'' 28 Mme ba mo raya ba re, ''E le ruri re bonye go re Jehofa o ntse a na le wena. Ka jalo re bonye fa go tshwanetse ga nna le maikano mo go rona, ee, mo gare le wena. Jalo a re dire kgolagano le wena, 29 go re o seka wa re utlwisa botlhoko, le rona re seka ra go utlwisa botlhoko, jaaka re ne re go diretse bontle mme re tsamaisitse ka kagiso. 30 Mme Isake a ba direla moletlo wa dijo, mme ba ja ba nwa. 31 Ba tsoga mo mosong ba direlana maikano. Jalo Isake a ba tsamaisa ka kagiso 32 Ka lone letsatsi leo batlhanka ba ga Isake ba tla ba mmolelela ka sediba se ba se epileng. ba re, ''Re phuntse metsi.'' 33 Ba bitsa sediba ba re Shibahe, mme leina la motse oo ke Beresheba le mo go lone letsatsi le. 34 Erile Esau a le dingwaga di le masome a le mane, a tsaya mosadi, Judithe morwadiaBeeri wa Mohite,le Basemathe morwadia Elone wa Mohite. 35 Ba tlisa khutsafalo mo go Isake le Rebeka.