Kgaolo 25

1 Aberahame a tsaya mosadi yo mongwe; leina la gagwe e le Ketura. 2 A mo tsholela Zimora, Jokosane, Metane, Mitiane, Ishebake, le Sua. 3 Jokosane a nna rragwe Seba le Tetane. Dikokomane tsa ga Tetane e ne e le ba letso la Aseria, Balutu, le Balume. 4 Bo morwa Nitiane e ne e le Efa, Efere. Hanoka, Abita, le Eletane. Botlhe ba e ne e le dikokomane tsa ga Ketura. 5 Aberahame a abela Isake tsotlhe tse e leng tsa gagwe. 6 Le fa go ntse jalo, e rile a santse le mo botshelong, a abela bana ba bagadingwana ba gagwe dimpho gore ba ye ko bothaba, kgakala le Isake , morwawe. 7 A e ne e le malatsi a dingwaga tse Aberahame a di tshedileng, dingwaga tse 175. 8 Aberahame a hema mowa wa bofelo a tlhokafala ka botsofe jo bo siameng, monnamogolo ka botshelo jo bo tletseng, a phutlhelwa ko bathong ba ga bone. 9 Isake le Ishemaele, bo morwae, ba mmoloka mo legageng la Makupela, mo tshimong ya ga Eferone morwa Sohare wa Mohite, gaufi le Mamere. 10 Tshimo e Aberahame a nenf a e rekile mo go barwa Hethe. Aberahame a bolokelwa teng le mosadi wa gagwe e bong Serai. 11 Morago ga leso la ga Aberahame, Modimo a segofatsa morwae Isake, Isake a aga gaufi le Beere Lahai Roi 12 Tse e ne e le tsone dikokomane tsa ga Ishemaele, morwa Aberahame, yo Hagare wa Moegepeto, lelata la ga Sarai, a mo tsholetseng Aberahame. 13 A ke one maina a barwa Ishemaele, go ya ka go latelana ga dingwaga tsa bone: Nebayothe–motsalwapele wa Ishemaele, Ketare, Adibeele, Mabisama, 14 Mishama, Duma, Masa, 15 Hatate, Tema, Jutare,Napishe le Ketema. 16 Ba e ne e le barwa Ishemaele e ne e le maina a bone, go ya ka metse yabone, le ka mathibelelo a bone; dikgosana di le 12 go ya ka merafe ya bone. 17 Tse ke tsone dingwaga tsa botshelo jwa ga Ishemaele, dingwaga tse 137. A tlhokafala. A phutlhelwa kwa bathong ba gaabo. 18 Ba aga go simolola kwa Hafila go ya kwa Asure, gaufi le Egepeto, fa go iwa Aseria. Ba aga ba lebaganye. 19 E ne e le ditiragalo ka ga Isake, morwa Aberahame. Aberahame ya nna rraagwe Isake. 20 Isake o ne a le dingwaga di le 40 ha ne a tsaya mosadi wa gagwe Rebeka, morwadie wa Betuele wa Moaramea wa Pata Arama, kgaitsadie Labana wa Moaramea. 21 Isake a rapela Modimo ka ntlha ya mosadi wa gagwe yo neng a sena bana, mme Modimo a araba thapelo ya gagwe, mosadi wa gagwe ebong Rebeka a itsholofela. 22 Bana ba tshwenyega mmogo mo ga ene, a bo a re, "Ke eng mo go ntiragalela?" A ya go botsa Modimo ka se. 23 Modimo a mo raya a re "Chaba tse pedi di mo sebopelong sa gago, ebile batho ba le babedi ba tla kgaogangwa mo go wena. Motho yo mongwe o tla nonofa go gaisa yo mongwe, mme yo motona o tla direla yo monye." 24 Ka nako ya pelegi, mme bona, ga bo go le mawelana mo sebopelong sa gagwe. 25 Ngwana wa ntlha a tla a le mohibidu mmele otlhe jaaka seaparo se se bobowa. Ba mmitsa Esau. 26 Morago ga mo, monnawe a tla letsogo la gagwe le tshwere serethe sa ga Esau. A tewa leina gotwe Jakobe. Isake a bo a le dingwaga di le 60 fa mosadi wa gagwe a belega. 27 Basimane ba gola, mme Esau a nna motsumi yo botlhale, monna wa tshimo; mme Jakobe a nna motho yo itidimaletseng, yo neng a tsaya nako e ntshi a le mo ntlong. 28 Jaanong Isake o ne a rata Esau ka gore o ne a ja diphologolo tse a neng a di tsomile, mme Rebeka o ne a rata Jakobe. 29 Jakobe a apaya nama a gadikilweng. Esau a goroga a tswa tshimong, a le bokoa a tshwerwe ke tlala. 30 Esau a raya Jakobe a re, "Mpha ke je dinawa. Tswe tswe ke lapile!" Ke sone se leina lame le bediwa Etome. 31 Jakobe a re, "Nthekisetse pele botsalwapele." 32 Esau e bo a re, "Bona, tloga ke tlhokafala. ke eng se se molemo ka botsalwapele mo go nna?" 33 Jakobe a bo a re, "Inkanele pele," Esau a ira maikano mme ka jalo a bo a rekiseditse Jakobe botsalwapele. 34 Jakobe a neela Esau borotho le dinawa. A ja a nwa, a bo a emelela a tswa a tsamaya. Ka jalo Esau a nyatsa botsalwa pele jwa gagwe.