Kgaolo 24

1 Jaanong Aberahame o ne a tsofetse mme Jehofa a bo a mo segofaditse mo dilong tsotlhe. 2 Aberahame a raya motlhanka wa gagwe a re, ene yo o neng a le motona mo go botlhe mme gape a tlhokometse tsotlhe tse a nang natso, ''Tsenya seatla sa gago ka fa tlase ga serope sa me 3 mme ke tla dira go re o ikane ka Jehofa, Modimo wa legodimo le lefatshe, go re ga o kake wa batlela morwaake mosadi mo go barwadia Bakanana, ba ke agile mo go gare ga bone. 4 Mme o tla ya kwa lefatsheng la gaetsho, kwa losikeng lwa me, mme o batlele morwaake Isake mosadi teng.'' 5 Motlhanka a mo ra ya are, "Go tla nna jang fa mosadi a sa batle go tla le nna mo lefatsheng le? Aa ke tsamaye le morwao kwa lefatshe le o duleng kwa go lone?'' 6 Aberahame a mo raya a re, ''Tlhomamisa go re ga o ise morwaake koo! 7 Jehofa, Modimo wa legodimo, ene yo o nkitshitseng mo go ba ntlo ya ga rre le mo lefatsheng la ba losika la me, ene yo o ntsholofeditseng ka fa tlase ga maikano a re, 'Ke tla naya lotsalo lwa gago lefatshe le,' mme o tla romela moengele wa gagwe ga pele ga gago, mme o tla batlela morwaake mosadi gone koo. 8 9 Mme fa mosadi a sa batle go go sala morago, o tla bo o gololesegile mo maikanong a me. Fela o seka wa ya le morwaake koo.'' Jalo motlhanka a tsenya seatla ka fa tlase ga serope sa ga Aberahame mong wa gwe, mme a ikanela kgang e. 10 Motlhanka a tsaya dikamela tsa ga mong wa gagwe di le lesome mme a bolola. A tsaya dimpho di le mmalwanyana mo go mmong wa gagwe. A bolola mme a leba kwa kgaolong ya Aram Naharaime, kwa motseng wa Nahore. 11 A khubamisa dikamela ka mangole ka fa ntle ga motse ga pele ga sediba sa metsi. Go ne go le maitseboa, nako ya fa basadi ba yang go ga metsi. 12 Mme a re, ''Jehofa, Modimo wa mong wa me, mphe bokgone tsatsing jeno mme o supe boikanyego mo kgolaganong ya gago le mong wa me Aberahame. 13 Bona fano, ke eme ga pele ga motswedi wa metsi, mme barwadia batho ba motse o ba tlile go ga metsi. 14 A go dirafale jaana. Fa e kare ke raya morweetsana ke re, 'Ke a kopa, digela nkgwana ya gago o nkgele ke nwe,' mme a bo a re, 'Nwaa, gape ke tla siela le dikamela tsa gago go re le tsone di nwe,' e tla nna ene yo o mo tlhophetseng motlhanka wa gago Isake. Ka tsela eo ke tla itse fa o nnile boikanyego mo kgolaganong ya gago le mong wa me'' 15 Go ne ga diragala go re pele fa a fetsa go bua fela, bona, Rebeka a tla ka kgamelo ya gagwe e le mo mahetleng a gagwe. Rebeka e ne e le morwadia Bethuele morwa Milika, mosadi wa ga Nahore, morwaaragwe Aberahame. 16 Morweetsana a bo a le montle fela thata e le lekgela. O ne a ise a kopane le monna. A tsamaela kwa motsweding, a tlatsa nkgwana mme a tswa. 17 Mme motlhanka a sianela kwa go ene a mo kopantsha mme a re, ''Ke kopa go re o ntshiele metsinyana mo kgamelong ya gago ke tle ke nwe.'' 18 A bo a re, ''Nwaa, morena wa me,'' mme ka bonako a digela kgamelo ya gagwe, a mo siela metsi go nwa. 19 Ya re a sena go mo siela metsi go nwa, a re, "'Ke tla siela le dikamela tsa gago go re le tsone di nwe, go fitlhelela di felela tsotlhe.'' 20 Jalo a akofa a kgaritlhelela metsi a nkgwana mo mokorong, mme a sianela gape kwa sedibeng go ga metsi, a ga metsi go fitlhelela dikamela di felela go nwa fela tsotlhe. 21 Monna a mo lebelela ka tidimalo go bona fa Jehofa a tlhogonolafaditse leoto la gagwe kgotsa nyaa. 22 Fa dikamela tsa gagwe di fetsa go nwa, monna a ntsha mhitshana wa nko wa gauta wa bokete jwa dishekele tse some, le maseka a gauta a matsogo a gagwe, 23 mme a botsa, ''O morwadia mang? Mpolelele tlhe, a gona le bonno kwa ntlong ya ga rraago mo re ka bonang boroko mo bosigong jono?'' 24 A mo raya a re, ''Ke morwadia Betheule morwa Milika, yo a mo tsholetseng Nahore.'' 25 A mo raya gape a re, ''Re na le letlhaka le dijo tse dintse, le bonno fa le ka bonang boroko jwa bosego jono." 26 Jalo monna a inama a obamela Jehofa. 27 A re, ''A go bakwe Jehofa, Modimo wa mong wame Aberahame, yo o sa fetogelang boikanyego jwa kgolagano ya gagwe le boitshephegi mo go mong wa me. Fa e le nna, Jehofa o nkgogetse fela kwa go ba losika la mong wa me.'' 28 Morweetsana a sianela go bolelela ba ntlo ya ga mmaagwe dilo tse tsotlhe. 29 Mme Rebeka a bo a na le kgaitsadie, mme leina la gagwe ya bo e le Labane. Labane a sianela monna yo o neng a le mo tseleng go bapa le motswedi. 30 Ya re a sena go bona mhitshana wa nko le maseka mo matsogong a ga kgaitsadie, gape a sena go utlwa mafoko a ga Rebeka kgaitsadie, ''Se ke sone se monna a se mpoleletseng,'' a ya kwa monneng, mme, bonang, a bo a eme fa motsweding. 31 Jalo Labane a re, ''Tlaa, motshepiwa wa ga Jehofa. Ke ka go reng fa o eme kwa ntle? Ke baakantse boroko, le lefelo la dikamela.'' 32 Jalo monna a ya kwa ntlong mme a belesolola dikamela. Dikamela tsa neelwa letlhaka le dijo, le metsi go mo tlhapisa dinao le dinao tsa ba a neng a na le bone. 33 Ba mo tsholela dijo, mme a re, ''Ga kena go ja go fitlhelela ke bua ke bua se ke tshwanetseng go se bua. Jalo Labane a re, ''Bua.'' 34 A bo a re, ''Ke motlhanka wa ga Aberahame. 35 Jehofa o segofaditse mong wa me fela thata mme ebile o tumile. O mo file dinku le dikgomo, selefera le gauta, batlhanka ba banna le ba basadi, le dikamela le ditonki. 36 Sara, mosadi wa ga mong wame, o tsholetse mong wa me ngwana wa mosimane, mme o mo neetse sengwe le sengwese se eleng sa gagwe. 37 Mong wa me o ntirile go re ke ikane, a re, 'O seka wa batlela morwaake mosadi mo go barwaadia Bakanana, ba mo lefatsheng le a agileng mo go lone. 38 Se se leng teng ke gore, o ye kwa lelwapeng la ga rre, le kwa batsalwa le nna, mme o ye go mo matlela mosadi teng.' 39 Ka raya mong wa me ka re, 'Fa gongwe mosadi ga a na go ntshala morago.' 40 Mme a bo a nthaya a re, 'Jehofa, yo ke mo salang morago, o tla romela moengele le wena mme o tla tlhogonolofatsa loeto la gago, go re o kgone go mmatlela mosadi mo go batsalwa le wena go tswa mo lelwapeng la ya ga rre. 41 Mme o tla bo o gololegile mo maikanong a me fa o ka re o tlile kwa go batsalwa le nna mme ba seke ba go mo rebolele. Jalo o tla bo o golotswe mo maikanong a me. 42 Mme ke gorogile gompieno fa motsweding, mme ka re, ''Ao Jehofa, Modimo wa ga mong wa me Aberahame, a tlhe, fa tota o ka dira gore loeto la me le atlege - 43 ke fano, ke eme fa motsweding wa metsi - a morweetsana yo tla tlang go ga metsi, mosadi yo e tla reng fa ke re, ''Ntshiele metsinyana mo nkgwaneng ya gago ke nwe,'' 44 mosadi yo o tla reng, ''Nwaa, mme gape ke tla siela le dikamela tsa gago'' - a e nne ene mosadi yo wena, Jehofa, o mo tlhophetseng morwa wa mong wa me.' 45 Fela ke ise ke fetse go bua mo pelong ya me, bonang, Rebeka a tswa ka nkgwana ya gagwe a e sikere mo mahetleng mme a fologela mo motsweding a ga metsi. Mme ka mo raya ka re, 'Ke a kopa, ntshiele ke nwe.' 46 A folosa nkgwana ya gagwe mo lehetleng ka bofefo mme a re, 'Nwaa, mme ke tla siela le dikamela tsa gago.' Jalo ka nwa, mme a siela le dikamela. 47 Ka mmotsa ka re, ''O morwadia mang?' A bo a re, 'Ke morwadia Bethuele, Morwa Nahore, yo Milika a mo mo tsholetseng.' Ka jalo ka mo rwesa mhitshana wa nko le maseka mo matsogong. 48 Ka jalo ka inama ka obamela Jehofa, ka baka Jehofa, Modimo wa mong wa me Aberahame, yo o nkgogetseng mo tseleng e e siameng go batlela morwawe morwadia motsalwa le ene. 49 Mme ka jalo, fa o ipaakanyeditse go supa lorato lwa gago le le tiileng le boikanyego mo go mong wa me, o mpolelele. Fa go sa nna jalo, o mpolelele, go re ke fapogele kwa mojeng kana kwa molemeng. 50 Mme Labane le Bethuele ba araba ba re, ''Selo se tswa mo go Jehofa; ga re na go bua sepe se bosula le e le se se molemo. 51 Bona, Rebeka ke yoo fa pele ga gago. Mo tsee o tsamae, e nne mosadi wa morwaa mong wa gago, jaaka Jehofa a buile.'' 52 Erile fa motlhanka wa ga Aberahame a utlwa mafoko a bone, a inamisa tlhogo fa pele ga ga Jehofa. 53 Motlhanka a tlisa dikgapetlana tsa selefera le dipapetlana tsa gauta, le diaparo, mme a di neela Rebeka. A bo gape a neela kgaitsadie le mmagwe dimpho tse di tlhokegang. 54 Jalo ene le banna ba a neng a na le bone ba ja ba nwa. Ba lala bosijo joo, mme ya re ba tsoga le le latelang, a bo a re, "Nkgololeng ke ye kwa go mong wa me.'' 55 Kgaitsadie le mmaagwe ba bo ba re, ''A morweetsana a name a setse le rona malatsinyana, e ka nna a le lesome. Morago ga foo o tla tsamaya.'' 56 A ba raya a re, ''Se nkgoreletseng, ka gonne Jehofa o butse tsela ya me. Nkgololeng ke tsamae ke ye kwa go mong wa me.'' 57 Ba mo raya ba re, ''Re tla bitsa morweetsana go tla go mmotsa.'' 58 Ka jalo ba bitsa Rebeka ba mmotsa ba re, ''A o tla tsamaya le monna yo?'' A fetola a re, "Ke tla tsamaya.'' 59 Jalo ba golola kgaitsadiabone Rebeka, ga mmogo le motlhanka wa mosadi, go tsaya loeto le motlhanka wa ga Aberahame le banna ba a neng a na le bone. 60 Ba segofatsa Rebeka, mme ba mo raya ba re, "Kgaitsediarona, a tlhe o nne motsadi wa dikete le dikete tse lesome, mme gape a dikokomana tsa gago di rue dikgoro tsa ba ba ba ilang.'' 61 Jalo Rebeka a emelela, ene le batlhanka ba basetsanyana mme ba palama dikamela, ba sala banna morago. Ka jalo motlhanka a tsaya Rebeka, a wela tsela. 62 Jaanong Isake a bo a nna mo Negefi, a sa tswa go tswa kwa Bere Lahai Roi. 63 Isake a tsamaya a ya go tlhatlhanya kwa tshimong go le maitseboa. Ya re a tsholetsa matlho a leba, bonang, ga bo go le dikamela di goroga. 64 Rebeka a gadima, mme ya re a bona Isake, a tlola a fologa kamela. 65 A raya motlhanka a re, "Ke mang monna yole yo o tsama-tsamayang mo tshimong go re kopantsha?'' Motlhanka a mo raya a re, ''Ke mong wa me.'' A tsaya lesire, a ikhurumetsa sefatlhego. 66 Motlhanka a begela Isake sengwe le sengwe se a se dirileng. 67 Jalo Isake a mo isa kwa mokhukhung wa ga Sara mmagwe mme a tsaya Rebeka, ya nna mosadi wa gagwe, a morata. Ka jalo Isake a gomotsega morago ga goswa ga ga mmagwe.