Kgaolo 23

1 Sara a tshela dingwaga di le lekgolo le masome a le mabedi le bosupa. Tseo ya be e le dingwaga tse Sara a di tshidileng. 2 Sara a swela kwa Kiriatha Areba, ke go re Heberona, mo lefatsheng la Kanana. Aberahame a hutsafalela Sara. 3 Jaanong Aberahame a emelela a tlogela mosadi wa gagwe yo o neng a sule, mme a bua le bomorwa Hethe, a re, 4 ''Ke motswaka mo ga lona. Ke kopa go re le nkabele lefelo la go fitlha go lona, go re ke kgone go fitlha moswi wa me.'' 5 Bomorwa Hethe ba araba Aberahame, ba re, 6 ''Re reetse, mongwa wa me. O morwa Modimo mo go rona. Fitlha moswi wa gago mo lebitla le o tla le ikgetlhelang. Ga gona ope wa rona yo o tla ganang go go neela lebitla le o tla fitlhang moswi wa gago mo lone.'' 7 Aberahame a emelela mme a oba tlhogo mo go beng ba lefatshe, bo morwaagwe Hethe. 8 A bua le bone, a re, ''Fa lo dumela go re ke fitlhe moswi wa me, ntheetseng jaanong, lo nkopeleng Eferone morwaa Sohare. 9 Lo mo kope go re a nthekisetse legaga la kwa ga Makapela, le a le ruileng, le le kwa bofelelong jwa tshimo ya gagwe. A le nthekisetse ka tlhwatlhwa e e feletseng mo ponong ya mongwe le mongwe go re e nne lefelo la phitlhelo.'' 10 Jaanong Eferone a bo a ntse mo gare ga barwa ba ga Hethe, mme Eferone wa Mohite a araba Aberahame mo kutlong ya bo morwaa Hethe, botlhe fela ba ba neng ba tlile kwa kgorong ya motse, a re, 11 ''Nyaya mong wa me, ntheetse. Ke go neela lefelo, le legaga le le leng mo go lone. Ke le go neela jaana mo ponong ya bomorwaa batho ba me. Ke a le go neela go fitlha moswi wa gago.'' 12 Mme Aberahame a oba tlhogo fa pelega batho ba lefatshe. 13 A bua le Eferone mo kutlong ya batho ba lefatshe leo, a re, ''Mme fa le ratile, ke kopa go re lo ntheetse. Ke tla duelele lefatshe. Tsayang madi mo go nna, mme ke tla fitlha moswi wa me me go lone.'' 14 Eferone a araba Aberahame, a re, 15 ''Ke a go kopa, mong wa me, o ntheetse. Lefatshe le le lopang dishekele di le makgolo a le mane a selefera, ya bo e le eng fela mo gare ga me le wena? Fitlha moswi wa gago.'' 16 Aberahame a reetsa Eferone mme a balela Eferone selekanyo sa selefera se a se buileng mo kutlong ya bomorwaa Hethe, makgolo a le mane a selefera, go ya ka seelo se tlwaelesegileng sa bagwebi. 17 Jalo tshimo ya ga Eferone, e e neng e le mo Makapela, e e neng e le gaufi le Mamore, ke gore, tshimo, legaga le le neng le le mo go yone, le ditlhare tsotlhe tse di leng mo tshimong le mo tikologong yotlhe ya molelwane ya yone, tsa fetela 18 kwa go Aberahame ka theko mo bolengteng jwa bomorwaa Hethe, le fa pele ga botlhe ba ba neng ba tlile kwa kgorong ya motse. 19 Morago ga moo, Aberahame a fitlha Sara mosadi wa gagwe mo legageng la tshimo ya Makapela, gaufi le Mamore, ke gore, Heberone, mo lefatsheng la Kanana. 20 Ka jalo tshimo le legaga le le leng mo go yone tsa fetela kwa go Aberahame e le lefelo la phithelo go tswa mo go barwawe Hethe.