Kgaolo 4

1 Jalo he, bakaulengwe ba ba rategang ba ke le tlhwafaletseng, boitumelo jwa me le korone, ka tsela e, tshwarang ka thata mo Moreneng, ditsala tse di rategang. 2 Ke kopa Euodia, le Senthuke, nnang le mogopolo o mongwe fela mo go Morena. 3 E le ruri ke le tshwara jaana, badiri ka nna: thusang basadi bana. Gonne ba berekile le nna go rera efangedi le Kelemente le ba bangwe badiri ka nna, ba maina a bone a mo bukeng ya botshelo. 4 Itumeleng mo Moreneng ka nako tsotlhe, Gape ka re, itumeleng. 5 A go nna bonolo ga lona go itsege mo bathong botlhe. Morena o gaufi. 6 Se thobaeleng ka sepe. Mme mo sengwe le sengweng ka thapelo le dikopo, ka malebo, a dikopo tsa lona di itsege ko Modimong. 7 Le kagiso ya modimo, e e fetang tlhaloganyo yotlhe, e tla tlhokomela dipelo tsa rona le dikakanyo mo go Morena Jeso. 8 Sa bofelo, bakaulengwe, sengwe le sengwe se nnete, sengwe le sengwe se se tlotlegang, sengwe le sengwe se se itshekileng, sengwe le sengwe se se rategang, sengwe le sengwe se e leng sa pego e e siameng, fa go na le se se bonokopila, fa go na le sengwe se se tshwanetseng go galalediwa, akanyang ka tse. 9 Dilo tse le di ithutileng gape le di amogetse, le di utlwile gape le di bone mo go nna, dirang tse. Mme Modimo wa kagiso o tla nna le lona. 10 Ke itumela thata mo Moreneng ka gore sa bofelo o ntshafaditse matshwenyego a gago ka nna. O ne o kile wa tshwenyega ka nna, mme go ne go sena monyetla wa go thusa. 11 Ga ke bue se ka go bo ke le mo letlhokong. Gonne ke ithutile go nna boikobo mo diemong tsotlhe. 12 Ke a itse gore go ntse jaang go humanega, le go nna le go le gontsi. Mo sengwe le sengweng le mo dilong tsotlhe ke ithutile sephiri sa go kgora le go bolawa ke tlala, le go nna le go le gontsi kana go tlhoka. 13 ke ka dira tsotlhe ka yo o nnonotshang. 14 Le fa go ntse jalo, le dirile sentle go arologana le nna mo botlhateng jwa me. 15 Le lona la itse, lona Bafilipo, gore ko tshimologong ya lefoko, fa ke ne ke tswa ko Maketonia, ga go epe kereke e e neng e nthotoetsa mo kganyeng ya go neela le go amogela fa ese lona fela. 16 Le fa ke ne kele koThesalonika, lo ne la romela thuso mo matlhoking ame gangwe le gape. 17 Ga se gore ke batla mpho. Mme, ke batla leungo le le oketsang mabolokelo a lona. 18 Ke amogetse dilo tsotlhe, mme ke na le mo gontsi. Ke tladitswe. ke amogetse go tswa ko go Epaferodito dilo tse di tswang ko go lona. Ke lenko le le monate, le setlhabelo se se amogelesegang se itumedisang modimo. 19 Mme modimo o tla re abela tsotlhe tse re di tlhokang ka fa khumong ya gagwe, mo kgalalelong e e mo go Keresete Jeso. 20 Jaanong mo Modimong le rraarona go isiwe kgalalelo go ya bosakhutling. Amen 21 Dumedisang badumedi botlhe mo go Keresete Jeso, bakaulengwe ba ba nang le nna ba a le dumedisa, 22 Badumedi botlhe ba dumedisa, bogolo jaang ba ntlo ya ga Kaisara. 23 A mautlwelo botlhoko a Morena Jeso Keresete a nne le mowa wa lona.