Kgaolo 3

1 Sa bofelo bakaulegwe,itumeleng mo Moreneng.Gore ke lo kwalele dilo tse di tshwanang ga se gore ke a le tshwenya,Dilo tse di tla a le babalela. 2 Elang tlhoko dintsa,elang tlhoko ba ba dirang bosula,elang tlhoko ba ba rupisang. 3 Gonne re rupisitswe.Ke rona ba re obamang ka moya wa Modimo.Gonne ke rona ba re ipelafatsang mo go Jeso keresete,ene o o senang kgatlhego mo nameng. 4 Ka jalo,le nna nka nna le kgatlhego mo nameng,fa mongwe wa lona a akanya gore o na le kgatlhego mo nameng,le nna nka nna le go fetisa. 5 Ke rupisitswe mo letsang la borobabobedi la batho ba Iseraele ba letso la ga Benjamene,Mohebera wa Bahebera ka go tlotla molao, Mofarasai 6 Ka tlhoafalo ke bogisitse phuthego,ka ntlha ya tshiamo ya molao,ke ne ke sena molato. 7 Mme dilo tsotlhe tse e neng e le poelo mo go nna ,ke di lemogile di sena mosolo ka ntlha ya ga Keresete. 8 E le ruri ,ke lemoga dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka lebaka la botswerere jwa kitso ya Morena wa me Jeso Keresete. Gonne mo go ene ke latlhile dilo tsotlhe,Ke di lemoga di le matlakala gore ke tle ke nne le poelo mo go keresete 9 le gore ke tle ke fitlhelwe mo go ene, ga kena tshiamo ee leng ya me go tswa mo molaong,mme ke na le tshiamo ee e leng ya tumelo mo go keresete,tshiamo ee tswang mo Modimong e itebagantse le tumelo. 10 Jaanong ke batla go mo itse,le maatla a tsogo ya gagwe,le kabelano ya dipogisego tsa gagwe. Ke batla go fetolwa mo tshwanong ya loso la gagwe. 11 Ke ka fa ke tla a itemogelang go tsoga ga ba ba suleng. 12 Gase boammaaruri jwa gore ke setse ke amogetse dilo tse le gore ke setse ke feletse,mme ke dira ka thata gore ke tshware se se tshwerweng ke Keresete Jeso. 13 Bakaulengwe,ga ke akanye gore nna, ka bonna ke setse ke se tshwere,mme go na le selo se le sengwe,ke lebala ka se se ko morago mme ke berekela se se ko pele. 14 Ke tshwere ka thata gore ke tle ke tsee sekgele sa pitso ya selegodimo mo go keresete Jeso. 15 Botlhe ba rona ba ba godileng,a re akanyeng ka tsela e,fa le akanya sengwe ka pharologanyo,Modimo o tla le se senolela. 16 Le fa go ntse jalo,sengwe le sengwe re se fitlheletse,a re se tshwareng ka thata. 17 Nnang baetsi ba me bakaulengwe,elang tlhoko ba ba tsamayang ka sekao se lonang le sone mo go rona. 18 Ba le bantsi ba a tsamaa ka dinao ba ke le boleletseng ka bone jaanong ke lo bolelela ka dikeledi jaaka baba ba mokgoro wa ga keresete. 19 Phelelo ya bone ke tshenyego, gonne modingwana wa bone ke dimpa tsa bone,boikgogomoso jwa bone bo mo teng ga ditlhong.Ba akanya ka dilo tsa se lefatshe. 20 Gonne boagedi jwa rona bo ko legodimong,ko re tla a bo re letetseng mmoloki,Morena Jeso Keresete. 21 O tla a fetola mmele wa rona wa se lefatshe a o dira jaaka mmele wa kgalalelo,o o dirilweng ka nonofo ya thata yagwe,go tlisa dilo tsotlhe ka fa tlase ga gagwe.