Kgaolo 1

1 Mo ke tshimologo ya mafoko a a molemo a ga Jeso Keresete, Morwa Modimo. 2 Jaaka go kwadilwe mo bukeng ya moporofiti Isaia, "Bonang, Ke romela morongwa wame ko go lona, ene yo o tlaa baakanyang tsela ya lona. 3 Lentswe la mongwe le a goeletsa gotswa mo sekakeng, '';Baakanyang tsela ya Morena; le tlhamalatse ditsela tsa gagwe."' 4 Johane o ne a tla a kolobetsa mo sekakeng, le go rera kolobetso ya boikotlhao le boitshwarelo jwa dibe . 5 Lefatshe lotlhe la Jutia le batho botlhe ba Jerusalema bane batla ko go ene. One a ba kolobetsa mo nokeng ya Jorotane, ba ipolela dibe. 6 Johane one a apere kobo ya boboa jwa kamela le moitlamo wa kgole mo nokeng, dijo tsa gagwe e ne ele tsie le tswine ya dinotshi. 7 O ne a rera a re, "Ko morago game go tla yo mogolo go na le nna, yo ke sa lekanang go khubama ke bofolola kgole ya setlhako sa gagwe. 8 Ke kolobetsa ka metsi fela, Ene otla le kolobetsa ka Moya o Boitshepho." 9 Gone ga diragala ka malatsi ao gore Jeso a tswe ko Nasaretha mo Galalea, mme a kolobediwa ke Johane mo nokeng ya Jorotane. 10 Fa Jeso a tswa mo metsing, a bona magodimo a bulega mme Moya o Boitshepo wa fologela mo go ene o le mo popegong ya lephoi. 11 Mme lentswe la tswa ko magodimong, "O Morwaake yo ke mo ratang. Ke itumela thata mo go wena." 12 Gape Moya wa mo gogela ko sekakeng. 13 O ne a nna ko sekakeng malatsi a le masome a mane, a raelwa ke Satane. One a na le diphologolo tsa naga, baengele ba mo direla. 14 Jaanong ya re morago ga go tshwarwa ga ga Johane, Jeso a tla mo Galalea a rera mafoko a a molemo a Morena, 15 are "Nako e tsile, le bogosi jwa Modimo bo atametse. Ikwatlhaeng le be le dumele mo mafokong a a molemo." 16 Ya re a feta fa lewatleng la Galalea, a bona Simone Petere le Anterea morwaraagwe ba latlhela letloa mo lewatleng, ka ene e le batshwari ba ditlhapi. 17 Jeso a ba raya a re," ntshalang morago, ke tla lo dira batshwari ba batho." 18 Gone foo ba tlogela matloa a bone ba mo sala morago. 19 Jeso a tsamaya sekgelenyana,mme a bona Jakobe morwa Sebete le Johane morwarragwe; ba ne ba le mo mokorong ba baakanya matloa. 20 O ne a ba bitsa,ba tlogela rrabone Sebete mo mokorong le batlhanka ba ba hirilweng, mme ba mosala morago. 21 tla mo Kaperenaume ka Sabata, Jeso a ya ko sinagogeng go ruta. 22 Ba ne ba gakgamaditswe ke thuto ya gagwe, ka a ne a ruta jaaka motho yo o nang le taolo e seng jaaka bakwadi. 23 Gone foo go ne go le monna mo sinagogeng yo o neng a nale moya o o bosula, mme a goa mo gogolo 24 a re, "Re direng ka wena, Jeso wa Nazaretha? A o tsile go re senyaka? Ke a go itse. O yo o Boitshepo wa Modimo!" 25 Jeso a kgalemela letimona mme a re, "Didimala mme o tswe mo go ene!" 26 Moya o o bosula wa mo latlhela fa fatshe, wa goeletsa ka lentswe le legolo jaaka o tswa . 27 Batho botlhe ba ne ba gakgametse,ka jalo ba botsana dipotso, "Se ke eng? A ke thuto e ntsha ebile e na le taolo? Ebile fa a kgalema mewa e e bosula e a mo utlwa!" 28 Dikgang ka ene tsa phatlalala ka bofefo mo mafelong otlhe a kgaolo ya Galalea. 29 Morago ga go tswa ka sinagoga,ba tsena mo teng ga ntlo ya ga Simone le Anterea, ba na le Jakobe le Johane. 30 Jaanong mogwagwadia Simone o ne a robetse mo phateng mme a na le letshoroma, ba bolelela Jeso ka ene. 31 O ne a tla, a tsaya letsogo la gagwe, a mo emeletsa, a fola mme a ba fa dijo. 32 Maitseboa ao morago ga phirimo ya letsatsi, ba tsisa botlhe ba ba neng ba lwala le ba ba neng ba na le matimona. 33 Toropo yotlhe e ne ya kgobokana fa kgorong. 34 A fodisa bontsi jo bo neng bo lwala malwetsi a a farologaneng a koba le matimona, mme a seke a letlelele matimona go bua ka a ne a mo itse. 35 A kubuga go sa le makuku , go santse go le lefitshwana, a tsamaya mme a ya ko lefelong le le bofitlha a rapela. 36 Simone le bao ba ba neng ba nale ene ba mo senka. 37 Ya re ba mmona ba mo raya ba re, "Batho botlhe ba go batla." 38 A re, "A re yeng golo gongwe, ko ditoropong tse di gaufi go re ke tle ke rere teng le gone. Ke lone lebaka la go re ke bo ke tsile kwano." 39 A tsamaya Galalea otlhe, a ruta mo di sinagogeng a koba le matimona. 40 Molepero a tla ko go ene. A mo kopa; A khubama a mo raya a re."Fa o eletsa, ntira montle." 41 A nna mautlwelobotlhoko mo go ene, Jeso a otlolola letsogo a mo ama, a mo raya a re, "Ke a eletsa, ntlafadiwa ." 42 Ka ponyo ya leitlho lepero la fola , mme a ntlafala. 43 Jeso a mo tlhagisa a mo lesa a tsamaya. 44 A mo raya a re, "O seka wa raya ope sepe, mme tsamaya, itshupegetse moperesiti, o ntshe tshupelo e Moshe a laetseng go re e ntshiwe ke motho yo o fodisetsweng lepero jaaka bopaki mo go bone go re o bone pholo." 45 Mme a tsamaya a simolola go bolelela mongwe le mongwe a gasa lefoko thata mo go neng ga dira gore Jeso a seka a tsena ka toropo epe a phuthulogile. Jalo o ne a nna mo mafelong a a bofitlha, batho batla ko go ene gotsweng khutlo tse nne tsa lefatshe.