Kgaolo 1

1 Ke le Jakoba, motlhanka wa Modimo le Morena Jeso Keresete ke dumedisa merafe yotlhe ee lesome le bobedi e e haletseng. 2 Bakaulengwe, Itumeleng mo ditekong tsotlhe tse le di ralalang, 3 le itse gore go lekwa ga tumelo ya lona go tsisa boitshoko. 4 A boitshoko bo feleletse tiro ya bone, gore letle le gole le nne botlalo, le gore le se tlhaele sepe. 5 Mme fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a bokope mo Modimong, ene yo o neelang ka pelotshweu e bile a sa galefele botlhe ba ba kopang, mme o tlaa mo neela. 6 Mme a a kope mo tumelong, a sa belaele sepe. Le fa ele mang yo o belaelang o tshwana le lekhubu mo lewatleng le le kgaramediwang ke phefo e le kgarakgatsa. 7 Gonne motho wa go nna jalo a seka a akanya gore o ka amogela sepe mo Moreneng. 8 Motho yoo o tlhaloganyo tse pedi, gaa itekanna mo di tseleng tsa gagwe tsotlhe. 9 A mokaulengwe o o humanegileng a ikgantshe ka maemo a gagwe a a ko godimo, 10 mme monna yo o humileng o ikgantsha ka maemo a gagwe a a ko tlase, ka gore o tlaa feta jaaka sethunya sa naga sele mo tlhageng. 11 Gonne letsatsi le tlhaba ka mogote oo fisang obo o omeletsa tlhaga. Sethunya sewe, le bontle ba sone bo nyelelela. Ka tsela eo, monna wa mohumi o tlaa nyelelela mo gare ga mosepele wa gagwe. 12 Go sego monna yoo itshokelang dikgwetlho. Gonne morago gago fenya teko, o tlaa amogela korone ya botshelo, ee solofeditsweng bao ba ratang Modimo. 13 A ope a seka are fa a raelesegile are, ''Ke raetswe ke Modimo'', ka gore Modimo gaa raelwe ke bosula, le ene ka boene ga a raele ope. 14 Mme motho mongwe le mongwe o raelwe ke keletso ya gagwe, e e mo gogelang kgakala abo e mo tlakisa. 15 Jalo morago ga keletso e sena go ima, e tsala boleo. Fa boleo bo sena go gola, bo tsala leso. 16 Le seka la tsiediwa, bakaulengwe bame ba ba rategang. 17 Neo nngwe le nngwe ee siameng le neo nngwe le nngwe ee tlhapileng e tswa kwa godimo. Etla ko tlase go tswa ko Rara wa masedi. Mo go ene ga gona go fetoga kana mereti ka lebaka la go dikologa. 18 Modimo o tlhophile go re tshola ka lefoko la boammaaruri, gore re tle re nne mofuta wa maungo a ntlha wa dilo tsotlhe tse a di dirileng. 19 Le itse se, bakaulengwe bame baba rategang: a motho mongwe le mongwe a nne bofefo go utlwa, boya go bua, le bonya go galefa. 20 Gonne go galefa ga motho ga go bereke tshiamo ya Modimo. 21 Jalo tlogelang makgaphila otlhe a boleo le bontsi jwa maleo. Ko ntle ga boikgogomoso amogela lefoko le le jwadilweng, lele kgonang go boloka mewa ya lona. 22 Nnang babadi ba lefoko e seng ba utlwi fela, le itsietsa . 23 Gonne fa mongwe ele mo utlwi wa lefoko a sa le dire, o tshwana le monna yoo lebang sefatlhego sa gagwe sa tlholego mo seiponeng. 24 O a itebelela abo a tsamaya, ka bofefo a lebale gore one a ntse jang. 25 Mme motho yoo lebang ka keletlhoko mo molaong oo feletseng wa kgolelesego, abo a tswelele a dira seo, e se moutlwi fela yoo lebalang, motho yo o tlaa segofala mo ditirong tsa gagwe. 26 Fa mongwe a akanya gore ke modumedi, mme a sa laole leleme la gagwe, o tsietsa pelo ya gagwe, le bodumedi jwa gagwe ga bona mosola. 27 Tumelo ee phepa e bile e sena selabe fa pele ga Modimo wa rona le Rara ke se: go thusa masiela le batlholagadi baba mo kutlobotlhokong, go nna go sena selabe go tswa mo lefatsheng.