mutu 1

1 Bogologolo Modimo o ne a bua le borrarona mogolo ka baporofiti ka dinako tse dintsi le ditsela tse dintsi. 2 Mme mo malatsing ano a bofelo, Modimo o buile le rona ka Morwa, yo a mo tlhomileng mojaboswa wa dilo tsotlhe. Ke ka ene gore Modimo gape a bo a dirile lobopo. 3 Ke ene lesedi la kgalalelo ya Modimo, setho sa modimo ka sebele. O tshwaraganya dilo tsotlhe ka maatla a lefoko la gagwe. Morago ga go tlhatswa dibe a nna mo letsogong le legolo la yo Mogolo kwa godimo. 4 O nnile godimo go baengele, gonne leina le a le ruileng le legolo go na le la bone. 5 Ke mo go ofe wa baengele yo Modimo a mo reileng a re, "O morwaake, gompieno ke tla nna rrago" , Mme gape, "Ke tla nna rragwe, e tla nna morwaake"? 6 Mme gape Modimo fa a tsisa maitibilo mo lefatsheng, a re, "Botlhe baengele ba Modimo ba tshwanetse go mo obamela." 7 Ka ga baengele a re, "Ke ene yo o dirang baengele ba gagwe mewa, le batlhanka ba gagwe kgabo ya molelo." 8 Mme ka ga Morwa a re, "Setilo sa gago sa bogosi, Modimo ,se eme ka bosakhutleng. Lore lwa bogosi jwa gago ke lore lwa tshiamo. 9 O ratile tshiamo wa ila tlhoko molao. Ka jalo Modimo, Modimo wa gago, o go tloditse ka leokwane la boipelo go feta bao nang nabo." 10 Mo tshimologong, Morena, o ile wa thaya motheo wa lefatshe. Magodimo ke tiro ya diatla tsa gago. 11 A tlaa nyelela mme wena o tla tswelela, a tla a onala jaaka sekgethe sa diaparo. 12 O tla a phutha jaaka jase, mme a tla fetoga go nna sekgethe sa diaparo. Mme wena o tshwana fela, dingwaga tsa gago ga di khutle." 13 Ke ofe wa baengele yo Modimo a neng a mo raya a re, "Nna mo letsogong le legolo lame, go fitlhela ke dira baba ba gago go nna bonno ja dinao tsa gago?" 14 A botlhe baengele gase mewa e e direlang , le e e rumilweng go tlhokomela ba ba tlaa ruang poloko?