Kgaolo 2

1 Ka jalo re tshwanetse ra ela tlhoko thata tse re di utlwileng, gore re seka ra tswa mo go tsone. 2 Fa ele gore molaetsa o o neng o builwe ka baengele o boammaaruri, tlolo molao le tlhoko kutlo nngwe le nngwe e tla a amogela kotlhao, 3 re ka falola jang fa re ikgatholosa poloko e kgolo e? Poloko e ke e e builweng ke Morena e be ya tlhomamisiwa mo go rona ke ba ba e utlwileng. 4 Modimo o supile ka ditshupo le dikgakgamatso, le ditiro tse di maatla, le ka go aba dineo tsa Moya ka fa a ratang ka teng. 5 Ga se baengele ba Modimo a ba neetseng taolo ya lefatshe le le tlang, ka tse re di buang. 6 Le fa go ntse jalo, mongwe golo gongwe o buile, are, '' Motho ya bo e le mang, yo o akanyang ka ene? Kana morwa motho, yo o kgathalang ka ene? 7 O dirile motho a le ka fa tlase ga baengele; wa mo apesa ka kgalalelo le tlotlo. 8 O ne wa baya sengwe le sengwe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe.'' Ka gore ke ene yo Modimo a beileng dilo tsotlhe ka fa tlase ga taolo ya gagwe. Ga gona sepe se a se tlogetseng, se se ka fa tlase ga taolo ya gagwe. Mme jaanong gare ise re bone tseo tsotlhe tse di ka fa tlase ga taolo gagwe. 9 Mme re a bona gore yo o dirilweng mmotlana mo baengeleng ka nakwana: Jeso, yo, ka ntlha ya tshotlego le loso la gagwe, o apesitswe ka kgalalelo le tlotlo. Jaanong, ka tshegofatso ya Modimo, o re swetse rotlhe. 10 Gonne go ne go siametse Modimo, ka gore dilo tsotlhe di teng ka ene le ka ntlha ya gagwe, go tsisa barwa botlhe kgalalelong. Gone go mo siametse go dirwa moeteledipele wa poloko ya bone ka tshotlego ya gagwe. 11 Ka gore botlhe yo o itshepisang le ba ba itshepisitsweng ba na le motswedi o le mongwe. Ka jalo ga a tlhabiwe ke ditlhong go ba bitsa barwa rraagwe. 12 A re, ''Ke tlaa bolela leina la gago mo go barwarre, ke tla a opela ka wena mo diphuthegong.'' 13 Mme gape, ''ke tla a mo tshepa.'' Mme gape, ''Bona, ke fa le bana ba Modimo a mphileng bone.'' 14 Mme, ka bana ba Modimo ba kopanetse nama le madi, Jeso le ene a di kopanela le bone, gore ka loso a nyeletse ene yo o nang le maatla a loso, yo e leng saatane. 15 Se e ne e le gore a tle a golole ba ka poifo ya loso ba tshidileng matshelo a bone otlhe mo bokgobeng. 16 Ka gonne ga a tshwenyega ka baengele; mme o tshwenyegile ka peo ya ga Aborehama. 17 Jalo, go ne go le botlhokwa gore a tshwane le barwarraagwe ka ditsela tsotlhe, gore a tle a nne moperesiti mogolo yo o kutlwelo botlhoko le boikanyego mo dilong tsa Modimo, le gore a tle a ba itshwarele maleo a batho. 18 Ka gore Jeso ka sebele o bogile a bo a raelwa, ka jalo o kgona go thusa ba ba mo thaelong.