Kgaolo 3

1 Mme itse se: mo malatsing a bofelo go tla nna le nako tse di thata. 2 Ka jalo batho e tla nna baithati,barati ba madi,ba ikgantsha, ba ikgogomosa,ba tlhapatsa mowa o boitshepo,ba sena kutlo mo batsading, ba sa leboge, e bile ba se boitshepo. 3 Ba tla tlhoka lorato mo go ba malwapa a bone, ba sa agisanye, ba pateletsa, ba sena boikgapho, ba le dikgoka, ba sa rate go dira molemo. 4 Ba tla nna batsietsi, ditlhogo di thata ,ba ipona ba le botoka mo go ba bangwe,barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo. 5 Ba tla nna le setshwantsho sa poifomodimo, mme ba latola nonofo ya one.Tlogela batho ba. 6 Ka gore bangwe ba bone ke banna ba ba tsenang mo malwapeng ba bo ba tsietsa bomme ba dieleele ba ba nnang fela. Ba ke bomme ba ba rweleng maleo ba bo ba timetswa ke dikeletso tse di farolaganyeng. 7 Bomme ba ba nna ba ithuta fela, mme ga ba ke ba tla ka kitso ya boammaruri. 8 Ka tsela e ntseng jalo Jannese leJamberese ba emeng kgatlhanong le Moshe. Ka tsela e baruti ba e seng ba boammaruri ba le bone ba ema kgatlhanong le boammaruri. Ke banna ba ba senyakilweng mo tlhaloganyong, ba sa amogelwe mo go tsa tumelo. 9 Mme ga ba na go tswelelela gope kgakala.Gonne boeleele ja bone bo tla supega mo go botlhe fela jaaka jwa banna ba le. 10 Mme ka ga wena, o setse thuto ya me morago, o bona ka fa ke itshwarang ka teng, maikaelelo a me, tumelo ya me, boitshoko, lorato, bopelotelele, 11 dithokofatso, dipogisego le se se ntiragaletseng kwa Antioka, ko Ikoniamo le Lisetaria. Ke itshoketse ditlhokofatso. Mo go tse tsotlhe Morena o ne a nkgolola. 12 Botlhe ba ba eletsang go tshela ka tsela ya bomodimo mo go Keresete Jeso ba tla tlhokofadiwa. 13 Batho ba ba mewa e maswe le ba ba iketsisang ba tla senyegela pele. Ba tla timetsa ba bangwe. Bone ka bo bone ba timeditswe. 14 Mme wena, nna mo dilong tse o di ithutileng ebile o di dumetse. O itse gore o ithutile mo go mang. 15 Wa itse gore go tswa bonnyeng jwa gago o ntse o itse mekwalo e e boitshepo.Tse di kgona go go dira botlhale mo polokong ka tumelo mo go Keresete Jeso. 16 Dikwalo tsotlhe di tlhotlheleditswe ke Modimo. E siametse thuto, go kgalema, go baakanya le ikatisa mo tshiamong. 17 Go ntse jaana gore monna wa Modimo a bo a ipaakantse, a rutilwe go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.