Kgaolo 1

1 Paulo, mopostolo waga Keresete Jeso ka ntata ya gorata ga Modimo, go eng kafa tshelofetsong ya botshega jo bo mo go Keresete Jeso, 2 go Timotheo, morwaake o o rategang: tshogofatso, boitlwelobotlhoko le kagiso gotswa ko Modimong Rara le Keresete Jeso Morena wa rona. 3 Ke leboga Modimo, oke mo direlang go tswa go bo borremogolo, ka letswalo lele tlhapileng, jaaka kego gakologelwa nako tshotlhe mo dithapelong tsame bosigo le motshegare. 4 Jaaka ke gakologelwa dikeledi tsa gago, ke eletsa gogo bona, gore ketle ke tlale ka boitumelo. 5 Ke gakologelwa tumelo ya gago ya nnete, e lantlha e tshedileng mo go mmaagomogolo Loise le mmago Uneke. E bile ke dumela gore e tshela le mo go wena tota. 6 Le ke lone lebala la gogo gakolola go tukisa gape neo ya Modimo mogo wena ka go go baya diatla. 7 Gonne modimo ga oa re neela mowa wa poifo, mme wa nonofo le lerato le boitshwaro. 8 Jalo o seka wa tlhabisiwa ditlhong ke bopaki kaga Morena wa rona, kana kaga nna, Paulo, legolegwa la gagwe. Mme segolo, boga le nna mafoko aa molemo go eng kafa nonofong ya Modimo. 9 Ke Modimo a re bolokileng le go re bitsa ka pitso e e boitshepo. O dirile se, e seng go ya ka ditiro tsa rona, mme go ya ka lenaneo la gagwe le tshogofatso. O re neetse dilo tsena mo go Keresete Jeso pele ga nako e simologa. 10 Mme jaanong poloko ya Modimo e supilwe ka go bonala ga mmoloki wa rona Keresete Jeso. Ke Keresete o o fedisang leso ebile o tlisitse botshelo jobo sa khutleng go bonesa ka mafokong aa molemo. 11 Ka ntata ya se, kene ka beiwa moreri, mo apostolo, le moruti. 12 Ka lebaka la se ke boga dilo tse. Mme ga ke tlhabiwe ke ditlhong, gonne kea mo itse o ke mo dumetseng. Gonne kea a dumela gore oa kgona go tshegetsa seke se filweng ka tshepo go fitlhela letsatsi leo. 13 Tshegetsang sekai sa molaetsa oo boikanyego ole o utlwileng mogo nna, ka tumelo le lerato tse di mo go Keresete Jeso. 14 Selo sese molemo se Modimo a le se neetseng, sekateng ka Mowa oo Boitshepo, o o tshelang mogo rona. 15 Lea itse sena, gore botlhe baba tshelang mo Asia ba ntlhanogetse. Mo setlhopheng se ke Phegelase le Fegemonase. 16 A Morena a utlwele botlhoko ba ntlo yaga Onesephorase, gonne o nna a ntapolosa ebile ga a tlhabisiwe ditlhong ke keetane yame. 17 Mo boemong, fa ane a le mo Roma, one a mpatla ka botswapelo, ebile a mpona. 18 A Morena a mo neele go bona boutlwelo botlhoko gotswa mo go ene mo letsatsing leo. Le ka ditsela tsotlhe tse a nthusitseng ka tsone mo Efeso, o di itse sentle.