Kgaolo 3

1 Jaanong, ke a le kwalela, baratiwa, lekwalo le la bobedi e le kgakololo go hudua ditlhaloganyo tsa lona tse di phepa, 2 gore le tle le gakologelwe mafoko a a builweng bogologolo ke baporofiti ba ba boitshepo le taelo e re e filweng ke Morena le Mmoloki wa rona ka baaposetolo ba lona. 3 Itseng se pele, gore basotli ba tla tla mo metlheng ya bofelo. Ba tla sotla ba bo ba tswelela go ya ka fa dithatong tsa bone. 4 Ba tla re, ''E kae tsholofetso ya go boa ga gagwe? Go tloga ka nako e borraarona ba robetseng ka yone, dilo tsotlhe di ntse di tshwana, go tswa kwa tshimologong ya lebopo.'' 5 Ba itebatsa ka bomo gore magodimo le lefatshe a nnile teng go tswa mo metsing le ka one metsi, bogologolo jo bo fetileng, ka taelo ya Modimo, 6 le gone gore ka dilo tse, lefatshe la nako eo le ne la senngwa, le tladitswe ka metsi. 7 Mme jaanong magodimo le lefatshe di beetswe molelo ka taelo e e tshwanang le ya pele. Di beetswe letsatsi la katlholo le go senngwa ga batho ba ba senang bomodimo. 8 Le seka la tlhoka go lemoga, baratiwa, gore letsatsi le le lengwe le Morena le tshwana le dingwaga tse di sekete, le gore dingwaga tse di sekete di tshwana le letsatsi le le lengwe. 9 Morena ga a bonya mabapi le ditsholofetso tsa gagwe, jaaka bangwe ba kaya bonya. Boemong jwa seo, o pelotelele mo go lona. Ga a eletse gore ope wa lona a swe, mme ke gore mongwe le mongwe a bulegele go ikotlhaya. 10 Le fa go ntse jalo, letsatsi la Morena le tla tla jaaka legodu: Magodimo a tla fela ka modumo o mogolo. Tse di tshwaregang di tla fisiwa ka molelo, mme lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla senolwa. 11 Ka gore dilo tsotlhe di a go senngwa ka tsela e e ntseng jaana, le tshwanetse go nna batho ba mofuta mang? Le tshwanetse go tshela matshelo a a boitshepo a a nang le bomodimo. 12 Le tshwanetse go solofela la ba la fefosa go tla ga letsatsi la Modimo. Mo letsatsing leo, magodimo a tla senngwa ka molelo, mme tse di tshwaregang di tla nyerisiwa mo mogoteng o mogolo. 13 Mme go ya ka fa tsholofetsong ya gagwe, re letetse magodimo a masha le lefatshe le le sha, kwa tshiamo e tla nnang teng. 14 Jalo he, baratiwa, jaaka le solofetse dilo tse, dirang tse di gaisang gore le fitlhelwe le sena leswe le sena molato ope fa pele ga gagwe, mo kagisong. 15 Gape, tsayang bopelotelele jwa Morena e le poloko, jaaka mokaulengwe wa rona yo o rategang Paulo a le kwaletse, go ya ka botlhale jo a bo filweng. 16 Paulo o bua ka dilo tse mo makwalong otlhe a gagwe, mo go nang le dilo tse di thata go tlhaloganngwa. Batho ba ba senang kitso ebile ba sa iketla ba fetola dilo tse, fela jaaka ba dira ka dikwalo tse dingwe, go isa kwa tshenyegong ya bone. 17 Jalo he, baratiwa, ka le itse dilo tse, itiseng le tle seka la faposiwa ke tsietso ya batho ba ba senang molao le bo le latlhegelwa ke boikanyego jwa lona. 18 Mme golang mo tshegofatsong, le mo kitsong ya Morena le Mmoloki wa rona Jeso Keresete. A kgalalelo e isiwe go ene go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Amen!