Kgaolo 2

1 Baporofiti ba maaka ba tsile kwa bathong, le baruti ba maaka ba tla a tla kwa go lona. Ba tla a tsisa thero e e fapogileng e e senyang mo sephiring, mme ba tla a gana mong wa bone yo o ba rekileng. Ba tsisa tshenyo e e bofefo mo go bone. 2 Ba le bantsi ba tla sala morago bosutlha jwa bone, mo go bone tsela ya boammaaruri e tla a nyatsega. 3 Ka bopelotshetla ba tla a dira dipoelo ka lona ka mafoko a tsietso. Go atlholwa ga bone ga gona go diega; go senngwa ga bone ga go robale. 4 Modimo ga a lesa baengele ba ba leofileng. Boemong ja moo o ba tswaletse kwa Tatarase go ba baya mo dikeetaneng tsa lefifi go fitlhela katlholo. 5 Gape, ga a lesa lefatshe la bogologolo. Boemong jwa moo a babalela Noa, yo o neng e le moanamisi wa tshiamo, a na le ba le supa, fa a tlisa morwalela mo lefatsheng la ba ba senang bomodimo. 6 Modimo gape o ne a dira motse wa Sotoma le Gomora molora a ba atlhola ka go ba senya e le sekai, sa se se tlaa diragalelang ba ba senang bomodimo. 7 Mme ka ga Lote wa mosiami, yo o neng a gatelelwa ke boitshwaro jwa batho ba ba senang molao ba masutlha, Modimo wa mo namola. 8 Gonne mosiami wa motho, yo o neng a nna magareng ga bone letsatsi le letsatsi, one a tlhokofadiwa mo moweng ka ntlha ya se a neng a se bona le se a neng a se utlwa. 9 Morena o itse go boloka batho ba ba nang le bomodimo mo ditekong, le go tshwara basiamolodi go ba otlhaya ka letsatsi la katlholo. 10 Mo ke boammaaruri ka ba ba tswelelang mo dikeletsong tsa bobodu jwa nama ba nyatsa taolo. Ba pelokgale mo go direng se ba se ratang. Ga ba tshabe go roga ba ba galalelang. 11 Baengele ba na le maatla a magolo, mme ga ba tsise katlholo ya matlhapa kgatlhanong le bone kwa Moreneng. 12 Mme diphologolo tse di senang tlhaloganyo tse ka tlholego di diretswe go tshwarwa le go senngwa.Ga di itse se di se tlhapatsang. Di tla a senngwa. 13 Di tla a amogela maduo a go sa dira sentle. Di akanya gore go ikgatlhisa mo letsatsing ke selo se se itumedisang. Di ja monate wa tiro tsa tsone tsa tsietso di santse di e ja mokete le lona. 14 Ba na le matlho a a tletseng basadi ba diaka, ga ba kgotsofadiwe ke boleo. Ba raela mewa e e sa iketlang mo tshiamololong, mme dipelo tsa bone di katisitswe mo bohatlheng. Ke bana ba phutso! 15 Ba tlogetse tsela e e siameng. Ba fapogile, ba setse morago tsela ya ga Balama Morwa Beore, yo o neng a rata go amogela tuelo ya tshiamololo. 16 Mme a amogela kgalemo ka ntlha ya ditlolo tsa gagwe. Tonki e e sa bueng ya bua ka lentswe la motho go emisa botsenwa jwa moporofiti. 17 Bo rre ba ba tshwana le metswedi e e senang metsi. Ba tshwana le maru a a kgweediwang ke matsubutsubu. Ba beetswe lefifi le lentsho. 18 Ba bua ka makgakga a a senang sepe. Ba raela batho ka dikeletso tsa nama. Ba raela batho ba ba lekang go falola go tswa mo go ba ba tshelelang mo diphosong. 19 Ba ba solofetsa kgololo, mme bone ka sebele ke makgoba a bobodu. Ka gore monna ke lekgoba la sepe se se mo fenyang. 20 Ope yo o falolang go tladiwa leswe ke lefatshe ka kitso ya Morena le Mmoloki Jeso Keresete,a bo a boela kwa dilong tsele tse di tlatsang leswe gape, seemo sa bone se senyegela pele go gaisa seemo sa ntlha, 21 Gone go ka be go nnile ha ba ne ba sa itse tsela ya tshiamo go na le go e itse ba bo ba hularela taolo e e boitshepo e ba e neetsweng. 22 Seane se ke boammaaruri mo go bone: ''Ntsa e boela kwa matlhatseng a yone. Kolobe e e tlhatswitsweng e boela kwa seretseng.''