Kgaolo 1

1 Paulo, moaposetolo wa ga Jeso Keresete ka thato ya Modimo, Le Timotheo morwaarona, go yeng ko kerekeng ya Modimo e e ko Korinta, le badumedi botlhe ba ba mo kgaolong ya Akasia. 2 A tsogofatso ene mo go lona le kagiso e tswang ko go Modimo Rara le Morena Jeso Keresete. 3 A Modimo le Rara wa Morena wa rona Jeso Kereserete a galalediwe. Ke Rara wa mautlwelo botlhoko le Modimo wa kgomotso yotlhe. 4 Modimo wa re gomotsa mo dipogisegong tsa rona tsotlhe, gore re tle re gomotse ba ba mo dipogisegong. Re gomotsa ba bangwe ka kgomotso e re gomoditsweng ka yone ke Modimo. 5 Fela jaaka Keresete a tlhokofaditswe ntateng ya rona, ka jalo le kgomotso re e bona ka Keresete. 6 Mme fa e le gore re a tlhokofadiwa, se se direlwa Poloko le kgomotso ya lona; le fa re gomodiwa, re gomoletswa lona. Jaanong Kgomotso ya lona e bereka sentle fa le ralala dipogisego tse re di raletseng ka bopelotelele. 7 Go tlhoka poifo ga rona ka lona go tlhomame, gonne re a itse gore fa le ralala dipogisego tse di tshwanang le tsa rona, le tla a boa gape le nna bo ntlha bongwe le rona mo kgomotsong. 8 Gone ga re rate la tlhoka go itse bakaulengwe ka dipogisego tse re nnileng le tsone kwa Asia. Re ne ra bogisiwa ka tsela e e fetang ka fa re ka itsokang ka teng, ka tsela e, re neng re eletsa go swa. 9 Ka boammaruri, re ne ra ikutlwela ka tlholelo loso mo go rona. Mme se, se ne se dira gore re seka ra tsepamisa tshepho mo go rona, mme re itsepamise mo Modimong, yo o tsosang baswi. 10 O re faloditse go tswa mo lesong le nyeletsang, O tla a boa a re golola gape. Re na le go tlhoka poifo mo go ene gore o tla a re golola gape. 11 O tla dira se, fa lentse le re thusa ka di thapelo. Gone ba bantsi ba tla a fa malebogo mo boemong jwa rona ka boutlwelo botlhoko jo re bo boneng ntateng ya dithapelo tsa ba le bantsi. 12 Re motlotlo ka se: Bopaki jwa digakolodi tsa rona. Gonne e ne e le ka maikelelo a itshekileng le ka boammaruri jo bo tswang ko Modimong ka fa re neng ra itsaya ka teng mo lefatsheng. Re dirile dilo tsotlhe le go feta le lona eseng ka botlhale jwa selefatshe, mme ka tshegofatso ya Modimo. 13 Ga re a le kwalela sepe se le ka sekeng la se bala kgotsa go se tlhaloganya. Ke solofela gore, 14 fela jaaka le re tlhalogantse ka bontlha bongwe, re tla a nna le lebaka la gore re ka ipoka ka letsatsi la Morena wa rona Jeso, fela jaaka e tla a nna le baka la rona go ipoka. 15 Ka gore ke ne ke sena poifo ka se, ke ne ke batla go tla ko go lona pele, gore le tle le bone maduo a go etelwa gabedi. ke ne ke rulagantse go le etela mo tseleng ya me go ya ko Masetonia. 16 Ke ne ke batla gape gore ke le etela fa ke bowa ko Masetonia, le gore le tle le nthome mo tseleng yame ga ya ko Jutia. 17 Fa ke akanya ka tsela e , a ke ne ke tsietsega? A ke rulaganya dilo go eyeng ka selekanyo sa tlhaloganyo ya setho, gore ke ne kere "Ee, Ee" le "Nyaa, Nyaa" ka nako e le ngwe fela? 18 Fela jaaka modimo a le boikanyego, ga re re "Ee" a bo re re "Nyaa" ka nako e ngwe fela. 19 Gonne morwa Modimo, Jeso Keresete, yo Salifinase, Temotheo le Nna re buileng ka ene mo go lona, ga se wa "Ee" le "Nyaa." Boemong O nna ka nako tsotlhe ele "Ee." 20 Gonne ditsolofetso tsa Modimo tsotlhe ke "Ee" mo go ene. Le rona re buiwe ka Ene re re "Amen" go galaletsa Modimo. 21 Jaanong ke Modimo yo a re tlhomamisang le lona mo go Keresete, le gore o re romile. 22 O beile sekano sa gagwe mo go rona ebile o beile Mowa wa gagwe mo di pelong e le se supo sa mo a tla re se re fang fa nako e tsweletse. 23 Boemong, ke bitsa Modimo go nna mosupi wame gore lebaka la gore abo ke satla ko Korinta ke gore ke le itshwarele. 24 Mo e seka gore re batla go le laolela gore tumelo ya lona e nne eng. Boemong re bereka le lona go isa boitumelong, jaaka le eme mo tumelong.