Kgaolo 3

1 Mme nna, bakaulengwe, ke ne ke ka se bue le lona jaaka batho ba semoya, mme e le jaaka batho ba senama, jaaka masea mo go Keresete. 2 Ke le otlile ka masi, e seng dijo tse di tiileng, gonne le ne le sa di nonofela, le gompieno ga lo ise lo nonofe. 3 Ka gonne lo santse lo le mo senameng. Fa lefufa le dintwa di santse di le mo go lona, a ga lo tshele ka fa senameng, gape a ga lo tsamae ka fa sethong? 4 Fa yo mongwe a re, "ke wa ga Paulo," yo mongwe a re, "ke wa ga Apolo," a ga lo tshele ka fa sethong? 5 Apolo ke mang? Paulo ke mang? Batlhanka ba le dumetseng ka bone, yo Morena a abetseng mongwe le mongwe wa bone ditiro. 6 Ke jetse, Apolo o noseditse, mme Modimo ene o godisitse. 7 Ka jalo, yo o jetseng le yo o noseditseng ga se sepe. Mme Modimo ke ene a godisang. 8 Jaanong yo o jalang le yo o nosetsang ba a lekana, mme mongwe le mongwe o tlaa amogela tuelo go ya ka tiro ya gagwe. 9 Gonne re badira-mmogo le Modimo, le tshingwana ya Modimo, kago ya Modimo. 10 Go yeng ka tshegofatso ya Modimo e ke e neetsweng jaaka moagi yo o nang le maitemogelo, ke beile motheo mme yo mongwe o aga mo go one. Mme a mongwe le mongwe a ele tlhoko ka fa a agang ka teng mo go one. 11 Gonne ga go ope yo o ka bayang motheo o sele fa e se one fela yo o thailweng, e bong Jeso Keresete. 12 Jaanong fa mongwe a aga mo motheong ka gauta, selefera, maje a mantle, dikgong, bojang kana lotlhaka, 13 tiro ya gagwe e tlaa bonatshega, gonne letsatsi le tlaa e bonatsa. Gonne e tlaa senolwa mo molelong. Molelo o tlaa leka boleng jwa se mongwe le mongwe a se dirileng. 15 Fa tiro ya mongwe e sa sha, o tla amogela tuelo; 14 mme fa tiro ya mongwe e ka sha, o tla senyegelwa, mme ene ka sebele o tla bolokwa, jaaka yo o falolang molelo. 16 A ga lo itse gore lo tempele ya Modimo le gore Mowa wa Modimo o tshela mo go lona? 17 Fa mongwe a senya Tempele ya Modimo, Modimo o tla senya motho yoo. Gonne Tempele ya Modimo e boitshepo, jaaka lona. 20 A go se nne ope yo o itsietsang. Fa mongwe mo go lona a akanya gore o botlhale mo nakong e, a a nne "seeleele" gore a atle a nne botlhale. 18 Gonne botlhale jwa lefatshe le ke boeleele mo Modimong. Gonne go kwadilwe gatwe, "O tshwara batlhalefi ka boferefere jwa bone." 19 Gape, "Morena o itse gore go ipuelela ga ba ba botlhale ke boithamako." 21 Ka moo a go se nne ope yo o ipokang ka batho! Gonne dilo tsotlhe ke tsa lona, 22 a ke Paulo, kana Apolo, kana Kefa, kana lefatshe, kana botshelo, kana loso, kana dilo tsa gone jaana kana tse di tlang. Dilo tsotlhe ke tsa lona, 23 lona le ba ga Keresete, Keresete ene ke wa Modimo.