Kgaolo 2

1 E rile fa ke tla kwa go lona, bakaulengwe, ga ke atla ka kitso ya go itse go bua kana ka botlhale go le senolela dilo tse di fitlhegileng tsa Modimo. 2 Gonne ga ke a ikaelela go itse sepe fa ke le gareng ga lona fa e se Jeso Keresete fela, ene yo o bapotsweng. 3 Mme ke ne ke na le lona mo bokoeng, le mo poifong le mo thoromong e kgolo. 4 Mme molaetsa wa me le thero ya me e ne e tsa tshupo botlhale. Le fa go ntse jalo, di ne di na le tshupegetso ya Moya le maatla, 5 gore tumelo ya lona e seka ya nna mo botlhaleng jwa setho, mme mo maatleng a Modimo. 6 Jaanong re bua botlhale mo go ba ba godileng, mme e seng botlhale jwa lefatshe leno, kgotsa jwa babusi ba dingwaga tseno ba ba tlhokafalang. 7 Le fa go ntse jalo, re bua botlhale jwa Modimo mo boammaaruring jo bo fitlhegileng, botlhale jo bo fitlhegileng jo Modimo a saleng a bo rulagantse pele ga dingwaga tsa kgalalelo ya rona. 8 Ga gona babusi bape mo dingwageng tseno ba ba neng ba itse botlhale jo, ka gore fa ba ne ba bo tlhalogantse ka nako tseo, ba ka ne ba sa bapola Morena wa kgalalelo. 9 Mme jaaka go kwadilwe, ''dilo tse leitlho lepe le sa di bonang, go sena tsebe epe e e di utlwilweng, go sena tlhaloganyo e e di akantseng, dilo tse Modimo a di baakanyeditseng ba ba mo ratang.'' 10 Tseo ke dilo tse Modimo a re di senoletseng ka Moya. Gonne Moya o sekaseka sengwe le sengwe, le dilo tse di boteng tsa Modimo. 11 Ke mang yo o itseng dikakanyo tsa motho fa e se moya wa motho yo o mo go ene? Mme gape, ga gona ope yo o itseng dilo tse di fitlhegileng tsa Modimo kwa ntleng ga one Moya wa Modimo. 12 Mme ga re a amogela Moya wa Lefatse, mme moya yo o tswang kwa Modimong, gore re tle re itse dilo tse re di filweng mahala ke Modimo. 13 Re bua ka dilo tse ka mafoko a botlhale jwa motho bo ka se kgonneng go a ruta, mme a re a rutwang ke Moya. Moya o tolokolola mafoko a semoya ka botlhale jwa semoya. 14 Motho yo e seng wa semoya ga a amogele dilo tsa Moya wa Modimo, gonne ke boeleele mo go ene. Ga a ka ke a di itse ka gore di kakobiwa semoa. 15 Yo o mo semoeng o atlhola dilo tsotlhe, mme ga a ka fa tlase ga katlholo ya ba bangwe. 16 ''Ke mang yo o ka itseng tlhaloganyo ya Morena, yo o ka mo laelang?'' Mme re na le tlhaloganyo ya ga Keresete.