Kgaolo 3

1 Thapelo ya ga moporofeta Habakuke: 2 Modimo Yawe, ke utlwile pego ya gago, ebile ke tshogile.Modimo Yawe, tsosolosa tiro ya gago mo gare ga dinako tse; mo gare ga dinako tse dira gore e itsagale; gakologelwa go nna le kutlwelobotlhoko mo gare ga tshakgalo ya gago. 3 Modimo o tlile a tswa Temana, le Yo o Boitshepo go tswa Thabeng ya Parana. Sela. Kgalalelo ya gagwe e ne e apesitse magodimo, le lefatshe le ne le tletse ka kgalaletso ya gagwe. 4 Marang a mabedi a letsogo la gagwe a ne a galalela jaaka legadima, kwa nonofo ya gagwe e neng e fitlhegileng teng. 5 Bolwetse jo bo maswe jwa tla fa pele ga gagwe, le petso ya tla fa morago ga dinao tsa gagwe. 6 O ne a ema a lekanya lefatshe; a leba mme a tshikinya ditshaba. Le tsone dithaba tsa sennela ruri tsa sugakana, le dithabana tsa sennela ruri tsa obama. Mmila wa gagwe ke wa bosakhutleng. 7 Ke bone ditante tsa Kushana di le mo kutlobotlhokong, le matsela a ditante mo lefatsheng la Mediana di roroma. 8 A Modimo Yawe o ne a galefetse dinoka? A tshakgalo ya gago e ne e le kgatlhanong le dinoka, kana kgatlhanong le lewatle, fa o pagame dipitse tsa gago le dikoloi tsa gago tsa phenyo? 9 O ne wa ntsha thebe ya gago e sena kapesa; o beile metswi mo thebeng ya gago! Sela. O kgaogantse lefatshe le dinoka. 10 Dithaba di go bone mme tsa roroma ka kutlobotlhoko. Metsi a a tshologelang ko tlase a feta ka tsone; lewatle le le ko teng la tsholetsa modumo. La tsholetsa makhubu a lone. 11 Letsatsi le ngwedi tsa ema di sa tshikinyege kwa godimo mo leseding la metswi ya gago mme tsa fofa, mo phatsimong ya segai sa gago. 12 O tsamaile mo godimo ga lefatshe ka bogale. Mo tshakgalong o sentse ditshaba. 13 O tswetse ko ntle ka poloko ya batho ba gago, ka lebaka la poloko ya motlodiwa wa gago. O kgaola tlhogo ya ntlo ya baikepi go supa tshimologo ya molala. Sela. 14 O tlhabile tlhogo ya batlhabani ba gagwe ka metswi ya gagwe hela jaaka ba ne ba tlile jaaka legadima go tla go re phatlalatsa, maikgantsho a bone a tshwana le a motho a kometsa motlhoki mo lefelong le le iphitlhileng. 15 O raletse lewatle ka dipitse tsa gago, mme wa kgobokanya metsi a magolo. 16 Ke utlwile,mme dikarolo tsa me tse di ko teng tsa roroma! molomo wa me wa dira modumo. Go bola go tla mo marapong a me, le ka fa tlase game ka thoromako jaaka ke emetse ka tidimalo go tla ga batho ba ba re tlhaselang. 17 Le fa setlhare sa mofeige se sa tswe makwati gape se sa ungwe go tswa mofineng; le fa go ntsha maungo ga setlhare sa motlhware go le ko tlase ditshimo le tsone ga di ntshe dijo; le go akanya gore letsomane le kgaotswe mo lesakeng le gore ga gona dikgomo mo merakeng, se ke se ketla se dirang. 18 Le fa go ntse jalo, ke tla a ipela mo go Modimo Yawe. Ke tlaa itumela ka lebaka la Modimo wa poloko yame. 19 Morena Yawe ke nonofo yame e bile o dira dikgato tsame jaaka tsa phuduhudu. O dira gore ke tsamaele ko pele mo mafelong a me a a ko godimo.-Go moopedi mogolo, mo mathaleng a dikatara tsame.