Kgaolo 2

1 Ke tla palamelela ko ntlong e e ko godimo ya bolebeledi ko ke tla nnang teng ke lebeletse ka thata go utlwa se a tla se mpolelelang le gore aa ke tla tlogela go ngongorega game. 2 Modimo Yawe a nkaraba are, "o kwale ponatsego e, o kwale go bonala mo matlepeng gore yo o balang a taboge ka yone. 3 Ka gore ponatshego e keya nako e e tlang, mme ko pheletsong e tla bua a bo e diragala. Le fa e ka diega, o e emele. Ka gore e tla tla, mme ga e kake ya diega. 4 Bonang! Bao ba dikeletso tse di sa siamang baa ikgogomosa. Mme basiami ba tlaa tshela ka tumelo ya gagwe. 5 Ka gore mofine o latlhisa mokawana yo o mabela tsela gore a seka a nna le kutlo, mme o godisa keletso ya gagwe jaaka lebitla le leso, ga e kgotsofale. O ikgobokanyetsa ditshaba tsotlhe kabo ene abo a ikgobokanyetsa batho botlhe. 6 A tse tsotlhe ga dina go baka dikgang tsa go mo sotlaka le go opela dipina tsa tshotlo ka ga ene, ba re, " Go matlhabisa ditlhong go yo o oketsang se e seng sa gagwe. O ya go tsaya lebaka le le kae o ntse o ikgagapelela se eseng sa lona. 7 A bao ba ba le lomang ba tla seke ba tsholediwe ka bonako, le ba ba le tshosang ba tsosiwe? o tlaa nna motswasetlhabelo wa bone. 8 Ka gore o setse o utswetse batho ba le bantsi, botlhe ba ba tshelang ba tla go utswela. Ka gore o tsholotse madi a batho abo o kgokgontsha lefatshe, le ditoropo, le botlhe ba ba nnang mo go lone. 9 Go matlhabisa ditlhong mo go bone ba ba agang matlo ka madi a a sa itshekang, gore atle a age ntlo ya gagwe ko godimo ko e sireletsegileng teng. 10 O tlisitse matlhabisa ditlhong mo ntlong ya gago ka gore o gatakile ba bangwe gape o iphutsitse. 11 Matlapa a lebotana atlaa goeletsa mme le ditlhomeso di tlaa araba. 12 Go matlhabisa ditlhong mo go bao ba agang motse ka tshololo ya madi, le bao ba ba agileng toropo ka madi a tsietso. 13 A gago tswe mo go Modimo Yawe wa masomosomo gore ba a aga mme go tla nyelediwa ke molelo, le ditshaba tse dingwe di tla bo di berekela lefela? 14 Mme lefatshe le tla bo le tladitswe ka kitso ya kgalalelo ya Modimo Yawe jaaka metsi a apesa lewatle. 15 Go matlhabisa ditlhong mo go bao ba ba nosang baagisanyi ba bone, lona ba le tsenyang botlhole go fitlhelela ba tagiwa gore le tle le bone go sa ikategang ga bone. 16 Le tla tlhabisiwa ditlhong tse di tseneletseng go nale tshegofatso. Le tla e nwa le lona, le bo le supa gosaikategang ga gago. Kopi ya ga Modimo Yawe ya letsogo le legolo e tla boela ko go wena, mme matlhabisaditlhong a gago a tlaa feta tlotlo ya gago. 17 Kgokgontsho e e diragetseng ko Lebanone etla go tlatsa kutlobotlhoko mme go tshenyo ya diphologolo e tla go tshosa. Gonne o dirile tshololo ya madi gape o kgokgontshitse lefatshe, ditoropo le botlhe ba ba nnang mo go tsone. 18 Medingwana ya lona ya disetwa ele tswela mosola kaeng? Ka yo o e bopileng, kana yo o dirileng a dirisa tshipi, ke morutabana wa maaka; ka o tshepha tiro ya matsogo a gagwe fa a dira medingwana ya disetwa e e sa bueng. 19 Go matlhabisa ditlhong mo go bao ba ba rayang dikgong bare, tsoga! kana mo letlapeng, Emelela! A dilo tse dia ruta? Bonang, ka di apesitswe ka selefera le gauta, mme gagona botshelo mo go tsone. 20 Mme Modimo Yawe o mo Tempele ya gagwe e e boitshepo! Le didimaleng fa pele ga gagwe , lefatshe lotlhe."