Kgaolo 1

1 Molaetsa o moporofeta Habakuku ao amogetseng, 2 "Modimo Yawe, ke tshwanetse go lelala thuso lebaka le le kae, mme o sa nkutlwe? Ke leletse ko go wena ka letshogo,"kgokgontsho!' wa seka wa mpoloka. 3 Ke eng o dira gore ke bone boleo, le go lebelela bosula? Tshenyego le kgokgontsho di fa pele game, go na le kgogakgogano, le dintwa di a oketsega. 4 Jaanong molao wa nyatsega, dikatlholo ga di tsee lobaka. Ka gore baleofi ba dikologile basiame; Jaanong dikatlholo tse e seng tsa nnete di a diragadiwa." Modimo Yawe a fetola Habakuku 5 Lebelela ditshaba,o ba ithute; o tlaa makala! Ka gore ke gaufi le go dira sengwe mo malatsing a gago, se o tlaa se keng o se dumele fa o se bolelelwa. 6 Jaanong bona! ke gaufi le go tsosolosa Batshaletea- setshaba sese bogale ba le bofefo- ba gwanta mo lefatsheng lotlhe go ya ko phelelong ba gapa lefatshe le eseng la bone. 7 Ba a tshosa le go boifisa; katlholo ya bone le bontle jwa bone di tswa mo go bone fela. 8 Dipitse tsa bone le tsone di bofefo go feta nkwe, di bonako go gaisa diphiri tsa bosigo. Dipitse tsa bone di lobelo, bapalami ba tsone ba tswa kgakala- di fofa jaaka dintsu di itlhaganeletse go ja. 9 Botlhe ba tlela kgokgontsho, matshwititshwiti a bone a tla jaaka phefo ya sekaka, ba kgobokanya batshwarwa jaaka motlhaba. 10 Ba sotla dikgosi, le babusi ke metlae fela mo go bone. Ba tshega mafelo a itshireletso, ka gore ba kgobokanya mmu mme ba ba tshware. 11 Phefo e tlaa tla ka pela; e fete- badiramolato, ba tshepo ya bone e leng mo modimong wa bone". Habakuku o botsa Modimo Yawe potso e nngwe 12 A ga o tswe mo nakong tsa bogololong, Yawe Modimo wame, yo o Boitshepo? Ga nke re swe. Modimo Yawe o ba tlhomamiseditse katlholo, le wena, Lentswe, o ba baakanyeditse kotlhao. 13 Matlho a gago a phepa go ka lebelela bosula, ga o kgone go lebelela bosula ka letlhogonolo; ke eng jaanong o lebile ba ba go itatolang ka letlhogonolo? Ke eng o didimetse mme baleofi ba metsa basiame go ba feta? 14 O dira batho jaaka ditlhapi mo lewatleng, jaaka digagabi tse di senang molaodi. 15 Ba ba kgogetsa jaaka ditlhapi,ba gogela batho ntle ka matloa, ba ba kgobokanyetse mo matloeng a bone. Ke sone se ba itumetseng le go ipela. 16 Jaanong ba ntshetsa matloa a bone ditlhabelo mme ba fisetse matloa a bone lenko ,ka gore dipholo tse di mafura ke seabe sa bone, le nama ee mafura ke dijo tsa bone. 17 A ba tlaa kgaritlha matloa a bone, ba tswelele ka go kgebetha ditshaba ba sena boutlwelobotlhoko?"