Kgaolo 6

1 Gona le bosula jo ke bo boneng ka fa tlase ga letsatsi, mme bo maswe mo bathong. 2 Modimo o ka fa dikhumo, katlego le tlotlo mo mothong gore a seka a tlhaela sepe mo go se a se eletsang, mme Modimo a se ke a mo fe bokgoni jwa go se itumelela. le fa go ntse jalo motho mogwe a se itirisetse. Mo ke lefela, bosula jwa pogisego. 3 Fa monna a na le bana ba le 100 a ba a tshela dingwa tse dintsi, go re malatsi a dingwa tsa gagwe a nne mantsi, mme fa pelo ya gagwe e sa kgotsofalela ka tse di molemo mme a sa fitlhwa ka tlotlo, jaanong ka re ngwana yo tshotshweng a sule o botoka gona le ene. 4 Le ene ngwana yo o tsholwang mo go senang sepe a bo a fetele mo lefifing, mme leina la gagwe le seke le itsewe. 5 Le fa ngwana yo a sa bona letsatsi, kgotsa a sa itse sepe, o itapolositse le fa gone monna yoo a sa go dira. 6 Le fa motho a tshela dingwaga di le 2000 mme a sa ithute go itumelela dilo tse di molemo, o ya kwa lefelong le le tshwanang le la mongwe le mongwe fela. 7 Le fa tiro ya motho e le go tlatsa molomo wa gagwe, mme keletso ya gagwe ga e kgotsofale. 8 Tota, ke eng se motho yo botlhale o ka nna naso go feta seeleele? Ke poelo e feng ya monna wa mohumanegi a nang le yone le fa a ka tswa a itse go direla fa pele ga batho ba bangwe? 9 Go botoka go kgotsofadiwa ke se matlho a se bonang gona le go eletsa sa keletso e e kgarakgatshegang, se ke lefela le go leka go alola phefo. 10 Sengwe le sengwe se se tshidileng se setse se neetswe leina, se motho a leng sone se setse se itsewe. Jaanong go ka seke go nna botlhokwa go ganetsanya le moatlhodi wa tsotlhe. 11 Bontsi jwa mafoko a a buiwang, bontsi a nna lolea, jaanong thuso ya teng ya bo e le eng mo mothong? 12 Ke mang yo ka itseng tsotlhe ka motho mo botshelo jwa gagwe jwa boithamako, malatsi a gagwe a a badilweng a feta jaaka moriti? Ke mang yo ka bolelelang motho se se ka diragalang ka fa tlase ga letsatsi a sena go tlhokafala?