Kgaolo 7

1 Leina le lentle le gaisa lenko le le turang, letsatsi la go swa le botlhokwa go na le letsatsi la go tsholwa. 2 Go botaka go ya ko ntlong ya khutsafalo gona le ko moletlong, ka gore kutlobotlhoko e tlela batho botlhe ko phelelong ya botshelo, jalo batho ba ba tshelang ba tshwanetse go tsaya sena tsia. 3 Kutlobotlhoko e botoka go na le setshego, ka gore morago ga sefatlhego sa kutlobotlhoko go tla boitumelo jwa pelo. 4 Pelo ya ba ba botlhale emo ntlong ya kutlobotlhoko, mme pelo ya dieleele emo meletlong. 5 Go botoka go reetsa kgalo ya ba ba botlhale go na le go reetsa pina ya dieleele. 6 Jaaka go thunya ga mitlwa e e tukang ka fa tlase ga pitsa, le setshego sa dieleele se ntse jalo. Se le sone ke lefela. 7 Tsietso e dira ba ba botlhale dieleele, le pipamolomo e senya pelo. 8 Go botlhokwa phelelo ya kgang go na le tshimologo; batho ba ba pelotelele mo moweng ba botoka go na le ba ba ikgogomosang mo moweng. 9 O seka wa itlhaganelela go galefa mo moweng, ka gore bogale bo tswa mo pelong ya dieleele. 10 O seka ware, " Ke eng fa malatsi a bogologolo ale botoka go nale le a?" Ka gore ga se ka ntlha ya botlhale go bo o botsa potso e. 11 Botlhale bo tlhwatlhwa kgolo fela jaaka boswa jo re bo tsereng mo badimong ba rona. Bo neela dipoelo mo go ba ba boneng letsatsi. 12 Ka gore botlhale bo neela tshireletso jaaka madi a ka neela tshireletso, mme bo molemo jwa kitso ke gore botlhale bo neela yoo nang le bone botshelo. 13 Ela tlhoko ditiro tsa Modimo: Ke mang yo o ka tlhamalatsang sengwe se Modimo a se sentseng.? 14 Fa dinako dile monate, tshela monate mo nakong eo, mme mo nakong ee bosula, ela tlhoko se: Modimo o dirile gore dinako tseo tsotlhe di nne teng. Ka lobaka le , ga go na ope yo o ka lemongang sepe se tlaa mo diragalelang. 15 Ke bone dilo di le dintsi mo malatsing ame a a senang mosola. Go na le batho ba swang e ntse ele basiame, le baleofi ba ba tshelang lobaka le le leele ka boleo jwa bone. 16 O seka wa nna le tshiamo ya gago, o nna botlhale o matlhong a gago. Ke eng o tshwanetse go itshenyaka? 17 O seka wa nna bosula le seeleele. Ke eng o tshwanetse go swa pele ga nako ya gago? 18 A go molemo go itshwarelela ka botlhale jo, le gore o seka wa tlogela tshiamo. Ka gore motho yo o boifang Modimo o tlaa kopana le dikgwetlho tsa gagwe. 19 Botlhale bo nonofile mo mothong yo o botlhale, go feta babusi ba ba lesome ba ditoropo. 20 Ga gona motho yo o botlhale mo lefatsheng yo o dirang molemo mme a seke a leofa. 21 O seka wa reetsa lefoko lengwe le lengwe lele boiwang, ka gore oka tloga wa utlwa motlhanka wa gago a go hutsa. 22 Go tshwana fela le wena wa itse mo pelo ya gago gore o hutsitse ba bangwe. 23 Dilo tse tsotlhe ke di supile ka botlhale. Ke rile, " ke tlaa nna botlhale," mme ke go fetisa jaaka ke ne ke ka nna. 24 Botlhale bo fetile ebile bo boteng. Ke mang yo oka bo bonang? 25 Ke butse pelo yame go ithuta le go tlhatlhoba le go senka botlhale le ditlhaloso tsa dilo tse diragalang, le go tlhaloganya gore bosula ke bo eleele le gore boeleele ke botsenwa. 26 Ke lemogile gore mosadi yo pelo ya gagwe e tletseng ka diselaga o botlhoko go feta leso , yo le mabogo a gagwe e le dikeetane. Yo o itumedisang Modimo o tlaa mo falola, mme o tlaa tsaya moleofi. 27 "Ela tlhoko se ke se lemogileng", ga bua Moruti. " Ke ntse ke tsenya boitemogelo morago ga jo bongwe gore ke tle ke lemoge tlhaloso ya ditiragalo. 28 Se ke sone se ke santseng ke se batla, mme ga ke ise ke se bone. Ke bone motho yoo boitshepo fa gare ga ba ba sekete, mme ga ke a bona le fa ele mosadi fa gare ga bone. 29 Ke lemogile se: gore Modimo o dirile batho ka tshiamo, mme bone ba dule go ya go senka mathata.