Kgaolo 3

1 Utlwa lefoko le Modimo Yahwee a le buileng kgatlhanong le wena ; batho ba Iseraele, kgatlhanong le lelwapa lotlhe le ke le ntshitseng ko lefatsheng la Egepeto, '' 2 Ke ikgethetse wena fela mo malwapeng otlhe a lefatshe. Jalo ke tsile gole otlhaela maleo otlhe a lona.'' 3 A bobedi bo ka tsamaya mmogo fa e se fela fa ba dumalane? 4 A tau eka duma mo sekgweng e sa tshwara sengwe? A tau e nnye e ka kgorotlha mo bonnong jwa yone e sa tshwara sepe? 5 A nonyane e ka wela mo selageng go sena sepe se e se okang se e se beetsweng? A selaga se ka tlola sa ikopela gotswa mo mmung se sa tshwara sepe? 6 Lonaka lo ka gelebetega mo toropong mme batho ba se ka ba tshoga ? A sebetso se ka tla mo toropong Modimo Yawee a sa se romela? 7 Ammaaruri Morena Yawee ga a kitla a dira sepe ntleng le gore a ba a senoletse batlhanka ba gagwe, baporofiti lenaneo la gagwe. 8 Tau e rorile; ke mang yo o tla sekeng a boife? Morena Yawee o buile; ke mang yo o tla sekeng a porofiti? 9 Bua se phatlalatsa mo dikagong tse di thata tsa Ashetota, le mo dikagong tse di thata tse di mo lefatsheng la Egepeto; o re, ''Kgobokanang mo dithabeng tsa Samarea mme le bone tlhakatlhakano e kgolo e e mo go ene, le kgatelelo e e mo go ene. 10 Gonne ga ba itse go dira se se siameng- se ke puo ya ga Modimo Yawee- Ba ikokotleletsa dintwa le tshenyego mo dikagong tsa bone tse di thata.'' 11 Jalo he, se ke se Modimo Yawee a se buang, ''Mmaba o tla dikaganyetsa lefatshe. O tla digela fatshe dikago tsa lona tse di thata a bo a thukhutha dikago tsa lona tse di thata.'' 12 Se ke se Modimo Yawee a se buang, ''Fela jaaka modisa a falotsa maoto a mabedi fela mo leganog la tau, kana ka karolwana ya tsebe, ka tsela e e ntseng jalo batho ba Isaraele ba ba nnang kwa Samaria ba tla namolwa, fela ka ntlhana ya setilo kana ka ntlhana ya bolao.'' 13 Utlwang mme le pakele ba ntlo ya ga Jakobe- se ke se se buiwang ke Modimo Yawee, wa masomosomo, 14 ''Gonne ka letsatsi le ke tla otlhayang maleo a Iseraele, ke tla atlhola gape dialetara tsa Bethele. Dinaka tsa aletara di tla kgaolwa di bo di wela fa fatshe. 15 Ke tla senya ntlo ya mariga ka ntlo ya selemo. Matlo a magolo a a kgabisitsweng a tla nyelela le matlo a magolo a tla nyelela, - se ke puo ya ga Modimo Yawee''.