Kgaolo 2

1 Se ke se Modimo Yahweh a se buang: ''Ka lebaka la maleo a mararo a Moabe, le fa a le mane, ga ke kitla ke boela morago kotlhao, gonne o fisitse marapo a kgosi ya Etome gore a nne jaaka kalaka. 2 Ke tla romelela Moabe molelo, o tla ja dikago tsa phemelo tsa Keriote. Moabe o tla swa mo modumong wa bogale, ka go goa le ka modumo wa torompeta. 3 Ke tla senya moatlhodi yo o mo go ene, gape ke tla bolaya le magosana otlhe le ene,'' go bua Modimo Yahweh. 4 Se ke se Modimo Yahweh a se buang: ''Ka lebaka la maleo a mararo a ga Juta, le fa a le mane, ga ke kitla ke boela morago kotlhao, gonne ba ganne molao wa Modimo Yahweh ebile ga ba a tshegetsa ditaolo tsa gagwe. Maaka a bone a dirile gore ba timele, selo se borraabone ba se dirileng. 5 Ke tla romelela Juta molelo, o tla ja dikago tsa phemelo tsa Jerusalema.'' 6 Se ke se Modimo Yahweh a se buang: ''Ka lebaka la maleo a mararo a Iseraele, le fa a le mane, ga ke kitla ke boela morago kotlhao, gonne ba rekisitse ba ba senang molato ka selefera ba bo ba rekisa batlhoki ka dimpeetshane tse pedi. 7 Ba gata ditlhogo tsa bahumanegi jaaka batho ba gata lerole le le fa fatshe; ba kgarameletsa ba ba gateletsweng kgakala. Monna le rraagwe ba robala le mosetsana a le mongwe mme ba leswafatsa leina la me le le boitshepo. 8 Ba robala fa thoko ga aletara nngwe le nngwe mo diaparong tse di tserweng mo go ba bangwe go ba patika go duela, le mo ntlong ya Modimo wa bone ba nwa mofine wa ba ba atlhotsweng go duela ka one. 9 Ke sentse Moamore fa pele ga bone, yo boleele jwa gagwe bo neng bo lekana le boleele jwa ditlhare tsa maseta; o ne a le thata jaaka maoka. Ke sentse leungo la gagwe kwa godimo le medi ya gagwe kwa tlase. 10 Gape, ke le ntshitse go tswa kwa lefatsheng la Egepeto ka le etelela pele dingwaga di le 40 mo sekakeng go tsaya lefatshe la Baamore. 11 Ke godisitse baporofiti gare ga bana ba basimane ba lona le Banasareta gare ga makawana a lona. A ga go a nna jalo, batho ba Iseraele?-- Modimo Yahweh o bolela se. 12 Mme le rotloeditse Banasareta go nwa mofine la bo la laola baporofiti gore ba se ka ba porofita. 13 Bonang, ke tla le pepetla jaaka kolotsana e e tletseng mabele e ka pepetle mongwe. 14 Motho yo o bofefo ga a na go bona go falola; yo o thata ga a na go oketsa thata ya gagwe; le fa e le yo o maatla ga a na go ipoloka. 15 Yo o hulang metswi ga a na go ema ka dinao; yo o sianang ka bofefo ga a na go falola; mopalami wa pitse ga a na go ipoloka. 16 Le batlhabani ba ba pelokgale ba tla a sia ba sa ikatega ka letsatsi leo - Modimo Yahweh o bolela se.''