Kgaolo 1

1 Tse ke dilo tse di mabapi le Iseraele ka Amose, mongwe wa badisa mo Tekoa, o amogetse tshenolo.O amogetse dilo tse mo malatsing a ga Usia kgosi ya Juta, gape le mo malatsing a ga Jeroboama morwa Joase kgosi ya Iseraele, ngwaga tse pedi pele ga thoromo ya lefatshe. 2 O rile, ''Modimo Yawe otlaa duma gotswa Sione; o tlaa tsholetsa lentswe la gagwe go tswa Jerusalema. Mafudiso a badisa a tla a omelela; ko godimo ga thaba ya Karamele go tlaa swaba.'' 3 Se ke se Modimo Yawe a se buang: ''Mo maleong a mararo a Tamasekase, le fa e le a mane, ga ke kake ka busa kotlhao, ka gore ba kgaogantse peo mo thabeng ya Geliate ka di dirisiwa tsa tshipi. 4 Ke tla a romela molelo mo teng ga ntlo ya ga Hasaela, mme o tla a kometsa mafelo a tshireletsego a ga Bene Hatate. 5 Ke tla a roba dikgoro tsa tshipi tsa Tamasekase abo ke kgaola monna yo o nnang mo Bikate Afene, le monna yo o tsholang lore ko Betha Etene. Batho ba Arama ba tla a ya botshwarong ko Kiri,'' go bua Modimo Yawe. 6 Se ke se Modimo Yawe a se buang: ''Mo maleong a mararo a Gasa, le fa ele a mane, ga ke na go retolola kotlhao, ka gore ba isitse botshwarong batho botlhe, go ba rolela ko Etomo. 7 Ke tla a romela molelo mo mabotaneng a Gasa, o tla a kometsa mafelo a tshireletsego. 8 Ke tla a kgaola monna yo o nnang mo Ashatote, le monna yo o tsholang lore go tswa Ashekelone. Ke tla a retolola letsogo la me kgatlhanong le Ekerone, le botlhe ba Filisita ba tla a nyelela.'' Go bua Modimo Yawe. 9 Se ke se Modimo Yawe a se buang: ''Mo maleong a mararo a Tire le ha ele a mane,ga kena go retolola kotlhao, ka gore ba setse ba neetse batho botlhe ko Etomo, mme ba kgaoganya kgolagano ya bosika. 10 Ke tlaa romela molelo mo mabotaneng a Tire, mme o tla a kometsa mafelo a gagwe a tshireletsego.'' 11 Se ke se Modimo Yawe a se buang, ''Mo maleong a mararo a Etome, le fa a le mane, ga ke na go retolola kotlhao, ka gore o lelekile kgaitsadie ka tshaka mme wa phatlalatsa bosula. Bogale jwa gagwe jwa tswelela ka go tukela, le tshakgalo ya gagwe ya nnela ruri. 12 Ke tla a romela molelo mo Temana, mme o tla a kometsa bodulo jwa magosi a Bosera.'' 13 Se ke se Modimo Yawe a se buang, ''Mo maleong a mararo a Amone, le fa a le mane, ga ke retolole kotlhao, gonne ba butse ka go kgagola bomme ba ba itsholofetseng ba Geliate, gore batle ba oketse melelwane ya bone. 14 Ke tla a tshuba molelo mo mabotaneng a Raba, mme o tla a kometsa bodulo jwa magosi, ka go goeletsa ka letsatsi la ntwa, ka tshenyo ya phefo, 15 Kgosi ya bone e tlaa tsena mo botshwarong, ene le magosana a gagwe ,'' go bua Modimo Yawe.