KGAOLO 6

1 Ke ne ka leba fa kwana e bula nngwe ya dikano tse supa, ka utlwa nngwe ya ditshidi tse nne se bua ka lentswe le le dumang jaaka tladi,'' Tlaya'' 2 Ka leba mme gone gona le pitse e tshweu. Mopalami wa yone a tshotse motsu, mme o ne a neelwa korone. A tswa jaaka mofenyi go tla go fenya. 3 E rile fa kwana e bula sekano sa bobedi, ka utlwa setshidi sa bobedi se re, ''Tlaya'' 4 Ka jalo pitse e nngwe ya tla e le bohibidu jwa molelo, mopalami wa yone a neetswe teseletso ya go tsaya kagiso mo lefatsheng, gore batho ba lone ba bolaane. Mopalami yo o ne a neetswe tshaka e kgolo. 5 E rile kwana e bula sekano sa boraro, ka utlwa setshidi sa boraro se re, ''Tlaya!'' Ke bonye pitse e ntsho, mme mopalami wa yone o tshotse dikale tse pedi ka letsogo la gagwe. 6 Ka utlwa se se tshwanang lentswe la ditshidi tse nne tsa lefatshe lere, ''Mogopo o tletse wa korong ele tuelo ya letsatsi lele bereketsweng, le megopo e meraro ya korong e le tuelo. Mme o seka wa senya leokwane le mofine.'' 7 E rile kwana e bula sekano sa bone, ka utlwa lentswe la setshidi sere, ''Tlaya!'' 8 Ka bona pitse ya mmala oo letlobo. Mopalami wa yone a bidiwa Leso, le Bobipo o ne a mo setse morago. Ba ne ba neetswe teseletso ya bongwe mo boneng jwa lefatshe, go bolaya ka tshaka, leuba le bolwetse le mo diphologolong tsa naga tsa lefatshe. 9 E rile kwana e bula sekano sa botlhano, ka bona ka fa tlase ga aletara mewa ya ba ba bolailweng ka ntlha ya lefoko la Modimo le mapaki a ba neng ba na le one. 10 Ba lela ka lentswe le le kwa godimo, ''Go goleele go le kae, Mmusi wa botlhe, yo o boitshepo le boammaaruri, o sa atlhole ba ba nnang mo lefatsheng go fitlhela o busolosetsa madi a rona? 11 Ka jalo mongwe le mongwe wa bone o ne a neelwa kojwana e tshweu e telele mme bane ba bolelelwa gore ba lete ka sebakanyana go fitlhela palo e e tletseng malata a a kileng a nna a bone, bakaulengwe go fitlhelelwa go ko go bone baba tshwanetsweng go bolawa, jaaka bane ba bolailwe. 12 E rile kwana e bula sekano sa borataro, ke ne ka leba ka bona thoromo e kgolo ya lefatshe. Letsatsi la nna lentsho jaaka letsela la kutlo botlhoko. Ngwedi oo tletseng wa nna bohibidu jaaka madi. 13 Dinaledi tsa legodimo tsa wela mo lefatsheng, jaaka setlhare sa mositara se diga maungo a sone aa sa omelelang fa se tshikinngwa ke phefo . 14 Lewapi la nyelela jaaka lokwalo le le menagantswe sentle. Thaba nngwe le nngwe le setlhaketlhake tsa sutisiwa mo mannong a tsone. 15 Ka jalo dikgosi tsa lefatshe le batho ba ba botlhokwa, le bagolwane, bahumi, ba ba nonofileng, le mongwe le mongwe, malata le ba bagolotsweng, ba iphitlha mo magageng le mo gareng ga mantswe a dithaba, ba raya dithaba le mantswe bare,'' 16 Re wele, Re fitlhe mo sefatlhegong sa yo o ntseng mo setilong sa bogosi le mo bogaleng jwa kwana. 17 Go nne letsatsi le legolo la tshakgalo le gorogile. Ke mang yoo tlaa kgonang go ema?''