KGAOLO 16

1 Ke utlwile lentswe le legolo le goa go tswa mo tempelenng le raya baengele ba ba supa (7) le re, '' Tsamaya o ye go tshela kwa lefatsheng megopo e supa (7) ya tshakgalo ya Modimo.'' 2 Moengele wa ntlha ( 1) a tsamaya a ya go tshela mogopo wa gagwe ko lefatsheng; dintho tse di maswe tse di botlhoko tsa tswa mo bathong ba ba nang le letshwao la sebatana, ba ba neng ba obamela setshwano sa gagwe. 3 Moengele wa bobedi (2) a tshololela mogopo wa gagwe mo lewatleng. Ya nna madi, jaaka madi a motho yo o suleng, mme setshidi sengwe le sengwe se se mo lewatleng sa a swa. 4 Moengele wa boraro (3) a tshololela mogopo wa gagwe mo dinokeng le metswedi ya metsi, ya fetoga madi. 5 Ka utlwa moengele wa metsi a re, '' O tshiamo, wena yo o teng, le yo o neng o le teng, wena yo o boitshepo, ka gore o atlhotse dilo tse. 6 Ka gore ba tsholotse madi a badumedi le baporofita, o ne wa ba neela madi go a nwa, ke se se ba tshwanetseng.'' 7 Ka utlwa aletara e fetola e re,'' Ee, Morena Modimo Mothatayotlhe, dikatlholo tsa gago di tshiamo le boammaaruri.'' 8 Moengele wa bone (4) a tshololela mogopo wa gagwe mo letsatsing, o ne a letleletswe go fisa batho ka molelo. 9 Ba ne ba fisiwa ke mogote o mogolo, mme ba tlhapatsa leina la Modimo, yo o nang le dinonofo go feta ditlhokofatso. Ba seka ba ikotlhaa le fa ele go mo neela kgalaletso. 10 Ka jalo moengele wa botlhano (5) a tshololela mogopo mo setilong sa sebatana, mme lefifi la apesa mmuso wa sone. Ba tshotlha maleme a bone ka lebaka la botlhoko. 11 Ba tlhapatsa Modimo wa legodimo ka lebaka la botlhoko le dintho, mme ba tswelela ba gana go ikotlhaya mo go se ba se dirileng. 12 Moengele wa borataro (6) a tshololela mogopo wa gagwe mo nokeng e kgolo, ya Efarete. Metsi a yone a ne a omelediwa go baakanyetsa dikgosi tsela e e tla a tswang ko botlhaba. 13 Ke bonye mewa e e maswe e meraro (3) e tshwana le digogwane di tswa mo melomong ya kgwanyape, sebatana, le moporofeta wa maaka. 14 Gonne ke mewa ya matimona e e diragatsang metlholo ya ditshupegetso. Ba ne baya kwa dikgosing tsa lefatshe lotlhe ba ba phutha go ya ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe. 15 (''Bona! Ke etla jaaka legodu! Gosego yo o nnang a lebeletse, a baakantse diaparo tsa gagwe gore a seka a tsamaya a sa apara a ba bo ba bona matlhabisa ditlhong a seemo sa gagwe'') 16 Ba ba tsisa ga mmogo ko lefelong le le bidiwang Amakitione mo Hebera. 17 Jalo moengele wa bosupa (7) a tshololela mogopo wa gagwe mo phefong. Mme ga tswa lentswe le legolo go tswa mo tempeleng le tswa mo setilong sa bogosi, le re,'' go weditswe!'' 18 Go ne gona le go phatsima ga dikgadima, le ditumo tsa maru, dithoromo tsa lefatshe tse di kgolo, thoromo ya lefatshe e kgolo e e iseng e diragale fa e sale motho a nna mo lefatsheng. 19 Toropo e kgolo e ne ya kgaogana ka karololo tse tharo (3) le ditoropo tsa ditshaba tsa gosomana. Mme Modimo a gopola Babilone yo mogolo, mme a neela toropo e o bojalwa bo dirilwe ka tshakgalo e kgolo. 20 Setlhaketlhake sengwe le sengwe sa nyelela, dithaba di ne di sa tlhole di bonala. 21 Sefako se segolo, sa bokete sa tla tlase go tswa lewaping sa wela batho. Ba hutsa Modimo ka ditlhokofatso tsa sefako ka gore ditlhokofatso tse di ne di le dikgolo.