Kgaolo 4

1 Ka jalo bona, letsatsi le etla, le le tshubang jaaka lefelo la phisetso, fa botlhe ba ba makgakga le badirabosula ba tla lailega. Letsatsi le le tlang le tla ba laila,'' go bua Morena wa masomosomo. ''mo ba tla salang ba sena le fa e le modi kana kala. 2 Mme lona ba le boifang leina la me, letsatsi la tshiamo le tla tlhaba le belegi phodiso mo diphokeng tsa lone. Le tla tswela kwa ntle, mmedinamane le tla kalapa jaaka di tswan mo serubing. 3 Ka lone letsatsi leo le tla gataka badirabosula, gonne ba tla nna jaaka molora ka fa tlase ga dinao tsa lona ka letsatsi le ke tsayang kgato,'' go bua Morena wa masomosomo. 4 ''Gakologelwang molao wa motlhanka wa me Moshe o ke mo laetseng kwa Horeba go o fa Baeseraele botlhe, melawana le dikatlholo. 5 Bonang, ke tla le romelela Isaya wa moporofete pele ga go goroga ga letsatsi le le legolo le le tshabegang la Morena. 6 O tla retololela dipelo tsa borraabana go di isa ko baneng, le dipelo tsa bana kwa go borraa bone, go re ke se ka ka tla go nyeletsa lefatshe ke tshinyego e kgolo.''