Kgaolo 3

1 ''Bonang, ke gaufi le go romela morongwa wa me, mme o tla siamisaditsela fa pele ga me. Jalo Morena, yo o mo snkang, o tla tloga a tla kwa tempeleng ya gagwe. Morongwa wa kgolagano e o itumelang mo go yone, bona, o tla tla,'' go bua Morena wa masomosomo. 2 Mme ke mang yo tla itshokelang letsatsi le a tlang ka lone? Kemang yo o tla kgonang go ema fa a bonala? Gonne o tla tshwana le molelo o o tlhotlhang le molora o o tlhatswang. 3 O tla nna jaaka motlhotlhi le montlafatshe wa selefera, mme o tla ntlafatsa barwaa Lefi. O tla ba tlhotlha jaaka gouta le selefera, mme ba tlisa dikabelo tsa tshiamo kwa go Morena. 4 Jalo moneelo wa Juta le Jerusalema o tla itumedisa Morna, jaaka ka malatsi a bogologolo, ka dingwagatsa pele. 5 Mme ke tla lo atlamela ka katlholo. Ke tla nna mosupi kgatlhanong le baloi, bagokagadi, ba ba ikananelang timetso, le ba ba gatelelang yo o tlhapilweng mo dituelong tsa gagwe, ba ba gatelelang baswagadi le masiela, kgatlhanong le ba ba lelekang bafaladi, mme ebile ke kgatlhanong le ba ba sa mpheng totlo,'' go bua Morena wa masomosomo. 6 ''Gonne nna, Morena, ga ke a fetoga ka gope; ka jalo lona dikokomana tsa ga Jakoba ga le a nyelediwa. 7 Go tsweng mo malatsing a borraalona le fapogetse melawana ya me mme ga le a e boloka. Boelang kwa nna, mme le nna ke tla boela kwa go lona,'' go bua Morena wa masomsomo. ''Mme le a botsa, ''Re tla boela jang?'' 8 Aa motho o ka thukutha Modimo? Mme lona lo a nthukutha. Mme lo a re, ''Re go thukuthile jang'' Ka tsa bosome le dikabelo tsa neo. 9 Le hutsitswe ka phutso, ka go nne le a nthukutha, lona tshaba yotlhe fela. 10 Lereng tsa bosome tsotlhe fela mo ntlong ya polokelo, go re go nne le dijo mo ntlong ya me, mme le nteke jaana mo go se,'' go bua Morena wa masomosomo, ''go re aa ga kena go le bulela matlhabaphefo a magodimo go tshololela masego mo go lona, go fitlhelela le tlhoka fa le ka bayang teng. 11 Ke tla kgalemela sesinyi sa dijalo tsa lona, go re diseka tsa senya thobo ya lefathse la lona. Ditlhare tsa lona tsa mofine mo masimong ga di na go latlhegelwa ke maungo a tsone," go bua Morena wa masomosomo. 12 Ditshaba tsotlhe di tla le bitsa basegofadiwa,'' go bua Morena wa masomosomo. 13 ''Mafoko a lona mo go nna a nnile bogale,'' go bua Morena. 14 ''Mme lo a tle lo re,'re kile ra bua jang mo gareng g a rona kgatlhanong le wena?' le a tle le re, 'Ga go na mosola go direla Modimo. Re boetswe ke eng re sena go tshegetsa tsotlhe tse di tlhokegang ebile re tsamaile mo khutsafalong ga pele ga Morena wa masomosomo? 15 Jaanong re bitsa badirabosula basegofadiwa. Badirebosula ga ba tswelele pele fela, mme ebile ba leka Modimo mme ba falole.'' 16 Bao ba ba boifang Morena ba ne ba bua mo gareng ga bone. Morena a tlhwaa tsebe a reetsa, mme lokwalo lwa dikgakololo le ne lwa kwalwa mo ponong ya gagwe ka ba ba boifang Morena mme batlotle leina la gagwe. 17 ''Ba tla nna ba me,'' go bua Morena wa masomosomo,'' batho ba me ba ba rategang thata, mo go lone letsatsi leo le ke tla diragatsang. Ke tla bautlwelabotlhoko, jaaka motho a utlwelabotlhoko morwaawe yo o mo direlang. 18 Mme ebile gape, o tla farologanya fa gare ga mosiame le modirabosula, le fa gare ga yo o obamelang Modimo le yo o sa mo obameleng.