Kgaolo 1

1 Bokete jwa lefoko la Morena mo Iseraele ka letsogo la ga Malaki. 2 ''Ke go ratile,''' go bua Morena. Mme wena wa re, "O rer ratile jang?" "'A Esau e ne e se morwarragwe Jakobe?" go bua Morena. ''Le fa go ntse jalo nna ke ratile Jakobe, 3 mme ka ila Esau. Ke dirile dithaba tsa gagwe go nna tse di itlhkomolositsweng, mme ka dira go re boswa jwa gagwe bo nne jaaka boago jwa bophokoje ba naga.'' 4 Fa Edom a ka re, ''re fentswe, mme re tla boa go tla re aga gape matlotla," Morena wa masomosomo o tla a re, ''ba ka aga gape, mme ke tla a diga gape. Bangwe ba tla ba bitsa 'Lefatshe la bosula' le 'Batho ba Morena a batenegetseng ruri.' 5 Matlho a lona a tla bona se, mme le tla re, 'Morena o mogolo go feta le melelwane ya Iseraele.' 6 "Morwa o tlotla rraagwe, mme motlhanka o tlotla morena wa gagwe. Fa nna, ke le morwaamotho, jalo tlotlego ya me e fa kae? Fa ke le morena, tlotlego ya me jalo e kae?'' go bua Morena wa masomosomo mo go lona baperesete, ba lo nyatsang leina la me. "Mme lo a tle lo rre, 're nyaditse leina la gago jang?' 7 Ka go baya senkgwe se se leswafetseng mo sebesong sa me. Mme lo a re, 're go leswafaditse jang?' Ka go re bojelo jwa Morena bo tlhabisa ditlhong. 8 Fa le ntsha setlhabelo sa diphologolo tse di foufetseng, aa ga se jone bosula joo? Fa le ntsha tse di bogle le tse di lwalang, aa moo ga se bosula? Isetseng molaodi wa lona tsone tse! Aa o ka di amogela kana o tla tsholetsa sefatlhego sa lona?'' go bua Morena wa Masomosomo. 9 Jalo le nna ka go botsa sefatlhego sa Modimo, go re a nne pelontle mo go rona. Mme fela Morena wa masomosomo a re fale tshotse setlhabelo seo mo diatleng tsa lona, aa o ka tsholetsa sefatlhego sa ga ope wa lona? 10 Aa tlhe, fa fela go ne go ka nna le ope wa lona yo o neng a ka tswala dikgoro tsa tempele, go re go sek ga nna le ope yo o ka gotsang melelo mo sebesong sa me go sa tlhokafale! Ga ke itumelele sepe mo go lona,'' go bua Morena wa masomosomo, "gape ga ke na go amogela setlhabelo sepe se se tswang mo seatleng sa lona. 11 Ka jalo go tswa kwa tlhabong ya letsatsi go ya phirimong ya lone leina la me le tla nna legolo moditshabeng le mo mafelong otlhe a maswalo le ditlhabelo tsa mabele a a phepafaditsweng di tla ntshediwang leina la me teng. Go nne leina la me le tla nna legolo,'' go bua Morena wa masomosomo. 12 Mme fela le a le tlontlolola fa le re bojelo jwa Morena bo leswafetse, le go re maungo a jone, le dijo, di nyadiwe. 13 Mme gape lo a re, 'Go lapisa jang,' le gore le hemela mo go lone,' go bua Morena wa masomosomo. "Lo tlisa se se golafetseng kana se na le bogole kana se se lwalang go nna setlhabelo. Aa ke amogele se go tswa mo seatleng sa gago?'' go bua Morena. 14 "A motsietse a hutsege ene yo o nang le phologolo mo leruong la gagwe mme a ikanne go e ntshetsa nna, Morena, e e nang le bogole! Go nne ke kgosi e kgolo,'' go bua Morena wa masomosomo, ''mme leina la me le tla tlotliwa mo ditshabeng.''