Kgaolo 1

1 Mo tshimologong, Modimo a dira magodimo le lefatshe. 2 Lefatshe le ne le sena popego le sena sepe. Lefifi le ne le e fa godimo ga boteng. Mowa wa modimo o ne o tsamaya fa godimo ga metsi. 3 Modimo a re, '' A go nne lesedi, '' mme ga nna lesedi. 4 Modimo a bona lesedi, go ne go le molemo. A kgaoganya lesedi le lefifi. 5 Modimo a bitsa lesedi ''motshegare'', mme lefifi la bitswa ''bosigo''. Se sa nna maitseboa le moso, se a le letsatsi la ntlha. 6 Modimo a re, '''A go nne phuthologo fa gare ga metsi, e farologanye metsi le metsi''. 7 Modimo o ne a dira phothologo mme a kgaoganya metsi aa kwa tlase ga phuthologo le a a kwa godimo ga phuthologo. Ga nna jalo. 8 Modimo a bitsa phuthologo '' lewatle''. Se ene e le maitseboa le moso, letsatsi lwa bobedi. 9 Modimo a re, ''A metsi a a kwa tlase ga lewapi a kgobokane go le gongwe, a go nne lefelo ka komelelo''. Ga nna jalo. 10 Modimo a bitsa lefelo la komelelo ''lefatshe'', le metsi a kgobokanye ''mawatle''. A bona go le molemo. 11 Modimo a re, ''A lefatshe le thoge bojang, dimela tse dintshaa peo le ditlhare tsa maungo a dipeo tse di leng mo maungo, jaaka mefuta wa yone.'' Ga nna jalo. 12 Lefatshe la tlhoga bojang, dimela tsa ntsha peo morago ga mofuta wa yone, ditlhare tsa ntsha maungo a ne a nale dipeo mo go one, morago gs mofutawa yone. Modimo a bona go le molemo. 13 E ne e le maitseboa le moso, letsatsi laboraro. 14 Modimo a re, '' A go nne lesedi mo lewaping go kgaoganya letsatsi le bosigo go bo go nna ditshupegetso, tsa dipaka, tsa malatsi le dingwaga. 15 A go nne lesedi mo lewaping go fa lefatshe lesedi''. Ga nna fela jalo. 16 Modimo o dirile masedi a mabedi a magolo, lesedi le legolo go busa motshegare, le lesedi le le nnye go busa bosigo. O dirile dinaledi gape. 17 Modimo a di romela kwa lewaping go fa lefatshe lesedi, 18 go busa motshegare le bosigo tota, le go kgaoganya lesedi go tswa mo lefifing. Modimo a bona go le molemo. 19 Seo e ne e le maitseboa le phakela, tsatsi la bone. 20 Modimo a re, '' A metsi a tlale ka ditshidi tse dikgolo tse di tshelang, le dinonyane di fofe kwa godimo ga lefatshe mo phuthologong ya loapi.'' 21 Modimo a dira ditshidi tsa lewatle, gape le setshidi sengwe le sengwemorago ga go tshela ga sone, ditshidi tse di tsamayang le go tlatsa metsi gongwe le gongwe, le nonyane ya diphuka ka losika lwa yone. Modimo o ne a bona go le molemo. 22 Modimo a di segofatsa, a re, ''Atlang lo ntsifale, le tlatse metsi mo mawatleng. A dinonyane di ntsifale, le tlatse metsi mo mawatleng. A dinonyane di ntsifale mo lefatsheng''. 23 E ne e le maitseboa le moso, letsatsi la botlhano. 24 Modimo a re,'' A lefatshe le ntshe ditshidi tse di tshelang, go ya ka tshika ya tsone, diruiwa, digagabi, le diphologolo tsa naga mo lefatsheng, sengwe le sengwe go ya ka tshika ya sone,'' Ga nna jalo. 25 Modimo a dira diphologolo tsa naga mo lefatshe ka tshika ya tsone, diruiwa ka mofuta wa tsone, le sengwe le sengwe segagabi fa fatshe ka tshika ya sone. A bona go le molemo. 26 Modimo a re,'' A re dire motho mo tshwanong ya rona, morago ga thato ya rona.a banne le taolo mo ditlhaping tsa lewatle, mo dinonyaneng tsa loapi, mo leruong, gongwe le gongwe mo lefatsheng, le sengwe le sengwe segagabi se se gagabang mo lefatsheng. 27 Modimo o dirile motho mo tshwanong ya gagwe. Motshwanong ya gagwe a mo dira. Monna le mosadi a ba dira. 28 Modimo a ba segofatsa a ba raya a re, atlang le ntsifale . Le tlatse lefatshe, le lefenye. Nnang le taolo mo ditlhaping tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le setshidi sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng.'' 29 Modimo a re,''Bonang ke lo file semela sengwe le sengwe se se ntshang peo fa godimo ga lefatshe, le setlhare sa maungo a a nang le peo. E tla nna dijo go lona. 30 Go phologolo ngwe le ngwe ya lefatshe, go nonyane ya magodimo, le segagabi sengwe le sengwe mo lefatsheng, le setshidi sepe fela se se hemang mo botshelong ke se file dimela tse ditala go nna sejo. ''Ga nna jalo''. 31 Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng. Bonang, go ne go le molemo. Go ne go le maitseboa le moso, letsatsi la borataro.