Kgaolo 1

1 Paulo, jaaka a biditswe ke Keresete Jeso go nna moaposetola go ya ka fa thatong ya Modimo, le Sotenase mokaulengwe wa rona, 2 go kerekeng ya Modimo kwa Kuranta, ko go ba ba ntlafaditsweng mo go Keresete Jeso, ba ba biditsweng go nna batho ba ba boitshepo. Gape re kwalela botlhe ba bitsang leina la Morena wa rona Jeso Keresete mo lefelong lengwe le lengwe, Modimo wa bone le wa rona. 3 A tshegofatso le kagiso di nne le lona go tswa go Modimo Rara le Morena Jeso Keresete. 4 Ke nna ke isa malebo ko Modimong wa me ka lona, ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo e Keresete Jeso a lo e neileng. 5 O le humisitse ka tsela nngwe le nngwe, ka puo yotlhe le ka kitso yotlhe, 6 fela jaaka bopaki ka ga Keresete bo rurifaditswe go nna nnete mo go lona. 7 Ka jalo ga le tlhoke neo epe ya semoya jaaka le letile ka botswapelo tshenolelo ya Morena wa rona Jeso Keresete. 8 O tlaa le nonotsha gape go ya bosakhutleng, gore le bo le sena selabe ka letsatsi la Morena wa rona Jeso Keresete. 9 Modimo o a ikanyega, yo o le bileditseng mo botsalanong jwa baitshepi jwa Morwa wa gagwe, Jeso Keresete Morena wa rona. 10 Jaanong ke a le gwetlha, bakaulengwe, ka leina la Morena wa rona Jeso Keresete, gore lotlhe le dumalane, mme go se ka ga nna makgamu mo go lona. Ke le gwetlha gore le kopanngwe ga mmogo ka tlhaloganyo e tshwanang le ka maikaelelo a tshwanang. 11 Ka gonne ke rurifaleditswe, bakaulengwe, ke batho ba ga Tloe gore go na le makgamu mo gare ga lona. 12 Ke raya se: mongwe le mongwe wa lona a re ," ke na le Paulo," kana " ke na le Apolose" kana " ke na le Sephase," kana " ke na le Keresete." 13 A Keresete o kgaogantswe? A Paulo o bapoletswe lona? A lo ne le kolobeditswe mo leineng la ga Paulo? 14 Ke leboga Modimo ka gore ga ke a kolobetsa ope wa lona, ko ntle ga Kirisipase le Gaiase. 15 Se e ne e le gore ope a seka a re o kolobeditswe mo leineng la me. 16 ( Ke kolobeditse gape le ba ntlo ya ga Setefanase. Ko ntle ga moo, ga ke itse fa ke kolobeditse bangwe gape.) 17 Ka gonne Keresete ga a nthoma go kolobetsa mme go rera mafoko a a molemo. Ga a nthoma go rera ka mafoko a botlhale jwa setho, gore mokgoro wa ga Keresete o seka wa felelwa ke maatla a o ne. 18 Gonne molaetsa wa mokgoro ke boeleele mo go ba ba swang. Mme mo go ba Modimo a ba bolokang , ke maatla a Modimo. 19 Gonne go kwadilwe, " ke tlaa senya botlhale jwa batlhalefi." Ke tlaa tlhakatlhakanya go tlhaloganya ga ba ba botlhale. 20 O kae motho yo o botlhale? O kae morutegi? O kae moganetsi wa lefatshe le? A Modimo ga a fetola botlhale jwa lefatshe go nna boeleele? 21 Gonne lefatshe mo botlhaleng jwa lone le ne le sa itse Modimo, go itumedisitse Modimo ka boeleele jwa thero go boloka ba ba dumelang. 22 Gonne Bajuta ba batla ditshupetso tsa metlholo mme Bagerika ba batla botlhale. 23 Mme re rera Keresete yo o babopotsweng, sekgoreletsi mo Bajuteng le boeleele mo Bagerikeng. 24 Mme mo go ba ba biditsweng ke Modimo, botlhe Bajuta le Bagerika, re rera Keresete jaaka maatla le botlhale jwa Modimo 25 .Ka gonne boeleele jwa Modimo bo tlhalefile go feta batho, mme bokoa jwa Modimo bo nonofile go feta batho. 26 Lebelelang pitso ya lona , bakaulengwe. Ga se bontsi jwa lona ba lo neng le tlhalefile ka seelo sa setho. Ga se bontsi jwa lona ba lo neng lo nonofile. Ga se bontsi jwa lona ba le tshotsweng mo go tlotlegileng. 27 Mme Modimo o tlhophile dilo tsa boeleele tsa lefatshe le go tlhabisa matlhale ditlhong. Modimo o tlhophile se se bokoa mo lefatsheng go tlhabisa ditlhong se se nonofileng. 28 Modimo o tlhophile se se ko tlase ebile se nyatsegile mo lefatsheng. O ile a tlhopha le dilo tse di lebegang e se sepe, go tlisa tlase dilo tse di tsewang ele tsa tlhwatlhwa. 29 O dirile se gore ope a seka a nna le lebaka la go ipoka fa pele ga gagwe. 30 Ka ntlha ya se Modimo a se dirileng, jaanong le mo go Keresete Jeso, yo o re tliseditseng botlhale go tswa ko Modimong. O nnile tshiamo ya rona, boitshepo, le kgololo. 31 Ka jalo, jaaka temana e re, "a yo ipokang, a ipoke mo Moreneng.¨