Kgaolo 1

1 Paulo, motlhanka wa ga Jeso Keresete, o bileditswe go nna moaposetolo, a kgethetswe go rera mafoko a a molemo a Modimo. 2 A ke mafoko a a molemo a a solofeditseng pele ka baporofiti mo dikwalong tse di boitshepo. 3 Ke ka ga Morwawe, yo e leng kokomane ya ga Tafita ka fa nameng. 4 Moya yo o Boitshepo o ne a bolela fa a na le nonofo ka a tsogile mo baswing-Jeso Keresete Morena wa rona. 5 Ka ene re amogetse tshegofatso le seaposetolo ka go nna kutlo ya tumelo mo gare ga merafe yotlhe, ka ntlha ya leina la gagwe. 6 Le lona le biditswe mo merafeng e, gore le nne ba ga Jeso Keresete. 7 Lekwalo le, ke la ba ba kwa Roma, baratwa ba Morena, ba ba biditsweng go nna batho ba ba boitshepo. A tshegofatso e nne mo go lona , le kagiso go tswa mo Modimong rraetsho le Morena Jeso Keresete. 8 Lantlha, ke leboga Modimo wame ka Jeso Keresete ka ga lona, ka tumelo ya lona e bolelwa lefatshe lotlhe. 9 Gonne Modimo ke mosupi wame, yo ke mo direlang ka mowa wame ka go rera mafoko a a molemo a morwawe, ka fa ke le umakang ka teng gangwe le gape. 10 KE rapela ka nako tsotlhe gore, ka go rata Modimo, ke kgone go tla kwa go lona. 11 Ke eletsa go le bona, gore ke le neele neo ya semoya, go le nonotsha. 12 Ke batla gore re kgothatsane, ka tumelo ya mongwe le mongwe, yame le ya lona. 13 Ga ke batle la tlhoka go itse, bakaulengwe gore, ke eletsa go tla ko go lona, ( mme go fitlhelela gompieno gake ise ke kgone go tla ko go lona), gore ke nne le thobo mo go lona, jaaka baditshaba ba bangwe. 14 Ke kolota botlhe Bagerika le Batswakwa, ba ba botlhale le dieleele. 15 Jaanong, nna, ke ipaakanyeditse go rera mafoko a a molemo, ke rerela le lona ba le kwa Roma. 16 Ga ke tlhabisiwe ditlhong ke mafoko a a molemo, ka ke nonofo ya Modimo mo go mongwe le mongwe yo o dumelang, lantlha mo Mojuteng, le Mogerika. 17 Mo go yone, tshiamo ya Modimo e supiwa go tswa mo tumelong go ya tumelong, jaaka go kwadilwe ga twe, '' Basiami ba tla a tshela ka tumelo''. 18 Bogale ba Modimo bo senotswe go tswa legodimong kgatlhanong le bosenang Modimo le tshiamololo ya batho, ba ka ntlha ya tshiamololo ba lobang boammaaruri. 19 Ka gore se se itsiweng ka Modimo ba a se bona. Modimo o ba butse matlho. 20 Gonne tse di sa bonaleng tsa gagwe, e leng, nonofo ya gagwe e e sa feleng le bomodimo ja gagwe di bonaditswe sentle fa e sale tlholego ya lefatshe mo dilong tse di dirilweng. Ka jalo ga bana seipato. 21 Ke ka gore, le fa ba ne ba itse Modimo ga ba aka ba mo galaletse jaaka Modimo, le fa ele go mo neela tebogo. Ba ne ba nna dieleele mo dikakanyong tsa bone, le dipelo tsa bone tsa ntsholofala. 22 Ba ne ba ithaya ba re ba botlhale, mme ba nna dieleele. 23 Ba ananya kgalalelo ya Modimo yo o sa nyeleleng le setshwantsho sa motho yo o nyelelang, le dinonyane, le diphologolo le digagabi tota. 24 Modimo o ba neetse dikeletso tsa dipelo tsa bone tse di maswe gore ba seka ba tlotla mebele ya bone. 25 Ke bone ba ba anantseng boammaaruri ba Modimo ka maaka, ba ba obamelang ba bo ba direla lebopo mo boemong jwa Mmopi ,yo o galalediwang go ya bosakhutleng. Amen. 26 Ka lebaka le, Modimo o ba neetse mo dithatong tsa bone tse di senang tlotlo, gonne basadi ba bone ba anantse botsalano jwa tlholego le jo e seng jwa tlholego. 27 Fela jalo, banna le bone ba tlogetse botsalano ja bone ja tlholego le basadi ba tuka mo go eletsaneng . Ba ke banna ba ba dirileng ditiro tsa matlhabisa ditlhong le banna ba bangwe, mme ba amogela kotlhao e e ba lebanyeng ka lebaka la makgaphila a bone. 28 Ka ba ne ba sa supe fa ba lemoga Modimo, a ba neelela mo kakanyong ya makgapha, gore ba dire dilo tse di sa tlhamalalang. 29 Ba tladitswe ka tshiamololo, boikepo, bopelotshetlha le bopelompe. Ba tletse ka lefufa, polao, kgotlhang, tsietso le maikaelelo a a bosula. 30 Ke basebi, basinyi ba maina a ba bangwe, e bile ba tlhoile Modimo. Ba dikgoka, ba makgakga le boikgantsho. Ke basimolodi ba bosula, e bile ga ba na kutlo mo batsading ba bone. 31 Ga ba na tlhaloganyo, ga ba tshepege, ga ba na lerato e bile ga ba na boutlwelobotlhoko. 32 Ba tlhaloganya melawana ya Modimo, gore ba ba dirang dilo tseo ba tshwanetswe ke leso. Mme ga ba dire dilo tse fela, gape ba amogela ba ba di dirang.