Kgaolo 1

1 Paulo le Timotheo, batlhanka ba ga Jeso Keresete, mo go lona ba le kgaogantsweng mo go Jeso Keresete kwa Filipo, le Baokamedi le Batiakone. 2 A tshegofatso le kagiso ya Modimo rrarona le Morena wa rona Jeso Keresete e nne le lona. 3 Ke leboga Modimo wame fa ke le gakologelwa nako tsotlhe. 4 Nako tsotlhe mo thapelong nngwe le nngwe yame ka lona lotlhe, ke dira dithapelo tsame ka boipelo. 5 Ke neela malebogo ka go nna ga mmogo ga lona go tsweng mo letsatsing la ntlha go fitlhela gompieno. 6 Ke matlhagatlhaga ka selo se, gore ene yo o simolotseng tiro e ntle mo go lona o tla e feleletsa go fitlhela ka letsatsai la ga Jeso Keresete. 7 Go siame gore ke ikutlwe jaana ka lona lotlhe ka gore ke na le lona mo pelong yame. Le ntse le le badiri ka nna mo tshegofatsong gotlhe le mo bogolegweng jame le mo go ipueleleng game le mo go rereng efangedi. 8 Go nne Modimo ke mosupi wame, gore ke lo eletsa jang mo boteng ja loratong la ga Jeso Keresete. 9 Mme ke rapela se; gore lorato la lona le tshwarelele ga ntsi ntsi mo kitsong le mo go tlhaloganyeng. 10 Ke rapelela se gore le leke le bo le tlhopha dilo tse di bonokopila. Ke rapelela se gore le nne bonolo le sena molato ka letsatsi la ga Keresete. 11 Se ke gore gape le tladiwe ka maungo a tshiamo a a tlang go tswa mo go Jeso Keresete, mo dipakong le dikgalalelo tsa Modimo. 12 Mme jaanong ke batla le itse, bakaulengwe, gore dilo tse di ntiragaletseng di tsamaisitse efangedi hela thata. 13 Ka lebaka le, dikeetane tsame di itsegile mo batlhokomeding ba ntlo ya segosi le mo go mongwe le mongwe hela, 14 mme bontsi ja bakaulengwe mo Moreneng ba ba dumetseng thata ka lebaka la dikeetaneng tsame go bua lefoko ba sa boife. 15 Ba bangwe e ele ruri ba bolela Keresete go tswa mo lefufeng le go gotlhagotlhana, mme le ba ba bangwe go tswa mo thatong e e molemo. 16 Ba ba bolelang Keresete go tswa mo loratong ba itse gore ke beilwe fa go buelela mafoko a a molemo. 17 Mme ba bangwe ba bolela Jeso ka go ikgagapelela le ka maitsholo a a sa siamang. Ba akanya gore ba ntirela mathata mo dikeetaneng tsame. 18 Mme ke eng? le ka tsela epe fela, go tsweng mo go iketsiseng kana mo nneteng, Keresete o a bolelwa, mme mo go se ke a ipela. Ee, ke tla ipela. 19 Go nne ke a itse gore se se tla mperekela mo kgololong. Se se tla diragala ka lebala la dithapelo tsa lona le thuso ya Moya wa ga Jeso Keresete. 20 Ke ka lebaka la matlhagatlhaga a ditsholofelo tsame le boammaruri ja gore ga ke kitla ke swabisiwa. Le fa go ntse jalo, ka kgotlhalo yotlhe yame, jaaka nako tshotlhe le gone jaana, ke solofela gore Keresete a tsholediwe mo mmeleng wame, e kane e le ka botshelo kgotsa loso. 21 Go nne mo go nna go tshela ke keresete mme go swa ke phenyo. 22 Mme fa ele gore go tshelela mo nameng go ntsha leungo mo perekong yame, mme jaanong ke tla seke ka itse gore ke tlhophe eng. 23 Ka gore ke gateletswe ke ditswetso tse tshotlhe ka bobedi. Ke na le keletso ya go emelela go ya go nna le Jeso, mo eleng gore go botoka fela thata. 24 Le fa go ntse jalo go nna mo nameng go botlhokwa ka lebaka la gago. 25 Ka ke rurifatsa ka se, ke itse gore ke tla sala ke bo ke tswelela le lona lotlhe, ka lebaka la tswelelo le boipelo ja lona mo tumelong. 26 Ka jalo, kgalalelo ya lona mo go Keresete Jeso e tla gola ka lebaka la bolengteng jame gape le lona. 27 Le tshware matshelo a lona fela ka maitsholo a a tshwanetseng efangedi ya ga Keresete. Le dire se ka gore, le fa ke tsile go le bona kana ke seo, ke ka utwa gore le eme ka thata jang ka Moya o le mongwe. Ke eletsa go utwa gore le na le moya o le mongwe le bereka ka thata ga mmogo ka lebaka la tumelo ya efangedi. 28 Mme le seka la tshosiwa ke sepe fela se se dirilweng ke baba ba rona. Mo ke sesupo sa tshenyo ya bone, mme mo go lona ke sesupo sa poloko ya lona, se se tswang ko Modimong. 29 Go nne lona le setse le neetswe, ka ntlha ya ga keresete, e seng fela go dumela mo go ene, mme le go boga ka lebaka la gagwe. 30 Ka gore le na le kgotlhang e e tshwanang le e le e boneng le nna, e le e utlwang ka ga nna jaana.