Kgaolo 1

1 Paulo, legolegwa la ga Keresete Jeso, le mokaulengwe Timotheo go Filimone, tsala ya rona e re e ratang le modirammogo, 2 le go Aphia kgaitsadiarona, le go Arekipase lesole mmogo le rona, le go phuthego e e kopannang mo ntlong ya gago. 3 A tshegofatso le kagiso go tswa kwa go Modimo Rara le Morena wa rona Jeso Keresete, di nne le lona. 4 Ke nna ke leboga Modimo wame. Ke go umaka mo dithapelong tsame. 5 Ke utlwile ka ga lorato le o nang le lone le tumelo e o nang le yone mo go Morena Jeso le badumedi botlhe. 6 Ke rapela gore botsalano jwa lorato jwa tumelo ya gago bo nne le maduo ka kitso mo sengwe le sengweng se se molemo, se se magareng ga rona mo go Keresete. 7 Ka gore ke nnile le boitumelo jo bogolo le kgomotso ka lebaka la lorato la lona, ka gore dipelo tsa badumedi di shafadiwa ke wena, mokaulengwe. 8 Ka jalo, le fa ke na le bopelokgale mo go Keresete Jeso jwa go ka go laola gore o dire se o tshwanetseng gore o se dire, 9 mme ka lebaka la lorato, ke a go kopa- Nna, Paulo, monnamogolo, yo jaanong ke leng legolegwa ka ntlha ya ga Jeso Keresete. 10 Ke go kopa mabapi le ngwanake Onesimase, yo ke mo tsetseng mo dikeetaneng tsame. 11 Ka gore o kile a bo a sena mosola mo go wena, mme jaanong o mosola mo go nna le mo go wena. 12 Ke mo rometse kwa go wena, ene yo o leng gaufi le pelo yame. 13 Ke eletsa gore ke ka bo ke ne ke mmeile go bapa le nna, gore a tle a ntirele mo boemong jwa gago, fa ke santse ke le mo dikeetaneng ka lebaka la mafoko a a molemo. 14 Mme ke ne sa batle go dira sepe ntleng le tetla ya gago. Ke ne ke sa batle fa tiro ya gago e e molemo e ka nna ka patiko, mme e nne ka go tswa mo go rateng ga gago. 15 Gongwe, ke ka lebaka le, gore a bo a kgaogantswe le wena ka nakwana, gore o tle o mo amogelele ruri. 16 Ga a kake a tlhola a nna lekgoba, mme o botoka go feta lekgoba, ke mokaulengwe. O a ratiwa, segolo bogolo, ke nna; mme le ke go feta thata, o ratiwa ke wena mo nameng le mo Moreneng. 17 Mme fa ke le modirammogo le wena, mo amogela o kare o amogela nna. 18 Fa a go diretse phoso kana a go kolota sengwe, se beye mo go nna. 19 Nna, Paulo, ke kwala ka letsogo lame; ke tla go duela. Ke sa go gakolole fa le wena o nkolota. 20 Ee mokaulengwe, ntirele lesego mo Moreneng; fa pelo yame boitapoloso mo go Keresete. 21 Ke go kwalela ke na le botlhokapelaelo mo kutlong ya gago. Ke itse fa o tla dira le go feta se ke se go kopang. 22 Le fa go ntse jalo, o mpaakanyetse ntlo ya boroko, ka ke solofela gore ka dithapelo tsa gago ke tla busediwa kwa go wena. 23 Ipaforase, legolegwa mmogo le nna mo go Keresete Jeso, wa go dumedisa. 24 Ga mmogo le badirammogo le nna, e bong; Mareko, Arisetakhase, Temase le Luke. 25 A tshegofatso ya Morena wa rona Jeso Keresete e nne le mowa wa gago. Amen.