Kgaolo 27

1 Jaanong fa moso o tsena, botlhe baperesiti ba bagolo le bagolwane ba batho ba tla kgatlhanong le Jeso ba batla go mmolaya. 2 Ba mmofa, ba mo eteletsa pele ba mo tlisa fa pele ga ga Pilato molaodi. 3 Mme fa Jutas, yoo mo itatotseng a lemoga gore Jeso o bonwe molato wa go bolawa a ikotlhaya abo a busetsa dipapetlana tsa selefera tse di masome mararo ko go moperesita mogolo le bagolwane, 4 mme are "Ke leofile ka go itatola madi aa itshepileng". Mme bare "Seo ke eng mo go rona? Iponele." 5 Mme a gasagasa dipapetlana tsa selefera mo tempeleng, a tsamaya. Mme a ya go ikaletsa. 6 Moperesiti mogolo a tsaya dipapetlana tsa selefera are "Ga go kafa molaong gore re ka baya se mo mabolokelong gonne ke tlhwatlhwa ya madi a motho." 7 Ba buisana ka kgang e gammogo mme ka madi ba reka tshimo ya ga Potifa go fitlha batho ba eseng ba lefelo leo. 8 Ka lebaka le tshimo ene ya bidiwa, "Tshimo ya madi" go fitlha letsatsi le. 9 Jaaong se se neng sa buiwa ke moporofita Jeremia se ne sa diragala, are "Ba tsaya dipapetlana tse di masome a mararo tsa selefera, tlhwatlhwa ee beilweng mo go ene ke batho ba Iseraele, 10 mme ba e neela mo tshimong ya ga Potifa, jaaka Morena a ntaoletse." 11 Jaanong Jeso a ema fa pele ga molaodi, molaodi a mmotsa are, "A o kgosi ya bajuta?" Jeso a mo araba are, "Wena wa rialo" 12 Mme faane a patelelwa ke baperesiti ba bagolo le bagolwane, gaa bua sepe. 13 Mme Pilato a mo raya are, "A ga waa utlwa melato yotlhe e batho ba e go pegang?" 14 Mme gaa araba le fa ele ka lefoko le le ngwefela, mme molaodi one a hakgametse fela thata. 15 Jaanong ko moletlong e ne ele mokgwa wa molaodi go neela legolegwa le le tlhophilweng ke bontsi jwa batho. 16 Ka nako eo ba ne ba nale legolegwa le le sa utlweng a bidiwa Barabase. 17 Jaanong erile ba phuthegile mmogo, Pilato a ba raya are, "Le batla ke le gololele mang? Barabase, kana Jeso yo o bidiwang Keresete?" 18 Ka gore o itse gore bane ba mo tlisa ka ntlha ya go mo fufegela. 19 Faa santse a ntse mo setilong sa katlholo, mosadi wa gagwe a romela molaetsa ko go ene are," A go se nne le sepe se ose dirang mo monneng yo o senang molato yo. Ka gore ke sokotse thata gompieno mo torong ka lebaka la gagwe." 20 Jaanong baperesiti bagolo le bagolwane, ba gwetlha bontsi jwa batho go batla go gololelwa Barabase, mme Jeso a bolawe. 21 Moalodi aba botsa gore, "Ke ofe mo bobeding yo le batlang ke le mo gololela?" Ba re "Barabase". 22 Pilato aba raya are "Ke dire eng ka Jeso yo o bidiwang Keresete?" Ba araba botlhe bare "Aa bapolwe". 23 A bo are "Ka goreng, Ke molato ofe yo a o dirileng?" Mme ba goeletsa ko godimo thata bare "Mmapole" 24 Jaanong fa Pilato a bona gore gaa kake a dira sepe, mme jaanong tlhakatlhakano e simolola, a tsaya metsi a tlhapa diatla mo pele ga bontsi jwa batho, mme are "Ga ke molato mo mading a monna yo o senang molato. Iponeleng" 25 Batho botlhe bare "A madi a gagwe a nne mo go rona le bana ba rona." 26 Mme aba gololela Barabase, mme a betsaJeso mme a ba mo neela gore ba mmapole. 27 Mme masole a puso ba tsaya Jeso ba ya le ene ko ba nnang teng ba kgobokanya masole otlhe. 28 Ba mmetsa mme ba baya mogala o mohibidu mo go ene. 29 Ba dira serwalo sa mitlwa ba se baya mo tlhogong ya gagwe. Mme ba baya thobane mo letsong la gagwe le legolo.. Ba khubama fa pele gagwe ba mo kgoba, ba re "Tshela le baka, Kgosi ya bajuta". 30 Mme ba mo kgwela mathe, ba tsaya thobane ba mmetsa mo tlhogong. 31 Fa ba sena go mo kgobotletsa, ba mo apola kojwana mme ba mo apesa dilwana tsa gagwe, ba mo tsaya ba ya go mmapola. 32 Jaaka ba tswela ko ntle ba bona mmona yo o tswang Serene yo o bidiwang Simon, yo ba mo pateleditseng go tsamaya le bone gore a tsee sefapaano sa gagwe. 33 Ba tla ko lefelong le le bidiwang Gologota, le le rayang "Lefelo la legata." 34 Ba mo neela mofine go nwa o tlhakantswe le santlhokwe. Mme faa utlwa tatso, a seka a nwa. 35 Fa ba sena go mmapola ba kgaogana diaparo tsa gagwe ka go tshela bola. 36 Mme ba nna ba mo lebelela. 37 Mme fa godimo ga tlhogo ya gagwe ba baya mokwalo oo reng "Yo ke Jeso, kgosi ya bajuta." 38 Dinokwane tse pedi di ne di bapotswe le ene, yo mongwe ka fa mojeng , yo mongwe ka fa molemeng. 39 Ba ba neng ba feta ba ne ba mo tlhapatsa, ba tshikhinya ditlhogo tsa bone 40 bare " Wena yo o neng o tsile go senya tempele obo oe aga mo malatsing a le mararo, ipoloke. Fa ole morwa Modimo, fologa mo sefapaanong!" 41 Ka tsela ee ntseng jalo baperesita bagolo ba ne ba mo kgoba, fela jalo le bakwadi le bagolwane, mme bare, 42 "O bolokile ba bangwe, mme gaa kgone go ipoloka. Ke kgosi ya Iseraele. Aa ipholose mo sefapaanong, mme re tlaa dumela mo go ene. 43 O tshepa mo Modimong. A Modimo a mo golole gone jaana faa batla, ka gonne o rile 'Ke Morwa Modimo.'" 44 Mme dinokwane tse di neng di bapotswe nae le tsone tsa bua fela jalo go mo tlhapatsa. 45 Jaanong gotsweng mo oureng ya borataro lefifi la apesa lebopo lotlhe go fitlhela oura ya boferabongwe. 46 nakwana pele ga oura ya boferabongwe, Jeso a lela ka lentswe le le ko godimo are "Eli, Eli lama sabakatane?" Se se rayang gore, "Modimo wame, Modimo wame, o ntlogeletseng?" 47 Fa bangwe ba ba neng ba le foo ba utlwa, ba re "O bitsa Elija." 48 Ka ponyo ya leitlho mongwe wa bone a taboga a ya go tsaya sejana, mme a tshela botsarara mo go sone, a tsenya thobane ya letlhaka mo teng, a mo neela gore a nwe. 49 Ba bangwe ba re, "Mo tlogele. Are bone gore a Elija o tlaatla go mo golola." 50 Mme Jeso a lela gape ka lentswe le legolo mme a neela mowa. 51 Bonang sesiro tempele sa kgaogana gabedi, go tswa ko godimo go ya ko tlase. Lefatshe la tshikhinyega, mafika a phatlakana. 52 Mabitla a bulega, mme mebele yotlhe ya baitshepi ba bantsi ba ba neng ba robetse ya tsosiwa. 53 Ba tswa botlheng mo mabitleng morago ga tsogo ya gagwe. A tsena mo motsing oo boitshepo mme a bonatshega mo go ba bantsi. 54 Mme jaanong fa molebeledi wa masole le ba ba neng ba lebile Jeso ba bona thoromo ya lefatshe le tsotlhe tse di diragetseng ba tshoga fela thata mme bare "Ka nnete yo ene ele morwa modimo." 55 Basadi ba le bantsi ba ba neng ba setse Jeso morago go tswa Galalea go mo tlhokomela ba ne ba le foo ba lebile ba le kgakajana. 56 Mo gare ga bone ga bo go le Marea Magatalena, marea mmago Jakoba le Josefe le mmago barwa Sebetia. 57 Fa go setse gole maitseboa, Ga tla monna wa mohumi go tswa Arematia yoo bidiwang Josefa, yo le ene eleng morutwa wa ga Jeso. 58 A latela Pilato go mmotsa ka mmele wa ga Jeso. Mme Pilato a laola gore ao neelwe. 59 Josefe a tsaya mmele mme ao phutha ka letsela le le phepa 60 mme ao tsenya mo lebitleng le lesha lea neng ale epile mo lentsweng. Mme a kgarameletsa lentswe le letona fa kgorong ya lebitla mme a tsamaya. 61 Marea Magatalena le Marea ba ne ba le foo, ba dutse go lebagana le lebitla. 62 Ka letsatsi le le latelang, le eleng letsatsi morago ga paakanyo, baperesiti bagolo le bafarasai bane ba kgobokanye ga mmogo le Pilato. 63 Ba re, "Rra re gakologelwa gore fa motsiestsi o ane a tshela, o ne are, 'Ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga gape". 64 Jaanong ntsha taolo ya gore lebitla le katiwe malatsi ale mararo. Eseng jalo barutwa ba gagwe ba laa mo utswa mme ba tlaa raya batho bare, 'O tsogile mo baswing ka gangwe' Mme tsietso ya bofelo e tlaa nna maswe thata go gaisa ya ntlha." 65 Pilato a ba raya are" Bayang batlhokomedi. Tsamayang le ye go tlhokomela jaaka le ka kgona." 66 Mme ba tsamaya ba ya go disa lebitla. Ba thiba ka matlapa le go baya batlhokomedi.