Kgaolo 23

1 Jaanong Jeso a bua le barutwa ba gagwe ga mmogo le matshwititshwiti. 2 Are " Bafarasai le bakwadi ba ntse mo boemong ba ga Moshe. 3 Ka jalo seba sele laelang le se dire, dirang dilo tse ebile le etse tlhoko. Mme le seka la dira seba se dirang gonne ba bua see, mme ba a buwa mme ba dire se sele. 4 Ee, batsaya merwalo e bokete go ka rwalwa , ba e beye batho mageteng, mme bone bakaseke ba dire maiteko ape go ka leka go tsholetsa merwalo e. 5 Ditiro tsa bone tsotlhe ba direla go bonwa ke batho. Ba kwala ka dithaka tse ditona mekwalo ya bodumedi ba e beye mo diphateng tsa bone, batswele le go godisa me mmeno ya diapaoro tsa bone gore batho ba bone ele ba itshephi ba bagolo. 6 Barata madulo a segosi ko medirong le ko senagogeng, 7 go tsamaya ba dumedisiwa ka tsela e kgethegile ko marekisetsong gontse gotwe 'dumela moruti' ke batho. 8 Mme ga lea tshwannwa go ka bitswa 'baruti' gone lotlhe le barwarre. Ebile lenale moruti ale mongwe hela. 9 Seitletleleleng go bitsa ope rara wa lona mo lefatsheng gone le nale rara ale mongwe ko legodimong. 10 Ebile oseka wa bediwa moruti ka moruti wa gago o mongwe hela ke keresete. 11 Mme yo e leng motlhaka mo go lona ke ene yotla nnang yoo mogolo. 12 Ope hela yo e kgodisang otla nyenyefadiwa mme yo ikisang tlase ene otla golediwa. 13 Mme go hutsegile lona bafarasai le bakwadi, baitimokanyi ke lona! Le thibela batho go tsena mo pusong ya Modimo, goneng le retleletswe ke go tsena me ebile le ga le letle bao ba ba batlang go katsena go tsena. 14 (Lehutshegile jang lona bafarasai ke lona le bakwadi, baitimokanyi ke lona goneng le utswela batlholagadi.) 15 Lehutsegile jaang lona bafarasai le bakwadi, ba itimokanyi ke lona! Gonne le tsamaya motse le motsana le tlola mawatle go bona mowa ole mongwe. Fale le mmone le modire gona ngwana wa ga satane go menagane ga bedi gonale lona. 16 Lehutsegile jaang bakaidi kelona ba di fufu ha lere 'ga se sepe go ikana ka tempele, mme yo ikana ka gouta e mo tempeleng osantse a dira gatsa maitamo a gagwe. 17 Dieleele kelona tsa difufu! Mo go golo keeng a! Ke gouta kana ke temple yone e e itshephisang gouta mo Modimo? 18 Labo lere 'Ga se sepe go ikana ka aletara. A ke mpho e mo aletareng e ka yone e dirang gore motho atlamege go dira maitlamo a gagwe'. 19 Difofu ke lona! Keng mo go golo ake mpho kana aletara e dirang mpho go itshephisiwa mo Modimo? 20 Ka jalo yo ikanang ka aletara o ikana ka yone le se se mogo yone. 21 Le yo ikanang ka tempele o ikana ka yone le tsotlhe tse di nnang mo go yone. 22 Ke kamong yo ikanang ka legodimo o ikana ka torone ya Modimo le ka modimo yo aleng mogo yone. 23 Lehutsegile jaang bafarasia ke lona bakwadi, gonne le ntsha ditsabosome tsa matlhare le dipeo tsa ditlhatshana tse di fang dijo tatso, mme le ikgatholositse tse di bothokwa tse di mo molaong jaaka- thokgamo, kutwelobotlhoko le tumelo. Mme tse le santse la di dira le sa lebale tse lentseng le di dira gole pele. 24 Bakaedi ke lona ba difofu le etse tlhoko go diragatsa melawana e senang boleng jo bogolo mme le tlhogela ya boleng jo bogolo. 25 Lehutsegile jang bafarasai ke lona le bakwadi, batimokanyi ke lona, gonneng le phephafatsa bontle jwa sejana mme moteng le setlogele se le makgaphila, letletse bopelotshetlha jwa go ikgobokanyetsa le tsela ba bangwe. 26 Difofu ke lona tsa Bafarasie! tlhatswa boteng ba sejana pele gore senne phepha moteng le kwante. 27 Lehutsegile jaang bafarasai ke lona le bakwadi, le ntse fela jaaka dipupu tse di ntle ka fa ntle mme mo boteng jwa tsone go bolokilwe marapo a baswi le tsotlhe tse di leswe. 28 Ka tsela e tshwanang le itshupa mo bathong le le batho ba ba itshekileng mme moteng le tletse boitimokanyi le boleo. 29 Lehutsegile jaang lona bafarasai le bakwadi, baitimokanyi ke lona, le epa mabitla a baporofita le go rethefatsa mabitla a basiami. 30 Le bua jaana lere ' Fa reka bo re tshedile ka nako tsa borrarona nkabo re sa nna le go tsaa karolo mo go bolaeng baporofita. 31 Le sa itse gore go bueng jalo le tswa basupi ba gore le barwa babolai. 32 Le gotsitse bo ralona tota. 33 Dinoga ke lona, lona ba sika la bo noga, tota le ka tlolwa ke go tsena ka molelo wa bobipo jwang tota? 34 Jaanong , bonang Fa ke le romeletse baporofiti, batlhalifi le bakwadi. Bangwe ba bone le a ba bolaya le go ba bapola mo mekgorong. Le ba bangwe la ba kgwathisa mo di senagogeng le go koba koba gotswa mo toropong enngwe goya ko go enngwe. 35 Se etla nna maduo gore madi otlhe a a tshologileng a baitshephi atla batliwa mo ditlhogong tsa lona, go simolola ka ga Abel wa moitshephi go fitlha ka a ga Sakaria morwa Barakia yo ane a bolawa fa gare ga tempele le aletara. 36 Ka boamaruri kea leraya, dilo tse tsotlhe ditla diragalela kokomane e. 37 Jerusalema, Jerusalema wena yo o kgobotletsang le go bolaya borofita ba keba rometseng ko go wena! Fela ja ka koko e kgobokanya dikokwana, ke sale ke eleditse go go ikgobokanyetsa, mme wena o gane se! 38 Bona, ntlu ya gago esetse ele letlotla. 39 Ke go itsesi jaana gore ga o kitla o mpona go fitlhela o bua jana ore " Go sego ena yo atlang ka ntlha ya leina la Modimo"