Kgaolo 17

1 Morago ga malatsi a marataro,Jeso a tsaya Petere,Jakoba le morwarraagwe Johane baya ko godimo ga thaba ka bo bone. 2 One a fetoga mo ponong ya bone.Sefatlhego sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, diaparo tsa gagwe tsa phatsima jaaka lesedi. 3 Bonang mme ga bonala mogo bone Moshe le Elijah ba bua le ene. 4 Petere a araba Jeso are, ''Morena, go siame mo go rona go nna fa.Fa o eletsa ke ka aga metlaagana ele meraro,wa gago, waga Moshe le waga Elija.'' 5 a santse a bua, bonang leru le letona le le legalalelang laba khurumetsa, ga tlhaga lentswe le legolo mo lerung lere,'' yoo ke morwaake yo ke ipelang mo go ene mo reetseng." 6 Fa barutwa ba le utlwa, ba tshoga mo gogolo ba obama ka difatlhego tsa bone. 7 Jeso atla aba tshwara are," emelelang le se boife." 8 Ba leba ko godimo ba bona ope fa ese Jeso fela. 9 Jaaka bane ba fologa thaba,Jeso aba laela, gore "ba se bolelele ope ka ponelo pele e go fitlhela Morwa Motho a tsosiwa mo baswing gangwefela". 10 Barutwa ba botsa Jeso gore," Ke eng bakwadi bare Elija o tshwanetse gotla pele?" 11 Jeso aba araba are "Elija o tlela go buseletsa dilo tsotlhe. 12 Ke a le bolelela Elija o setse a tlile,mme ga le mo molemoge. Ka jalo ba dira tsotlhe tse ba neng ba di batla mo go ene. Ka tsela ee ntseng jalo Morwa Motho o tlaa bugisega mo diatleng tsa bone." 13 Jalo barutwa ba tlhaloganya gore one a bua le bone kaga Johane wa Mokolobetsi. 14 Fa ba fitlha ko batho ba leng bantsi teng,monna mongwe atla ko go ene a khubama ka mangole fa pele ga gagwe are, 15 "Morena utlwela morwaake, o awa o bobola mo gogolo. O nna a wela mo isong le mo metsing. 16 Ke kile ka motlisa ko barutweng ba gago ga baa kgona go mofodisa." 17 Jeso a araba are, "Dikokomane tse di senyegileng tse di sa dumeleng, ke tshwanelwa ke go nna le lona ka lebaka le le kae, ke le utlwela botlhoko gole kae? Mo tliseng kwano." 18 Jeso amo kgalemela, letimona la tswela ntle.Mosimane a fodisiwa ka nako eo. 19 Barutwa batla ko go Jeso mo sephiring, ba botsa bare," Ke eng resa kgona go koba mowa oo maswe?" 20 Jeso a ba raya are, "Ke ka gore le tumelo potlana. Ke le bolelela boammaruri ka re le fa lena le tumelo e potlana ee kana ka thapo ya mositara, o ka raya thaba ware, 'Fuduga fa o fudugela fale,' e tlaa fuduga mme ga gona sepe sese thata mogo lona. 21 (Mme mohuta o wa letimona o tswa hela ka thapelo le itimo dijo.) 22 Fa bale ko Galalea, Jeso a raya barutwa ba gagwe are," Morwa Motho o tlaa neelwa mo diatleng tsa batho. 23 Ba tlaa mmolaya, ka letsatsi la boraro o tlaa tsosiwa."Barutwa ba futsafala fela thata. 24 Fa ba fitlha ko Kaperename, banna ba ba neng ba tsaya lekghetho batla ko go Petere ba mo raya bare, "A moruti wa gago gaa ntshe sephatlo sa lekghetho (shekele)?" 25 A mo araba are "Ee". Petere a tsena mo ntlong, Jeso a bua le ene pele are, "O akanyang Petere? Dikgosi tse di mo lefatsheng, di tsaya lekghetho mo go bo mang? Mo morafeng wa bone kana bathong ba mafatshe a sele?" 26 Fa Petere are, "Mo bathong ba mafatshe a mangwe," Jeso a mo raya are, "Morafe o ba o busang ga o a tshwanela duele. 27 Gore mokghethisi wa lekgetho a seka a leofa, tsamaya o ye ko lewatleng, o latlhele letlowa, mme tlhapi ee tsenang pele oe tshware.Fa o e bula molomo wa yone, o tlaa bona madi( shekele) mo go yone. E tsee oe neele mokghethisi ele tuelo ya gago le nna."