Kgaolo 16

1 Bafarasai le Basadukai ba tla ko go Jeso ba mo leka bare aba sepegetse sesupo go tswa legodimong. 2 Mme aba araba are, "Fa gole maitseboa lare,"seemo sa bosa sea nametsa ka gore loapi le lehibidu." 3 Mo mosong, "Lare seemo sa bosa se tlaabo se bifile, ka gore loapi le lehibidu ebile go thibile. Le itse go ranola tebego ya seemo sa bosa, mme gale itse go ranola dipaka tsa nako. 4 Ba ba bosula le kokomane ya diaka ba batla ditshupetso, mme ga ba kitla ba bona tshupetso epe ko ntle ga tshupetso ee bonweng ke Jona." Jeso aba tlogela a tsamaya. 6 5 Barutwa ba ya ntlheng e nngwe, mme ba lebetse go tsaya senkgwe. 6 Jeso a ba laela gore, "Le itise mo sebidisong sa bafarasai le basadukai". 7 Barutwa ba tsietsega,ba ipotsa gore a ke ka gore ga baa tsaya senkgwe". 8 Jeso a lemoga se, mme a ba raya are "Lona bale tumelo potlana, le tsiediwa ke eng a ke gore ga lea tsaya senkgwe? 9 A galo gakologelwe ka dinkgwe tse tlhano tsa dikete tse tlhano, le gore le kgobokantse mebanki e le kae? 10 Kana dinkgwe tse supa tsa batho bale dikete tse nne, le gore o tsere mebanki ele kae? 11 Ga lo tlhaloganye eng fa ke bua ka senkgwe? Lo itiseng mo sebidisong sa bafarasai le basadukai. 12 Mme ba lemoga gore gaa bue ka sebidiso mo senkgweng, ikeleng tlhoko mo dithutong tsa bafarasai le basadukai. 13 Fa Jeso a tsena ko Khaesara Philipo, a botsa barutwa ba gagwe are, "Batho bare Morwa Motho ke mang?" 14 Bangwe ba araba, "Ba re ke Johane wa Mokolobetsi , bangwe bare Elija, bangwe bare Jeremiah, kana mongwe wa baporofiti". 15 A ba raya are, " Lona lare ke mang? 16 Ga araba Simon Petere are "O Keresete Morwa Modimo yo o tshelang." 17 Jeso amo araba are, "O segofetse wena Simon Petere morwa Johane, gonne ga oa senolelwa ke nama le madi, mme o senoletswe ke Jehofa Modimo yoo kwa legodimong. 18 Kare go wena o Petere, mo lefikeng le ke tlaa aga kereke yame, mme dikgoro tsa bobipo ga di kitla di e fenya. 19 Ke tlaa go neela dilotlele tsa bogosi jwa legodimo . Sengwe le sengwe sese bofiwang mo lefatsheng se tlaa bofiwa le ko legodimong, se ose bofololang mo lefatsheng se tlaa bofologa le kwa legodimong." 20 Mme Jeso a laela barutwana ba gagwe gore ba se bolelele ope gore ke Keresete. 21 Ka nako eo Jeso keresete o bolelela barutwa ba gagwe gore o ya Jerusalema, waa go bogisiwa ke dilo tse dintsi mo diatleng tsa bagolwane, baperesiti, le bakwadi, o tlaa bolawa aba a tsosiwa ka tsatsi la boraro. 22 Mme Petere o mo tseela fa thoko a mo kgalemela are ;ago se nne jalo ka wena morena, 23 Mme Jeso agadima amo leba, "are tloga fa go nna saatane! Ose kgoreletsi, gao kgathale ka dilo tsa Modimo, o kgathala ka dilo tsa batho." 24 Jeso keresete are go barutwana ba gagwe; yoo batlang go ntshala morago a itatole boene, a tsee mokgoro a ntshale morago. 25 Lefa ele mang yoo batlang go boloka botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela, mme ope yoo latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha yame o tlaa bo bona. 26 Go thusa eng motho a boelwa ke lefatshe, mme a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe? Motho oka ntshang eng go emisetsa botshelo jwa gagwe. 27 Mme Morwa Motho o tlaa tla ka kgalalelo ya ga rara le baengele. Mme o tlaa duela mongwe le mongwe goya ka ditiro tsa gagwe. 28 Ka nnete kea lo raya, bangwe ba lona fa ga ba kitla baa swa go fitlhela ba bona morwa motho a tla ka bogosi jwa gagwe."