Kgaolo 4

1 Ka jalo, a re nneng kelotlhoko gore go seka ga nna le ope wa lona yo go lebegang a ka seka a fitlhelela tsholofetso e le e tlogeletsweng go tsena mo boitapolosong jwa Modimo. 2 Ka gore re boleletswe dikgang tse di molemo fela jaaka bone. Mme molaetsa o wa seka wa tswela mosola ba ba neng ba seka ba lomagana mo tumelong le ba ba neng ba nna kutlo. 3 Ka gore rona ba re dumetseng ke rona ba re tla tsenang mo boitapolosong joo, fela jaaka a buile, "jaaka ke ikana mo bogaleng jwame, ga ba kitla ba tsena mo boitapolosong jwame. "Le fa go ntse jalo, ditiro tsa gagwe tse di bopilweng di ne tsa feleletswa ko motheong wa lefatshe. 4 Ka gore o buile golo gongwe ka letsatsi la bosupa, "Modimo o ne a itapolosa ka letsatsi la bosupa go tswa mo ditirong tsotlhe tsa gagwe." 5 O buile gape a re, "Ga ba kitla ba tsena mo boitapolosong jwame." 6 Ka jalo, ka gore go santse go beetswe bangwe gore ba tsene mo boitapolosong ja gagwe, le ka gore bontsi jwa BaIseraele ba ba utlwileng mafoko a a molemo ga ba tsena ka lebaka la go tlhoka kutlo, 7 Modimo gape o tlhomile letsatsi lengwe le le bidiwang "Gompieno." Morago ga malatsi a le mantsi, a bua ka Tafita, jaaka go ne go sa tswa go buiwa, "Gompieno fa o utwa lentswe la gagwe, le seka la thatafatsa dipelo tsa lona." 8 Ka gore fa e le gore Joshua o ba file boitapoloso, Modimo o ka bo a sa bua ka letsatsi le lengwe. 9 Ka jalo go santse go na le letsatsi la Sabata le le beetsweng batho ba Modimo. 10 Ka gore yo o tsenang mo boitapolosong jwa Modimo o setse a itapolositse mo ditirong tsa gagwe, fela jaaka Modimo a dirile go tswa mo go tsa gagwe. 11 Ka jalo a re eletseng go tsena mo boitapolosong joo, gore go se nne ope yo o tla dirang botlhoka kutlo jo ba bo dirileng. 12 Ka gore lefoko la Modimo le a tshela ebile le a dira, le bogale go feta tshaka e e magale mabedi. Le phunyeletsa le tlhabe go kgaoganya maikutlo le moya, le ditokololo le moko. Le kgona go itse dikakanyo le maikaelelo a pelo. 13 Ga gona sepe se se bopilweng se se fitlhegileng fa pele ga Modimo. Le fa go ntse jalo, sengwe le sengwe se bulegile fa pele ga matlho a ene yo re tshwanetseng go arabela ko go ene. 14 Ka jalo, e re ka re na le moperesiti yo mogolo yo o fetileng fa gare ga magodimo, Jeso Morwa Modimo, a re tshwareleleng ka thata tumelo ya rona. 15 Ka gore re na Moperesiti mogolo yo o ka re utlwelang botlhoko mo makoeng a rona. Le fa go ntse jalo, re na le mongwe yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe fela jaaka re lekwa, ko ntleng fela ga gore ga a na sebe. 16 A re tsamaeng ka botlhokapoifo ko setilong sa bogosi sa tshegofatso, gore re kgone go amogela mautlwelobotlhoko le tshegofatso go re thusa ka nako ya botlhoki.