Kgaolo 11

1 Jaanong tumelo ke tlhomamiso ka dilo tse di solofetsweng ka bosenapelaelo. Ke bosupi ka ga ditiragalo tse di iseng di bonwe. 2 Gonne ka ntlha ya se, borraaronamogolo ba amogelesegile ka lebaka la tumelo ya bone. 3 Ka tumelo re tlhaloganya gore lebopo le tlhodilwe ka taolo ya Modimo gore se se bonalang se be se sa dirwa ka dilo tse di neng di bonala. 4 E ne e le ka tumelo gore Abele a ntshetse Modimo setlhabelo se se botoka mo go sa ga Kaene, ka se, o ne a kaiwa a le tshiamo, mme Modimo a bua sentle ka ga gagwe ka ntlha ya setlhabelo sa gagwe, mme ka tumelo Abele o santse a bua le fa a sule. 5 E ne e le ka tumelo gore Enoke a tseelwe kwa godimo gore a seka a bona loso la gagwe.'' O ne a seka a bonwa ka gore Modimo o ne a mo tsere.''Gonne pele ga a tsewa go ne go rurifaditswe gore o itumedisitse Modimo. 6 Jaanong ko ntle ga tumelo ga go kgonafale go mo itumedisa, gonne go tlhokafala gore mongwe le mongwe yo o tlang mo Modimong o tshwanetse gore a dumele gore o teng gape gore ke moduedi wa ba ba mmatlang. 7 E ne e le ka tumelo gore Noa a neelwe molaetsa wa Modimo ka ga dilo tse di iseng di bonale, ka boifa Modimo a aga areka go boloka ba ntlo ya gagwe. Ka go dira jalo, a sekisa lefatshe mme a nna moja boswa wa tshiamo ka ntlha ya tumelo. 8 E ne e le ka tumelo gore Aborahama, fa a ne a bidiwa , a utlwa mme a ya kwa lefatsheng le a neng a tshwanetse go le amogela e le boswa. A tswa, a sa itse gore o ya kae. 9 E ne e le ka tumelo gore a bo a tshedile jaaka motswakwa mo le fatsheng la tsholofetso. O ne a nna mo tanteng le Isake le Jakoba, bajaboswa mmogo ba tsholofetso. 10 Gonne o ne a lebeletse pele motse o o nang le metheo, motse o motshwantshi le moagi wa one e tla a nnang Modimo. 11 E ne e le ka tumelo, le fa Sara a ne a le moopa, gore Aberehame a nne le bokgoni jwa go nna le ngwana. Se se diragetse le fa a ne a godile thata, gonne o ne a kaile yo o neetseng tsholofetso a ikanyega. 12 Jalo he,go tswa mo monneng a le mongwe yo o neng a lebega a sule, go tshotswe ba ba tshwanang le dinaledi mo legodimong ba bontsi jwa bone bo tshwanang le ditlhaka tsa motlhaba go bapa le lewatle, o o sa balegeng. 13 E ne e le mo tumelong gore tsotlhe tse di swe di sa amogela tsholofetso. Jalo he, morago ga go ba bona le go dumedisa ba ba kgakala,ba dumela gore ke batswakwa le batshabi mo lefatshing. 14 Gonne ba ba buang dilo tse, ba bontsha fa ba batla legae. 15 Fa ba ne ba akanya ka lefatshe le ba tswang kwa go lone,ba ka bo ba nnile le sebaka sa go boa. 16 Mme ka fa go ntseng ka teng, ba eletsa lefatshe le le botoka, eleng la selegodimo.Ka jalo Modimo ga a tlhabiwe ke ditlhong go bidiwa Modimo wa bone gonne o ba baakanyeditse motse. 17 E ne e le ka tumelo fa Aberehama, fa a lekwa, a neela Isake, E ne e le morwa wa gagwe yo o nosi yo a mo neetseng,ene yo o amogetseng ditsholofetso. 18 E ne e le Aberahama yo go neng go buiwa le ene gotwe, ''Dikokomane tsa gago di tlaa bidiwa ka Isake. 19 Aborehama a ipolelela gore Modimo o kgona go tsosa Isake mo baswing, go ka nna gatwe, o mo amogetse go tswa mo go bone. 20 E ne e ntse e le ka tumelo ka ga dilo tse di tlang gore Isake a segofatse Jakoba le Esau. 21 E ne e le ka tumelo gore Jakobe fa a swa a segofatse barwa Josefa, Jakoba a obamela a ikaegile mo godimo ga thobane ya gagwe. 22 Ene e le ka tumelo gore Josefa fa bokhutlo jwa gagwe bo atametse, a bua ka go tswa ga bana ba Iseraele kwa Egepeto mme a ba laela ka marapo a gagwe. 23 E ne e le ka tumelo gore Moshe, fa a sena go tsholwa, a fitlhwa dikgwedi tse tharo ke batsadi ba gagwe ka ba ne ba bona fa e le ngwana yo montle. Ba ne ba sa tshabe taolo ya kgosi. 24 E ne e le ka tumelo gore Moshe fa a sena go gola a gana go bidiwa morwa wa morwadia Faro. 25 Boemong ja moo, a ikgethela go sotlega le bana ba Iseraele go na le go ja monate wa nakwana wa boleo. 26 O ne a ipolelela gore go rolega seriti sa go sala Keresete morago e ne e le dikhumo tse dikgolo go feta matlotlo a Egepeto. 27 E ne e le ka tumelo gore Moshe a tlogele Egepeto. O ne a seka a tshaba tshakgalo ya kgosi gonne o ne a itshokile jaaka e kare o ne a bona ene yo o sa bonaleng. 28 E ne e le ka tumelo gore a tshegetse moletlo wa tlolaganyo le go kgatshiwa ga madi,gore mosinyi yo o bolaang bana ba ntlha a seka a ama bana ba ntlha ba basimane ba Iseraele. 29 E ne e le ka tumelo gore ba kgabaganye lewatle le le lehibidu jaaka ekete ke lefatshe le le omeletseng. E rile baegepeto ba leka go dira se,ba komediwa. 30 E ne e le ka tumelo gore dipota tsa Jeriko di wele fa fatshe morago ga go di dikologa malatsi a supa. 31 E ne e le ka tumelo gore Rahabe wa seaka a seka a swa le ba ba neng ba sena kutlo ka gore o ne a amogela ditlhola ka kagiso. 32 Ke ka bua eng go feta fa? Nako e tla a mpalela fa nka bua ka Gidione,Baraka,SamesoneJefotha,Tafita,Samoele le ka ga baporofiti ba bangwe. 33 E ne e le ka tumelo gore ba bo ba fentse magosi,go dira go sa gobelelwe le go amogela tsholofetso.Ba tswala melomo ya ditau, 34 ba tima nonofo ya molelo, ba falola bogale jwa tshaka, ba fodisiwa malwetse, ba nna bagaka mo ntweng, ba fenya mephato ya ntwa ya merafe e sele. 35 Basadi ba amogela baswi ba bone ka tsogo ya baswi. Ba bangwe ba bogisiwa, ba sa amogele kgololo gore ba tle ba bone tsogo ya baswi e e botoka. 36 Ba bangwe ba lekilwe mo go kgobobiweng le go titewa, le go golegwa ka dikeetane ba tsenngwa mo kgolegelong. 37 Ba kgobotlediwa ka matlapa. Ba kgaogangwa ga bedi ka shage. Ba bolawa ka tshaka. Ba apara matlalo a dihutshane. E ne e le batlhoki, ba gateletswe, ba sotlwa. 38 Lefatshe le ne le sa ba tshwanele. Ba ne ba kaila kaila mo dikgweng, mo dithabeng, mo dikgageng le mo mesimeng ya lefatshe. 39 Le fa batho ba ne ba amogelesegile mo Modimong ka ntlha ya tumelo ya bone, ga ba aka ba amogela tsholofetso. 40 Modimo o re rulaganyditse sengwe se se botoka, gore kwa ntle ga rona, ba ne ba ka seke ba ntlafadiwe.