Kgaolo 6

1 Bakaulengwe, fa motho a tshwarwa mo boleong, lona baitshepi mmuseletseng mo tshiamong ka mowa o o ikobileng. Dira se le itisitse gore le seka la wela mo thaeloeng. 2 Rwadisanyang merwalo gore le diragatse molao wa ga Keresete. 3 Fa mongwe a akanya gore ke sengwe e se sepe, o a itsietsa. 4 Mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhatlhoba tiro ya gagwe,jalo o tla abo ana le sengwe mo pelong se a ka ipelafatsang ka sone, a sa itshwantshanye le ope. 5 Gonne mongwe le mongwe o tlaa sikara morwalo wa gagwe. 6 Yo o rutilweng lefoko o tshwanetse go kgaogana dilo tsotlhe tse di siameng le moruti wa gagwe. 7 O seka wa tsiediwa. Modimo ga a sotlwe,gonne sepe se motho a se jwalang, ke sone se a tlaa se robang. 8 Yo o jwalang peo a e lemela mo go tse di bosula, o tlaa roba tshenyego.Mme yo o lemang peo mo tshiamong o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng go tswa mo Moyeng. 9 Re seka ra lapisiwa ke go dira bomolemo, go nne mo nakong e e tshwanetseng re tlaa roba thobo fa re sa ineele. 10 Jalo,fa rena le sebaka,a re direleng botlhe bomolemo,mme bogolo jang ba ntlo ya tumelo. 11 Bona ke dirisa ditlhaka tse ditona jang gole kwalela ka mokwalo wame. 12 Ba ba batlang go lebega sentle mo nameng, ba le pateletsa gore le rupisiwe.Ba dira se gore ba seka ba tlhokofadiwa ka lebaka la mokgoro wa ga Keresete. 13 Le mo go bone ba ba ithupisitseng ga ba tshegetse molao, mme ba batla le rupisiwa gore batle ba ikgantshe ka nama ya lona. 14 Mme a go seka ga nna okare ke a ikgantsha fa e se ka mokgoro wa Morena Jeso Keresete, Ke ka ga ene gore lefatshe le bapoletswe nna, nna ke bapoletswe lone. 15 Go rupa kana go sa rupa ga se sepe, mme se se botlhokwa ke sebopiwa se sesha. 16 Go botlhe ba ba tshelang ka seelo se, a kagiso le mautlwelo botlhoko di nne le bone le mo Eseraele wa Modimo. 17 Go tswa fano go ya pele a ope a se ntshwenye, go nne kena le matshwao a ga Jeso mo mmeleng wame. 18 A tshegofatso ya Morena wa rona Jeso Keresete e nne le moya wa lona bakaulengwe. Amene.